text
stringlengths
0
40.2k
"Akiše a fetola a raya Dafite a re: “Ke a itse fa o le molemo mo matlhong a me, o ntse jaaka moengele mongwe wa Modimo; le fa go ntse jalo dikgosana tsa Bafilisitia di rile: ‘Ga a ye le rona tlhabanong.’"
"“Gonne batho ba me ba boeleele, ga ba nkitse; ke bana ba sekamatagwa, ga ba na tlhaloganyo epe; ba botlhale go dira bosula, mme ga ba na kitso ya go dira molemo.”"
"O se ka wa tsaya tuelo mo go ene, le fa e le koketso; o boife Modimo wa gago, gore ngwana wa ga rraago a nne nao."
"Ba retelelwa ke go mo fetola mo dilong tse."
"CACH ke thulaganyo ya nakwana e e tlhodilwe ke Lefapha la Thuto le Katiso tse di Kgolwane go thusa baithuti ba ba solofetsang ba ba batlang go tsenela Thulaganyo ya Katiso le Thuto ya Morago ga go Konosetsa Dithuto tsa Sekolo (PSET) mme ba tobane le dikgwetlho tsa gore:
Ba ne ba dirile kopo ka nako kwa ditheong tsa thuto tseo ba neng ba rata go ithuta kwa go tsona mme dikopo tsa bona tsa
se amogelwa mme jaanong go setse go le thari gore ba ka dira dikopo kwa ditheong tse dingwe.
Badiradikopo ba ba solofetsang ba ba sa dirang dikopo ka ntlha ya fa dipholo tsa bona tsa Mophato wa bo 11 di ne di le bokoa mo ba neng ba ka se amogelwe mme ga jaanong ba itemogela gore dipholo tsa bona tsa Mophato wa bo 12 di tokafetse mo di ka ba kgontshang go ka amogelwa.
Ba ne ba sa dira kopo go sa le gale ka mabaka a a rileng kgotsa ba ne ba sa dira kopo ka gotlhe.
Ba se na kitso ya gore ba tla ithutela eng morago ga materiki.
Ba na le kakanyo ya gore ba ka ithutela eng fela ba se na bonnete jwa gore se ba batlang go ithutela sone ke sone naa.
Ditirelo tse di abelwang ke CACH
Dikopo tsa ditšhono tsa go ithuta tsa PSET (kwa diyunibesiting, kwa diyunibesiting tsa thekenoloji, kwa dikholejeng tsa Katiso le Thuto ya Diatla le ya setegeniki (di-TVET) mmogo le kwa Bothating jwa Lekala la Thuto le Katiso (di-SETA).
Tshedimosetso ka ga thuso ya matlole (tshedimosetso ka NSFAS).
Ditirelo tsa tlhabololo ya ditiro (kaelo,
tshedimosetso, keletso le togomaano ya ditiro/tshedimosetso ka ga tlamelo ka matlole).
Tshegetso ya Badiri ka Diatla (Tikwatikwe ya Naga ya Tshegetso le Tlhabololo ya Badiri ka Diatla).
Tirelo ya CACH e simolola go dira ka la bo 3 Ferikgong 2018, morago fela ga go rebolwa dipholo tsa ditlhatlhobo tsa Setefikeiti sa Naga sa Dithuto tse
Dikgolwane (NSC) mme e tla dira go fitlha kwa bofelong jwa Tlhakole 2018.
CACH e dira jang?
Kgato ya bo 1: Barutwana ba ba sa amogelwang kwa ditheong tsa thuto tseo ba di kwaletseng, kgotsa bao ba batlanang le ditšhono tsa go ithuta tsa PSET, ba
ka ikgolaganya le CACH ka mogala o o sa duelelweng wa (0800 356 635), ka
webesaete (www.dhet.gov.za) kgotsa ka sms ya ka gale (ka go romela leina le nomoro ya lekwaloitshupo ka SMS mo go 49200) gongwe ba ka ikwadisa mo inthaneteng. O ka iponela gape tshedimosetso e e tseneletseng mo tsebeng ya bona ya Facebook ya CACH_SA.
