text
stringlengths
0
40.2k
"(ii) go rulaganya phuruphutso ya mongwe le mongwe, mme fa go le"
"Baemedi bao ba neng ba tsenetse Indaba eo ba ikanne gore “mokgatlho o itse dikgwetlho tsa botlhokatiro, khumanego le botlhokatekatekano jo bo tobaneng le Ikonomi ya Aforika Borwa mmogo le baagi."
"Borena jwa me bo ntse boša mo go nna, bora jwa me bo šafetse mo seatleng sa me."
"Go šakgala ga goyo mo go nna. A bo lokhi le lorwana di ka ka tsa tlhabana le nna ka ntwa! Ke ne ke tlaa di tshologela ke di fisa mmogo."
"E rile ke didimetse, marapo a me a onala ka go bokolela ga me ka letsatsi lotlhe."
"Reetsawww.iono.fme384906"
"A ke sengwe se sennyennyane mo go lona, go re, lo fudile mo mafulong a a molemo, fa e bo ne ne fano mo go setseng ga mafulo a lona lo go gataka ka dinao? Le go re lo nole metsi a a itshekileng, fa e bo ne ne fano a a setseng lo a kgobera ka dinao?"
"Nngwe ya dipotso tsa gore a mme tamati ke morogo e santse e kile ya sekwa kwa kgotla tshekelong ya United States ka ngwaga wa 1893. Mme kgotla e tlhalositse ka molao motheo wa Nix v. Hedden gore tamati ke morogo ka gore e wela mo dituelong tsa ngwaga wa 1883 tsa dithoto tse di tswang kwa mafatsheng a sele. Kgotla kg...
"E tlaa nna seromololo sa bone mo seromololong sa lefatshe, e le sengwe se se boitshepo jo bo itshepileng, fa molelwaneng wa Balefi."
"Modimo wa re: “Nnyaa, Sara mosadi wa gago o tlaa bona ngwana wa mosimane nao, o tlaa mo raya leina o re, Isake. Ke tlaa tlhomamisa kgolagano ya me nae, le losika lwa gagwe sefularong sa gagwe go nna kgolagano e e sa khutleng."
"Bokgoni jwa go tlhaeletsana ka molomo ke karolo ya botlhokwa e re ka se e aroganyeng le tsamaiso e ntle ya sekolo kgotsa kgwebo nngwe le nngwe . "
"Tlhama sekai se se boammaaruri ka go tlotla ka dintlha tse di thulanang , ka sekai ditshwani le dipharologano ; mesola le go tlhoka mesola ga tsone , jj . mo serutweng se o dirang ka sone . "
"Memorantamo , o na le ditsebe di le 4 . "
"Tlhaba kgobe ka mmutla."
"Go ya ka bodulo, puo ya Setswana e phatlhaletse thata mo Aforika Borwa mme e buiwa thata ke merahe ee ko Bechuanaland Protectorate, Bokone-Botlhaba jwa Profinsi ya Kapa (British Bechuanaland and Griqualand West), Bogare, Bophirima ba Free State le Bophirima ba Transvaal. Legale bogolo ba ditulô tse di mo sekakeng se s...
"Dibui ka go farologana di ba eleleditse masego mo lenyalong la bona le go ba gakolola go se latlhe kgabo ya lorato lwa bona . "
"DINTLHAPOPO TSA BOTLHOKWA . "
"Kabinete e atlenegisitse gore go phasaladiwa Molaotlhomo wa 2018 wa Letlhomeso la Kgolaganyo mo Kaseteng ya Puso gore setšhaba se dire ditshwaelo."
"Gonne Johane o na a reile Herote a re: “Ga o a letlelelwa go nyala mosadi wa ga monnao.”"
"GO TSHWANETSE GO LEBELELWE THATA DIKGETSI TSE MO GO TSONA MAKWALO A SIMOLOLANG A LE MO FAELENG E NNGWE MME DINTLHA TSA BOTLHOKWA DI FETOGELE KWA MORERONG O MONGWE , GORE MORERO O NNE MO FAELENG E E MALEBA . "
"Foo, ga bua motshola phafana yo mogolo, a raya Faro a re: “Ke gakologelwa melato ya me gompieno."
