text
stringlengths
0
40.2k
"le bone ba dira ka boferefere, ba ya ba ipaya barongwa, ba baya dikgetse tse dikgologolo mo dieseleng tsa bone, ba tsaya makuka a a onetseng a bojalwa a a kgautlhegileng, a a tlamakeletsweng;"
"Ke ne ka simolola pele ka go ba tlhatlhelela dithuto tsa go dira dikganedi tsa magodu mo mabating le diokomelabagwe."
"Bana ba na le ditshwanelo tsa go sireletswa kgatlhanong le go itlhokomolosiwa , go sotliwa mmogo le otlhaiwa go gotseneletseng ke batsadi le batlhokomedi . "
"Mme ka utlwa monna yo o apereng leloba, yo o okameng metsi a noka, ka a tsholeletsa legodimong seatla sa gagwe se segolo, le seatla sa gagwe sa molema, mme a ikana ka ene yo o tshelang ka bosakhutleng, a re: “Go tlaa nna ka motlha le metlha, le bontlhanngwe jwa motlha; e tlaa re ba sena go wetsa go thubaganya thata ya...
"Ka fa tlase ga tlhaolele , Dithulaganyo tsa Kitso ya Tlholego ( DKT ) mo Aforikaborwa , gammogo le badiri mo dithulaganyong tsa go nna jalo , di ne di kgaphetswe kwa thoko , di gateletswe le go sotliwa . "
"Kabinete e amogetse tumelano e e utlwanetsweng ya go busetsa kgasong diteišene tsa setšhaba tsa diyalemowa di le 15 tse di neng di ileditswe ke Sentech ka ntlha ya fa di ne di retelelwa ke go duelela dituelelo tsa kgaso, fa go ntse go lebelelwa ditharabololo tsa pakatelele."
"Lo nne thata le pelokgale, lo se boife, lo se ka lwa ba tshoga; gonne Jehofa Modimo wa gago ke ene yo o tsamayang nao; ga a ketla a go tlhaela le fa e le go go latlha.”"
"Kabinete e amogetse le go akgola mafapha a puso le ditheo tsa yona tseo di tswelelang go iponela dipholo tsa boruni tse di wetsang matshwafo ka tolamo."
"Ditshwetso tsa Kabinete."
"Ga jaana ditona tsa basadi ke 43% mo WEBTOKEN na le basadi ba bantsi mo maemong a boeteledipele mme go na le ditheo tsa puso tse di leng teng go tokafatsa kemo ya basadi."
"Ka ntlha ya moo o mogolo, Jehofa Modimo; gonne ga go na ope yo o tshwanang nao, le gone ga go na Modimo ope kwa ntle ga gago, ka fa go tsotlhe tse re di utlwileng ka ditsebe tsa rona."
"Ditlhopho tsa pusoselegae di farologane le ditlhopho tsa bosetšhaba mme di tlhoka gore o ikwadise mo otong e o nnang mo go yona."
"Letsholo la SAFE le eteletswepele ke Lefapha la Thuto ya Motheo, ka tirisanommogo le Letlole la Naga la Tshwaraganelo ya Thuto mmogo le ba Setheo sa Nelson Mandela.3 Kabinete e ikuela mo makaleng otlhe a setšhaba, go akaretsa le dikgwebo tse dikgolo le mekgatlho e e seng ya puso, go tshegetsa letsholo le le ikaeletsen...
"Lillian Lesejane mo dikganngeng tsa ura le ura tsa Motsweding FM, mme tsona ke di simolola ka tse di reng......Tona ya mapodisi Bheki cele o ikuetse gore mafapha a le mabedi a thuto a tsereganye tebang le go thusa go fedisa tiriso dikgoka e tsweletseng mo dikolong le diUniversity.Mokhuduthamaga wa Absa, Yasmin Masithe...
"NAFVSA ke karolo ya Diakhaefe tsa Bosetšhaba ka fa tlase ga Lefapha la Botsweretshi le Setso . "
"Mme Amasia morwa Joaše kgosi ya Juta a nama a sa tshedile morago ga loso lwa ga Joaše morwa Jehoahase kgosi ya Iseraele, dinyaga di le 15."
"Ba ba ananyang Jehofa ka modimo o sele, mahutsana a bone a tla ntsifadiwa; ditshupelo tsa bone tse di nowang tsa madi, ga nketla ke di isa, le fa e le go umaka maina a medimo ya bona ka dipounama tsa me."
"Go lwantsha bosenyi."