Kgato ya bo 2: Badiredi ba tikologo eno ba tla letsetsa mogala moithuti yo a solofetsang ntle le tuediso epe, go tswa kwa tikwatikweng ya megala mme ba kwadise dintlha tsa gagwe tsotlhe tse di tlhokegang mo sefalanatshedimosetsong sa CACH, ba bontsha seo moithuti a batlang go ithutela sone le porofense eo a batlang go ...
Kgato ya bo 3: Dintlha tsa modirakopo le dipholo tsa gagwe tsa materiki di tla
netefadiwa mme tsa romelwa kwa ditheong tsa thuto e kgolwane go leka gore gongwe di
ka amogelwa le go ka tsengwa mo lenaaneng la bone.
Kgato ya bo 4: Tirelo ya CACH e tla totobatsa tshedimosetso e e ka ga morutwana morago ya e romela kwa ditheong tsa thuto tseo di santseng di na le diphatlha. Mo go nang le diphatlha mme badirakopo ba kgotsofatsa ditlhokwa, ditheo tseo di tla ikgolaganya le badirakopo ka tolamo.
Dintlha tse di tshwanetsweng go elwa tlhoko
CACH ga e kitla e solofetsa badiradikopo gore ba tla bona phatlha ya go ithuta.
CACH ga e kitla e itse gore setheo se tla ikgolaganya neng le modirakopo gore a tsengwe mo phatlheng e e bulegileng.
CACH e thusa jang badiradikopo ba ba sa itseng gore ba ka ithutela eng kgotsa bao ba sa kgotsofatseng ditlhokwa tsa go ka tsenela thulaganyo ya PSET?
Tirelo ya CACH gape e dira mmogo le Ditirelo tsa Naga tsa Tlhabololo ya Ditiro (CDS) eo
e thusang ka tshedimosetso e e tletseng le dikeletso mabapi le ditiro tse di farologaneng ka ga:
Ditsela tsa go dira ditiro le dithuto tse di farologaneng.
Itlhophelo ya dirutwa tse di maleba.
Tshedimosetso ka ga ditlhatlhobo tsa tlaleletso.
Tlhabololo ya dipholo tsa materiki.
Ditšhono tsa go ithutela pele tse di abiwang ke thulaganyo ya PSET.
Ditsela tsa tlamelo ka matlole.
Tshedimosetso ka ga thulaganyo ya go dira kopo le letlha la bofelo.
Go dira kopo ka kgweditharo ya pakapedi le letlha la go ikwadisa.
Motho mang le mang yo a nang le kgatlhego ka ditirelo tsa CSD a ka ikgolaganya le CSD mo Mogaleng wa bona wa Thuso ka ditsela tse di latelang:
Romela potso ya gago ka SMS kgotsa romela ‘please call me’ mo go: 072 204 5056, kgotsa
Letsetsa nomoro ya: 086 999 0123, e e leng mogala o o kopanelwang go tloga ka Mosupologo go fitlha ka Labotlhano magareng ga 8:00 mo mosong le 4:30 mo maitsiboeng.
Romela imeile mo go:
careerhelp@dhet.gov.za
Etela kantoro ya rona e e leng mo 123 Francis Baard Street, Pretoria.
Mo Facebook mo go:
www.facebook.com/careerhelp, kgotsa
Mo Twitter mo go:
www.twitter.com/rsacareerhelp
Ditšhono tsa puso tsa tlamelokamatlole Go na le ditšhono tse di farologaneng tse di leng teng fa o batla go ithuta kwa ditheong tsa thuto e kgolwane,tse di rebolwang ke Sekema sa Dibasari sa Funza Lushaka, Sekema sa Bosetšhaba sa Thuso ya Ditšhelete ya Baithuti (NSFAS), Lenaane la Phitlhelelothuto la Bamotseselegae, Le...