"Ka go tshwara dipotsolotsano le baagi a dirisa dipotso tse di bonolo . "
"A boela mo botshelong jo bo makgwakgwa jo a neng a tumile ka jone."
"Shipley o tlhalosa fa terama e le motshameko- fao re fitlhelang setlhopha sa badiragatsi ba diragatsa fa pele ga ba bangwe . "
"Botsa baithuti dipotso tse di tla ba gogelang mo ditiragalong tsa buka ka ga maitemogelo a bona mo botshelong . "
"Ditiragalo tse di Tlang."
"Jaanong go saletse motlhophi go tsaya tshwetso."
"Komiti ya Leruri ya Tokafatso ya Boleng jwa Botshelo le Seemo sa Basadi - e na le ditokololo tsa Kokoanopeomolao ya Bosetšhaba le ba Lekgotla la Bosetšhaba la Diporofense . "
"Mme ga go a nna jalo ka baithuti ba le bantsi ba ba tlang bong ba ithuta , ka sekai , Seesemane jaaka puo ya ntlha e go okeditsweng ka yone . "
"Gompieno go na le ketsaetsego ya gore melao e mentsi ga e salwe morago ka tshwanelo, mme go botlhokwa gore re se ka ra letlelela bophelo jwa segompieno jo bo tletseng ka mafaratlhatlha a tekenoloji go re fenya. Ka gompieno bontsi ba rona re phela mo metseng setoropo re tshwanetse re tsamaye ka thuto e bagolo ba rona b...
"A tlhagisa ka tatelano maitemogelo a gagwe . "
"Aforika Borwa e santse e eme ka le le reng e batla go nna le metswako e e farologaneng ya motlakase go tsamaisana le dintlha tse e batlang go di fitlhelela tsa tlhabololo mmogo le go bapa le dintlha tse e di ipeetseng mo phetogong ya maemo a loapi fa ka fa letlhakoreng le lengwe e netefatsa gore ga e tlhaele motlakase...
"Boleng jwa tlhatlhobo ya rona go bo amane fela ka diteng le ka mefuta ya dipotso mme se se botlhokwa gape ke gore re botsa jang dipotso tseo . "
"Mme mo gae mo, Baile Mareme le badiri-ka-ene ba tshwere phage ka mangana go tlhama mareo le go rotloetsa tiriso ya one, segolobogolo a Setswana."
"jaaka ba ba hutsafalang, le mororo re itumela ka metlha yotlhe; jaaka bahumanegi, le mororo re humisa batho ba le bantsi; jaaka ba ba se nang sepe, le mororo re ruile dilo tsotlhe."
"Matseno Barutabana ba kgato ya motheo ba ba rategang, Leroborobo la COVID-19 le re tlogetse ka kgwetlho e tona mo go tsa thuto. Fa re tla bo re boela kwa tirisong e e tlwaelegileng ya dikolo, rotlhe re tshwanetse go dira ka botlhale le ka natla go netefatsa gore tsamaiso ya dithuto e boela mo maemong. Se, se botlhokwa...
"Le ke lone lefoko le tota re batlang go bua ka lone ka bangwe ba le tlhalosa ka go sele."
"Ka nako ya loso la gagwe o ne a dira jaaka Motsamaisikakaretso kwa Setheong sa Tshireletso ya Puso."
"Poeletso e kgonisa mokwadi go tsweletsa se a neng a sa se fetsa mo molathetong o o fa godimo . "
"Dijalo tse thibelang ditshenekegi : se se diragala fa o dirisa dijalo tse di thibelang ditshenekegi . "
"Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 20 DBE/Ngwanaitseele 2014 NSC POTSO 14: GA SE LORATO – MJ Magasa Araba potso e le NNGWE go tswa mo terameng e o e buisitseng. Sekaseka kgotlhang ya terama ya Ga se Lorato mme o bue gore a e agegile sentle kgotsa nnyaya. Boleele jwa tlhamo e nne mafoko a a ka nnang 400–450. [25] KGOTSA POTSO...