"Molemo wa thutapuo o ile kwa godimo , ka jalo , ga go na gore re ka kgapelathoko thutapuo . "
"Batho bangwe le bona ba simolola go goroga , ba tsile maitisong . "
"ka re lefoko leo, le lona lo a le itse, le le boletsweng mo lefatsheng lotlhe la Jutea, go simolola kwa Galilea, morago ga kolobetso e Johane o e rerileng;"
"Nna e leng nna, ke Jehofa, mme kwa ntle ga me ga go na mmoloki ope."
"E tona le namagadi di tshwantse go nna dingwaga tsa bonnyennyane (minimum), le bokete go ka tsala."
"A nna moimana, a bona ngwana wa mosimane, a re: “Modimo o ntlositse kgobo.”"
"gonne ba tsholotse madi a baitshepi le a baperofeti, o bile o ba nositse madi; go ba tshwanetse.”"
"Nama ya tlhabelo ya ditshupelo tsa gagwe tsa kagiso tsa go leboga, e jewe ka letsatsi le o isang seromololo sa gagwe ka lone, a a se tlogele sepe sa fitlhelwa ke moso."
"Tlhaeletsano le ditogamaano tsa papatso tsa rona di tla tshwanela ke go akanngwa ka mokgwa o e leng gore Malatsi a Bosetšhaba ka kakaretso le Malatsi a Ngwao-Boswa tota , a ngoka bontsi jwa setšhaba sa Aforikaborwa . "
"Kabinete e romela ditebogo tsa yona kwa mekgatlhong e e seng ya puso (di-NGO) ka tshegetso e ba nnileng le yona moo ba dirisaneng mmogo le puso mo go abelaneng ka thuso mo nakong ya merwalela e e neng e runtse kwa dikarolong tse dingwe tsa naga ya rona."
"Ka jalo , re ba rotloetsa go dirisa PostBank go netefatsa gore go nna le tlhabologo . "
"Leba go dula ga bone, le go nanoga ga bone; ke ntse sefela sa bone fela."
"Bogosi bo ne bo rerwa ke ba ntlo ya bogosi, bangwe le bangwe ba itse gore ba tlhomagana jang ka ditso tsa bone kgotsa ka fa ba tsalwang ka teng."
"O ne a sireletswa ke batshegetsi mme a tahware dikopano mo sephiring."
"Se se ka nna sa ka rekwa go tswa mo setlamong sa didiriswa tsa dinotshe."
-1
"Ka setlwaedi, o ne a fetola: “Ke gopola se Leah go begilweng a se buile kwa New York fa moambasatara wa Norway a ne a tlile go bega gore o fentse Nobel Peace Prize ya 1984.”"
"Difofu ke lona; se segolo ke eng? A tshupelo, kgotsa sebeso se se itshepisang tshupelo?"
"Le fa go ntse jalo monna yo re a mo itse kwa o tswang teng; mogang Keresete o tlang, go tlaa bo go sa itse ope kwa o tswang teng.”"
"Karoganyo e , e thusa gore lefoko lengwe le lengwe le nne karolo ya polelo . "
"Batho botlhe ba Juta ba tsaya Usia yo o ne a le dinyaga di le 16, ba mo dira kgosi mo boemong jwa ga Amasia rraagwe."
"O amogelwa ke Lillian Lesejane mo dikganngeng tsa rona tsa ura le ura go simolola ka ura ya Some le bongwe go fitlha mo thapameng, mme tla re di simolole ka tse di reng....Basetsana ba le babedi ba ba bolailweng beke e fetileng ba tlile go fitlhiwa gompieno kwa Stella gaufi le Vryburg mo profenseng ya North West.Mokga...
"Bapisa ditekanyetso tsa tekolo tsa Kereiti 0 le 1 malebana le ditlhaka le mafoko . "
"E bake keletso ya go rua kuno kgotsa tirelo eo . "
"Tirelo e ke ya mahala kwa ditlilikining le maokelo a puso . "
"(ii) go etleetsa tshomarelo ya tlhago; le"
"foo wa bo bona, wa bo kakanya; wa bo tlhomamisa, ee, wa bo tlhotlhomisa."
"Seno le sone se bopa karolo ya tekolo ya kgatelopele mme o tshwanetse go tswelela pele go lekola kgatelopele ya gago ka go tlatsa dipotso tse di maleba kgotsa ditiro tsa yuniti nngwe le nngwe ya thuto . "
"Se ke se ratang go se botsa ke gore lona ba kwalang Letlapa le, le tsena Kereke efe?"
"Re boa re fetisetsa matshediso a rona kwa lelapeng la ga Tambo . "
"Mmegi Blogs :: Pharologanyo ke eng?"