Ke mang yo a tshwanetsweng ke go dira kopo ya go thusiwa ka matlole?
Barutwana ba Aforika Borwa ba ba batlang go tsweletsa dithuto tsa bona mo ditheong tsa thuto e kgolwane ba lalediwa go etela Kantoro ya Thuso ka Matlole a go Tsweletsa Dithuto Pele kwa setheong se sengwe le se sengwe sa thuto seo ba batlang go tsena kwa go sona."
"Bangwe ba ditshika tsa bomorwa Kohathe, ba ne ba na le metse ya melelwane ya bone e tswa lotsong lwa Eferaime."
"Tlhatloso ya Lekgetho mo Tshiping le mo Alumeniamong ya Dinagakopano tsa Amerika."
"Bona, o utlwile se dikgosi tsa Asiria di se diretseng mafatshe otlhe ka go a senyetsa ruri; mme wena a o tlaa falodisiwa?"
"Tla re tlotleng bao ba e ikentshitseng setlhabelo mo kgaratlhong ya gore re nne le kgololesego ka maitlhomo a gore ka le lengwe la matsatsi re keteng go nna le ditshwanelo re le batho mme re tswelele go gata mo mositong wa gore batho botlhe ba nne le seabe mo ikonoming jaaka borakhukhu ba rona ba re bonetse seno kwa p...
"Hee, ntlo ya ga Jakobe, ntlong, mme a re sepeleng mo leseding la ga Jehofa."
"Ga go bonolo go tlhaloganya leboko gangwe fela , ka dinako dingwe o ka patelesega gore o le bale gabedi , gararo kgotsa go feta . "
"Le gale , karolo ya 22 ( 7 ) ya Molao wa Tsamaiso ya Bantsho , wa bo38 wa 1927 , e ne e tlamela ka mokgwa mongwe wa tshireletso ya lelapa le le latlhilweng fa monna a tlhokafala . "
"le ntša ya phefo; le phoko; le kgosi e e se nang ope yo o ka e tsogelang go tlhabana nayo."
"O supegetsa Naledi moriti wa setlankana sa gagwe sa lenyalo le sa tlhalo tse a tsileng potsolotsong ka tsone."
"Balaodi ba ne ba sa itse kwa ke ileng gone, le se ke se dirileng; le gone ke ne ke ise ke se bolelele Bajuta le fa e le baperesiti, le fa e le magosana, le fa e le balaodi, le fa e le ba bangwe ba ba dirang tiro."
"[Ntlhakakaretso: Ditebogo tsa tlotlo tse di tsentsweng mo Kuranteng ya Puso 24155 ya 6 Sedimonthole, 2002 le mo Kuranteng ya Puso 25213 ya 25 Phukwi, 2003.]"
"Fa o anaanela mokgwa o wa tlhaeletsano o tla kgona go tlhaloganya gore goreng baithuti ba sa bone maduo a le kgolo botlhe . "
"Seno ke go tlotlomatsa mapodisi le maresefe bao ba bolailweng ba le mo tirong, bao ba duetseng ka tlhwatlhwa e e kwa godimo go gaisa mo go direleng naga ya bobona."
"Ke tlaa gasamisetsa Baegepeto mo merafeng, ke tlaa ba phatlalaletsa le mafatshe; mme ba tlaa itse fa ke le Jehofa.”"