"Kabinete e dumeletse gore go ka isiwa kwa Palamenteng Molaotlhomo wa Difofane tsa Baagi wa 2018."
"Ke mofuta wa terama o o tlhokang didiriswa tsa thekenoloji , jaaka khamera , dipone , jj . ( tse dingwe ke dife ? ) . "
"Bangwe ba ka botsa jalo, fela jaaka wa nako ele, e re a bodiwa gore morokotso ke eng, a re ke interest."
"Metlhala e , e tla diragatswa mo bokaelong jwa pholesi le mo mealothulaganyong semelao e e leng teng , jaaka Melawana-Tiragatso ya Thuto e merataro , Molao wa Pholesi ya Thuto wa Bosetšhaba ( 1996 ) , Molao wa Dikolo wa Aforikaborwa ( 1996 ) le Molao wa Bothapi jwa Barutabana ( 1998 ) . "
"Mo tlhabololong ya Dipolelo tsa Kharikhulamo e Ntšhwa , go nnile le tshusumetso e e tiileng mo kamogelong le go netefatsa seabe se se botlhokwa sa IK , segolo tebang le thuto ya saense le thekenoloji . "
"Go golaganya ka botlalo go tiisa le tlhagisa ditsela tsa phitlhelelo le tsa tiro mo porofensing . "
"“Ke gone jaana, Modimo wa rona, o mogolo, o o thata, Modimo o o boitshegang, o o tshegetsang kgolagano le boutlwelobotlhoko, ka re: A tapisego yotlhe e e tsileng mo go rona, le mo dikgosing tsa rona, le mo dikgosaneng tsa rona, mo baperesiting ba rona, le mo baperofeting ba rona, le mo go borraetsho, le mo bathong bot...
"Tlhokego ya matlole le badiri ba Boitekanelo le Kwa tirong ke mabaka a a tlholang go retelelwa ke go kgotsofatsa ditlhokego . "
"Motlakase Kabinete e tlhaloganya dikgoreletso le ketsaetsego e e bakiwang ke tlamelo e e sa tlhomamang ya motlakase e e itemogelwang ke maAforika Borwa mo matsatsing a go sa le gale."
"A roma kwa go Jehošafate kgosi ya Juta, a re: “Kgosi ya Moabe e ntsuololetse; a o tlaa ya le nna go tlhabana le Bamoabe?” A re: “Ke tlaa ya; nna ke ntse jaaka wena, batho ba me ba ntse jaaka ba gago, dipitse tsa me di ntse jaaka dipitse tsa gago.”"
"Rosgeo ya Russia e tla dira tiro ya ditlhotlhomiso tsa jeoloji ga mmogo le go tlhotlhomisa metswedi."
"E rile ka letsatsi la 24 la kgwedi ya 11, e e leng kgwedi ya Sebate, ka ngwaga wa bobedi wa ga Dario, lefoko la ga Jehofa, la tla kwa go Sekaria morwa Berekia, morwa Ito moperofeti la re:"
"Re dirisitse lereo la dikwakwabidi go nolofatsa mogopolo wa Matlotlo a Batho ba ba Tshelang , le e leng tlhaloso ya UNESCO ya lone lereo le . "
"Ditiro tsotlhe tsa Tlhatlhobo e e Tlhomameng di tshwanetse go lekanyediwa ka maitlhomo a go tlhomamisa boleng le go netefatsa gore maemo a a maleba a tshegeditswe . "
"Go ne go na le bommantswitswidi ba molao ba le barataro, ba bangwe ba patilwe ke bathusi."
"Morero e bo e le go tsamaisa nako le go tlhagiso maikutlo a boitumelo go itumeletswe phafana kgotsa bojalwa jo . "
"Dintlha jaaka go lolamisa bokana ba diruiwa mo mafulong , go dikolosa diruiwa mo mafulong , go tlhokomela gore go nne dimela tse di lekaneng go thibela gore mmu o se kgogolege , go nosetsa ka tshwanelo , go busetsa kotlo e e ntshitsweng ke dimela , ke dintlha tse dingwe fela tsa go kgona go sireletsa meamuso ya tlhole...