"Fa o dirisa setshwantsho go kwala tlhamo se neele setlhogo . "
"Go tokafatsa matshelo a batho ba borona, Kabinete e amogela go tlhomiwa ga Porojeke ya Phepafatso ya Metsi a Mantsi ya Ncora kwa Kapa Botlhaba ke Moporesitente Jacob Zuma."
"Kwa makgabaganyong mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe , go tsibosa modirisi wa tsela gore tsela e e yang kwa molemeng ga e fetege . "
"Fa o sena go ruta ka mafoko a a tlhagang thata , mafoko ao a tshwanetse go akarediwa mo ditironyaneng tsotlhe tse di farologaneng tse b a tlileng go di dira , gore babuisi ba babotlana bano ba tle ba kgone go a lemoga ka bonako . "
"Ba re, la gagwe lebogo ga le ke le fapoga gope."
"Matshwao a Bosetšhaba."
"Samiti e e tlang e e ka ga go tlhola ditiro le dipeeletso, mmogo le sephuthelwana sa tsosoloso se se tshitshintsweng ke puso, se tla tlamelana ka ditshitshinyo tsa tsosoloso tse di tlhokagalang go ka busetsa maemo a ikonomi mo sekeng."
"E rile ka neelo ya lorako lwa Jerusalema ba batla Balefi mo mafelong otlhe a bone, go ba lere mo Jerusalema, go tla ba dira neelo ya lorako ka boitumelo, ka malebogo le ka kopelo, ka disemebale, le ka disaletere le ka diharepe."
"Ga jaana re mo nakeng tsa kukama ka gore ditshenyegelo tsa ntshodikuno ya mmidi , sonobolomo , mabele le dinawa tsa soya e tlhatlogile thatathata mme se se tshosetsa poelo mo ntshodikunong ya dithoro . "
"Go ya ka pego, morafe wa Lerala/Maunatlala wa se ka wa ya le mafoko a gore, mebala re e bona (kgaka) e sule."
"Banna ba ba tshwereng Jesu, ba mo sotla, ba mo itaaka."
"Mme a katogana nabo, e ka ne e le jaaka kwa lentswe le ka konopelwang teng; mme a khubama, a rapela"
"Re tshwanetse go akanya sentle gore re tlile go dirisa jang mekgwa le mefuta ya maikaelelo a rona a tlhatlhobo gore barutwana ba rona ba kgone mme ba fete sentle mo tlhatlhobong e e lekanyang dikgono tsa bone tsa go akanya kwa godimo . "
"A re kgwetlho e nngwe ke phadisanyo ka gore bagwebi ba mofuta o ba bantsi."
"MEMORANTAMO O , O NA LE DITSEBE DI LE TLHANO 5 . "
"Ditlhopha le / kgotsa batho ka bongwe ba ba tlhamang dipampiritiro le mmedia wa go ruta wa baithuti ba Mophato wa Motheo ba tshwanetse go dirisa fomete ya mokwalo e e dirisiwang mo lenaneong la Easywrite . "
"LEINA : Ngaka M. "
"Mmegi Online :: Pharologanyo ke eng?"
"go ya ka Molaotheo. E dira seo ka go tlhopa Moporesidente, ka go tlamela ka foramo"
"Mabaka ao e leng gore Tona e ka tshitshinya go tlhamiwa ga Mekgatlho ya Badirisi ba metsi ga a a tlhagisiwa mo Molaong . "
"Ke batla go nna mokatisi yo o nang le bokgoni, jaaka Jean."
"Jehofa a ntshupetsa bathudi ba le bane."
"ke raya fa lo utlwile ka ga tebalebo ya tshegofatso eo ya Modimo, e ke e neilweng ka ga lona:"
"Popego e ya mmuo ga se gantsi e bonala mo teramapuisweng . "
"Ba tloga mo Hašemona, ba thibelela mo Moserothe."
"Bogolo jwa letsatsi bo ne bo dirisetswa go tsoma le go ikatisetsa ditiro-atla tsa banna, tse di jaaka tiriso-letlalo le bobetli ka logong."
"kwapele ditlhokego tsa motheo tsa baagi, le ntshetsa pele tlhabololo ya loago"
"Metlha ya kgophololo e fitlhile, metlha ya tefetso e fitlhile; Iseraele o tlaa go itse; moperofeti ke lesilo, motho yo o nang le mowa o a tsenwa, ka ntlha ya bontsi jwa maikepo a gago, le ka ntlha ya go bo bobaba bo le bogolo."