"Lefelo le le sa bonaleng le legolo mo dijanageng ke ka fa letlhakoreng la moja kwa morago ; leka gore o seke wa kgweetsa fa lefelong leno le le sa bonaleng . "
"Tsholofetso ya Boitekanelo e tshwanetse go diragala gotlhe foo bašwa ba ka fitlhelwang ka digongwana . "
"Lemoga diponagalo tsa meraba ya molomo ( popego , puo , segalo , mmuo , jalo jalo ) tse di dirang gore e tshwanele mabaka a a farologaneng le bareetsi / babuisi / babogedi ba ba farologaneng . "
"Buisa 2.2 mo go Sikwane le bakwadi ka ena ( tsebe 9 ) le Malope , tsebe 1 - 5 , gore re tle go sekaseka ditlhaloso tsa bona , mme morago o arabe dipotso tse di tlhagelelang fa tlase . "
"Morutwana mongwe le mongwe o fiwa nako ya go kwala mafoko a a simololang ka tlhaka e e mo motlhaleng o o kwa godimo . "
"Ditiro tsa tumalano ya thobalano le bana ( petelelo go ya ka molao o o kwadilweng ) le ditiro tsa thobalano e e seng ka fa tumalanong le bana bangwe 35 ( go tlhasela motho ka tsa thobalano go ya ka molao o o kwadilweng ) , tse di umakilweng mme di le go ya ka molawana wa 15 le wa 16 wa "" Criminal Law Amendment Act "...
"Setheo sa Tirelo ya Tlhaeletsano se tlamela ka ditirelo tse di botlhokwa tsa tlhaeletsano go GCIS le mafapha a mangwe a puso , ditirelo tsa ka tsa fa gare le ka go di ntshetsha kwa ntle . "
"E seng go go thusa go kwala dithutiso le diasaenemente . "
"Ga twe bontsi mo go bone ba kgatlhwa ke dilwana tseo mme ba felela ba di rekile ka go farologana ga tsone, go ya ka fa ba di ratileng ka teng."
"Kasete ya Puso ( 18340 ) 1 Diphalane 1997 . "
"Batho ba nwa bojalwa thata . "
"Moše a bua le Arone le bomorwawe ba ba setseng, Eleasare le Ithamare a re: “Tsayang tshupelo ya boupe e e setseng ya ditshupelo tsa ga Jehofa tse di dirwang ka molelo, lo e jele fa sebesong e sa bedisiwe; gonne e boitshepo jo bo itshepileng;"
"Le fa re setse re fetile palo e e neng e lebilwe ya batlhankedi ba sepodisi ba le 152 000 ba ba thapilweng ke Tirelo ya Sepodisi sa Aforikaborwa , e bile re tokafaditse lenaneo la katiso , re lemoga ntlha ya gore seabe sa se ga se ise se lekane gore mongwe le mongwe a ka ikutlwela tshireletsego le pabalesego e e lekan...
"Mapodisi a goromente (security Police) a bile a motshwara mme a fetogela ma-comrade a gagwe: A dumela fa ele mongwe wa leloko la mokgatlho ga e sale 1956, mme a nna mongwe wa dipaki tse di thusitseng go bona katlholo ee mo isitseng kwa kgolegelong."
"Jalo Jehofa a golola Iseraele ka tsatsi leo mo seatleng sa Baegepeto; mme Iseraele a bona Baegepeto ba swetse fela fa dintshing tsa lewatle."
"Dikgang12...Tona ya pele ya matlotlo Pravin Gordhan a re baeteledipele ba ga jaana ba reteletswe ke go tshola boeteledipele ba maemo a kwa godimo jo bo seriti...Mosetsanyana wa dingwaga di le 15 o tshwerwe ke sepodisi sa Jozini kwa bokone ba Kzn, ka magatwe a go belega lesea le go le kgema go fitlha le tlhokafala. Les...
"Se se tla tokafatsa tirelo ya badirisi le go fokotsa tlhwatlhwa ya go dira kgwebo mo Aforikaborwa . "
"Ba ba nyalanyeng ke a ba laya, mme e be e se nna, e le Morena, gore a mosadi a se tlogele monna wa gagwe."
"[KI 169 e emetswe ke k. 5 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bolesomesupa wa Molao wa 2012.]"
"Corneels Schabort o botsa maloko a badiri gore ba ka eletsa go engwa nokeng jang mo tirong."
"“molao wa boditšhabatšhaba” o akaretsa –"