"Tatlhegelô mo boleng e bakwa ke bogodi, konalô le tlhoko-tiriso (go se nne le mosola)."
"Mokgweetsi wa serori o tshwanetse go emisa go se nene go naya tsela , go iketla gongwe go emisa , fa go tlhokega go naya sebaka motsamayakadinao yo o kgabaganyang tsela fa makgabaganyong a batsamayakadinao . "
"Meretlwa e bogolo jo bo mo magareng, e kgolokwe mme e na le mmalanyana wa loapi o montsho fa e butswitse."
"ya re fa ba na le mafoko mangwe ba tle mo go nna; mme ke atlhole gare ga motho le wa ga gabo, ke be ke ba itsise ditao tsa Modimo, le melao ya one.”"
"A re se se ka fela fa bomme ba ka iperekela go fokotsa go ikaega thata ka borre, le go dira gore ba itshepe."
"Selo se se nkutlwisa botlhoko fela thata mo ebileng ke na le go ipotsa gore a le mphirimetse kgotsa jang."
"Ramabole wa pele, Othusitse The Great Motau, a re dingwaga di le dintsi, mabole a ntse a lebega a sa dire sentle go le kalo."
"Morena Modimo o bua jaana, a re: “E tlaa re mogang lefatshe lotlhe le itumelang, wena ke go swafatse."
"Fa morutabana a ruta paka ya lediri , tumelo le kganetso , a ka supetsa barutwana ditshwantsho tse di supang tiro e e diragalang . "
"Ka ntlha ya fa go ya ka Molao wa Temogo ya Manyalo a Setso , lenyalo la setso le newa maemo a a tshwanang le a lenyalo la molao wa selegae mme le ka khutlisiwa fela ka tlhalo , go khutlisiwa ga lenyalo la setso le gona go kwa ntle ga taolo ya dikgotlatshekelo tsa setso.10 Le gale Dikgotlatshekelo tsa Setso di sa ntse ...
"“Loso, phenyo ya gago e kae? Loso, lobelela lwa gago lo kae?”"
"Dintlhakaelo tsa Boitekanelosi ya bašwa le bošwa di tshwanetse go ikamanya le pholisi ya bosetšhaba ya bašwa . "
"Esau a aga mo thabeng ya Seire; Esau ke ene Etome."
"Mofilisitia a tla a atamela kwa go Dafite, monna yo o tshotseng thebe a mo eteletse pele."
"Tona Ralotsia a re go supagetse kgolo mo temong ya lefatshe leno ka balemi ba kgwebo ba tsweletse ka go bona dipoelo."
"le bangwe ba bomorwa baperesiti ba tshotse dinaka; Sekaria morwa Jonathane, morwa Shemaia, morwa Matania, morwa Mikaia, morwa Sakure, morwa Asafe;"
"A mo raya leina a re: Noa; a re: “Yo, o tlaa re gomotsa ka ga tiro ya rona, le ka ga letsapa la diatla tsa rona, ka ntlha ya mmu o Jehofa o o hutsitseng.”"
"Fa dithutiso tseno di akanyediwa mme baithuti ba di fitlhela di le mosola , e nna tse di nang le boleng ( Joubert et al . , 2006 : 90 ) . "
"Rre Ngake o netefaditse fa ba ofisi ya ga molaodi le bogogi jwa khansele ba tlaa kopana le diofisi tse di maleba go bona gore ba dira jang ka seemo se."
"Ee, Jehofa o tlaa aba se se molemo; le lefatshe la rona le tlaa ntsha totafalo ya lone."
"Ke gone jaana tlhalefang, lona dikgosi; lo rutege, lona baatlhodi ba lefatshe."
"Khuduthamaga e ka tlhomamisa nako le boleele jwa nako ya dipitso le dipaka tsa khunologo."