"A bua ka polelonolo , polelotswako le polelopate . "
"Mme ba nna ba mo reetsa go tla go fitlha mo lefokong le; foo ba tlhatlosa mantswe ba re: “A motho yo o ntseng jaana a tlosiwe mo lefatsheng, gonne ga go a tshwanela fa a ka tshela!”"
"GO TLAMELA DITIRELO TSA BADIRI LE TSAMAISO YA TIRELO YA BOEMO . "
"Nna le lelapa la me re rata tlhago mme re palama dithaba fa re na le nako."
"Fa go se na tsogo ya baswi, le ene Keresete ga a a tsosiwa;"
"Puogae ke motheo wa go ithuta puotlaleletso . ( Go tla tswa gore moithuti o arabile jang ) . "
"Kgato e ya boraro ya tirego ya go reetsa o lebelela bokao jo a nnang le bona mo ditsibosong le mo go se se reeditsweng . "
"Gonne ruri se se kileng sa dirwa kgalalelo, ga se a dirwa kgalalelo ka mokgwa o, wa go re se a bonya fa pele ga kgalalelo e e gaisang."
"kemedi ya botswana kwa washington ke yone rephaboliki ya botswana ya tlhomo botsalanyo kwa lefatsheng la united states of america bonwa kwa pateng ya new hampshire mo bokoni bophirima jwa washington kwa sedikong sa dupont mo mabaping kitso ka moemedi moemedi ke tebelelo seretse ntse moemedi wa lefatshe la botswana kwa...
"Re nale The Muzikal Frik, o re tsatsanka ka motswako o monate"
"Mogala o o tlhomilwe go ka oketsa mokgwa wa tiro o o boikanyego le go neela badiri ditsela tsa go tlhagisa sengwe le sengwe se se sa dumelelwang kwa bolaoding jo bogolo . "
"atm in kasane kasane ke toropo ya mo botswana ee bapileng le kwa mafatsheng le mane aferika kopanelang teng ebong botswana namibia zambia le zimbabwe kwa bokone botlhaba jwa lefatshe la botswana kwa okametseng bogare jwa kgaolwana ya chobe palo ya batho ba kasane ne le makgolokgolo supa makgolo marataro le masome mara...
"Pegelo ya Kopano ya Kabinete ka la bo 13 Tlhakole 2019 kwa Tuynhuis kwa Motse Kapa."
"Ntlhakgolo ya togamaano ya Aforika Borwa mo BRICS ke go rotloetsa kgwebisano ya boleng, go ngokela dipeeletso mo makaleng a naga a tlhagiso le go rotloetsa tirisano go tsweletsa maitlhomo a tlhabololo."
"Mo pakeng e ya ntšhwafatso , re tla gatela pele go ya kwa pusong e e akaratsang botsayakarolo . "
"Tlotla ka dipatlafalo tsa motheo le dikakantsho tse di mosola tsa go dira tiro e e dirwang ke setlhopha ka nako ya pontsho ya thuto ya go buisa e go dirilweng dipharologano fa gare ga dikarolo tsa tsone . "
"Ka fa seatla se se molemo sa Modimo wa rona se ntseng mo go rona ka teng, ba re leretse monna yo o matsetseleko, wa bomorwa Mahale, morwa Lefi, morwa Iseraele; le Sherebia, a na le bomorwawe le bana ba ga rraagwe, ba le 18;"
"Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 12 DBE/Ngwanaitseele 2020 SC/NSC KAROLO YA B: TERAMA Araba potso e le NNGWE mo karolong e. MOLATSWANA WA GAETSHO – DMG Sekeleko POTSO 4: 'MOIPOLAI YO O SA LELELWENG' – Enock K Lebethe Buisa dinopolo tse di latelang, mme morago o arabe dipotso. 4.1 NOPOLO G (Kwa kgotleng banna b...
"Puso e rebola thotloetso ya lekgetho ya R&D go rotloetsa lephata la poraefete go tsweletsa R&D mo Aforika Borwa."
"Rotlhe re tshwanetse go tshwaragana gore re lwantshane le mogare ono gore re kgone go bolokana mo kontinenteng."
"Gonne ga ke a ba roma, go bua Jehofa, mme ba perofesa ka tsietso mo ineng la me; gore ke lo leleke, le gore lo swe, lona le baperofeti ba ba lo perofesetsang.”"
"Jaaka go setse go tlhalositswe , Tirelopuso e abela batho le setšhaba ditirelo , go sa kgathalesege gore ke bo mang mo Aforikaborwa . "
"Mogakolodi wa serutwa o tshwanetse go lekanyetsa palo e e rileng ya ditiro tse ka nako ya gagwe ya fa a etetse sekolo go netefatsa seemo sa ditiro le tekanyetso ya mo sekolong . "