"Re tshwanetse go emisa go reka dilwana tse di utswitsweng , tse di rotloetsang bosenyi . "
"dikgaolo tsa botswana botswana kgaogantswe ka dikgaolo tsa botsamaisi di le lesome le borataro mo go tsone go dikgaolo tsa selegae di le lesome le tse thataro tsa setoropo di tsamaisiwa ke bogogi jwa mo gae bo le lesome le borataro dikhansele tsa kgaolo dikhansele tsa metse setoropo le dikhansele tsa toropo sale ka ng...
"Neela mabaka a le matlhano . "
"“Ke amogetse tlhopho eno ya me ke itse sentle ka dikgwetlho tse go lebanweng le tsone e seng fela ke setheo seno, mme tse gape di lebanang ditheo tsa thutogodimo mo nageng yotlhe le kwa dinageng di sele.”"
"Mme gape ke ka rata gore letsatsi lengwe ke etele kwa Cuba le kwa Jamaica kgotsa kwa Caribbean."
"Go na le bokao jwa ditšhelete ka ntlha ya fa Molaotlhomo o tlhama maphata a a ntseng a se gona . "
"Ke nnete , go totobetse gore magareng ga 1995 le 2003 , ikonomi e bakile ditiro tse dintšhwa di ka nna milione o le mongwe le halofo ; e bile se se itumedisang thata , ditiro di ka nna 500 000 ka ngwaga magareng ga 2004 le 2007 . "
"water metsi ke nngwe ya dilo tse di direlweng ke modimo tse le gore ga gona ope motho yo ka di dirang lefatshe ka bophara gore pula nne teng re tlhokana le pula metsi bonwa ko di nokeng lewatle le lecha jalo jalo metsi ke ngwe ya dilo tsa tlholego tse di direlweng ke modimo tse motho ka sekeng kgone go tshela ntle le ...
"Bonang, nna le bana ba Jehofa o ba nneileng, re beilwe go nna ditshupo le dikgakgamatso mo Iseraele, di tswa mo go Jehofa wa masomosomo, yo o agileng mo thabeng ya Sione."
"Maemeditota a mmui le mmuisiwa a a leng mo bontsing le a mmuiwa a bopiwa ka go dirisa popi e e tshwanang le thuanyisediri ya setlhopha le kutu -ôna . "
"Go ikuelwa go ma Aforika Borwa otlhe go Dira Seabe sa Gago go fedisa boswa jwa kgethololo ka go keteka Dingwaga di le 20 tsa Kgololesego, tse di supang ntle le pelaelo epe gore Aforika Borwa ke naga e e botoka go na le jaaka e ne e ntse ka 1994."
"Dona Dona Motho Wa BathoO RE BONE RE GO BONE"
"Ga nna jalo ka ngwaga wa 2015."
"Dingwaga di ka nna 20 tse di fetileng, o ne a thusa fela thata ka go tlhoma NWU Staff Sports Club kwa Mahikeng, mme le gompieno jaana o sa ntse a sa ipone tsapa go rotloetsa badiri gore ba nne le seabe."
"Foo Eliesere morwa Dotafahu wa Mareša a bolela ka ga Jehošafate, a re: “E re ka o ikopantse le Ahasia, Jehofa o sentse ditiro tsa gago.” Mme Dikepe tsa thubega, tsa ba tsa retelelwa ke go ya Tarešiša."
"Gongwe le ene o ne a simolola go tlhaselwa ke boboi…!"
"E rile a ntsha la gagwe, mookamedi wa molelwane wa Phitshane Molopo, mme Malebogo Jorowe, le ene o ne a supa gore motsamao wa batho o ne oketsegile mo malatsing a boikhutso jaaka ba ne ba tswa ba bo ba tsena mo lefatsheng leno. O ne a re o etse tlhoko gore palo ya ba ba neng ba tsena mo lefatsheng leno e ne e feta ya ...
"Batho ba ba mo ditlhopheng tseno ba lemoga gore go na le tse dintsi tse di tlhokwang le tse di batlwang magareng ga bona . "
"kgotlatshekelo ya Molaotheo go amogelwa semmuso."
"Re tlaa tswelela re kopa dithuso mo pusong, dikomponeng le mo setshabeng."