text stringlengths 0 40.2k |
|---|
"Khoso e , ke tlhaeletsano ya Setswana e e diriwang ke baithuti ba batlang go oketsa tiriso e e siameng ya bona ya puo ya Setswana . " |
"Gape kabinete e amogela kitsiso ya gore mo ngwageng o o tlang lefapha le tla tlhoma porojeke e e tla dirang gore go agwe dintlo di le 60 000." |
"Bomorwa Elioenai: Hotafia, Eliašibe, Pelaia, Akube, Johanane, Delaia le Anani; basupa." |
"foo moperesiti a laole gore ba tlhatswe se sebetso se mo go sone, mme o tlaa fela a se tswalela ka malatsi a mangwe a supa." |
"Seno se akaretsa maitlamo a gore go bo go katisitswe badiri ba boitekanelo ba le dimilione di le 40 ka 2030.Moporesitente Zuma o fetisitse semmuso bodulasetilo jwa boeteledipele jwa Selekane sa Puso e e seng Bofitlha (OGP) go Fora kwa tiragalong ya keteko ya dingwaga di le tlhano kwa kopanong e e neng e le kwa tlhakor... |
"Go twe, dilwana tse, di diega go tlisiwa." |
"Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P3 11 DBE/2022 SC/NSC – Kaedi Ya Go Tshwaya KAROLO YA B: DITLHANGWA TSE DILEELE TSA TIRISANO 2.1 LEKWALO LA BOTSALANO Lekwalo la mofuta o, ke lekwalo le o tseelang mongwe kgang/motlotlo, go mo leboga, akgola, go mo tsibosa kgotsa go mo eleletsa masego. Lekwalo la botsalano Dintlha... |
"Fa go kgonega , ka jalo , lefelo le le ikemetseng le tshwanetse go ntshiwa fa mongongoregi a sa kgotsofala ka tsibogo e ba e boneng mo nakong ya ntlha . " |
"Ga bolelelwa Dafite; mme a phutha Baiseraele botlhe, a kgabaganya Joretane, a tla mo Helame. Basiria ba ikabela Dafite, ba tlhabana nae." |
"Rre Emang o gwetlhile ofisi ya ga molaodi go dira thulaganyo e e tlhapileng go thusa ditlhopha tsa kgwele ya dinao ka dipalamo go ba isa kwa mafelong a mangwe go ya go tshameka ka jaana mo motseng wa bone go sena dipalamo tse ba ka di dirisang.A re ba tlhola ba utlwa go buiwa fela ka molomo gore ditlhopha di tshwanets... |
"Melaokiletso ya 15% go dirisiwa mo metseseteropong le 20% ya metsi a go nosetsa e tsentswe tirisong jaaka e tlhagisitswe mo Kaseteng ya Puso e e phasaladitsweng ka la bo 12 Phatwe." |
"Ke gone kwa go tsholetsweng mosadimogolo Xwiisetee." |
"Jalo mowa wa me o bo o tle o rate go betwa, o eteletse loso, bogolo go marapo a, a me." |
"A B C Lenyalo la ga Tselane le Moatlhodi . " |
"“E tlaa re mo lobakeng lo lo laotsweng o tlaa boa, a ya kwa borwa; mme mo motlheng wa morago ga go ketla go nna jaaka mo motlheng wa pele." |
"SETSWANA PUO YA GAE R-3 TLHATLHOBO Ditshitsinyo tsa Tlhatlhobo: E e sa tlhomamang Tiro ya molomo kgotsa tiragatso Ela tlhoko • Ranolola ditshwantsho go aga dikakanyo: itlhamele kgang le go buisa ditshwantsho. • Buisa dibuka tse dikgolo kgotsa mokwalo o o godisitsweng le morutabana. • Lemoga ka go utlwa le go bona ding... |
"Aforika Borwa e fitlheletse gape le dintlha di le 100 tse di mabapi le “dithoto tsa yona tse di tlhabolotsweng ka botlalo, diinšorense le dimaraka tsa dikoloto”, mmogo le go bewa mo maemong a bo 19 mo lefatsheng ka bophara jaaka naga ya motswedi wa matlole." |
"“Le gone o tseye phelefu e nngwe; mme a Arone le bomorwawe ba beye diatla tsa bone mo tlhogong ya phelefu;" |
"Tirisodikgoka e e Totileng Batho ba Bong jo bo Rileng (GBV)." |
"Mo dikwalong tse dintsi tsa semmuso , barutabana ba gakololwa go lekanyetsa bokgoni jo bo rileng pele . " |
"Le fa phetolo ya mafatshe e le ntlha e e botlhokwa ya tshimololo mo go tlhomamiseng botsayakarolo bo bo ikadileng mo kelelong e kgolo ya temothuo , palo ya ditirelo tsa tshegetso e tlhoka go lebelelwa ka gangwe go tlhomamisa gore tirego ya phitlhelelo le maatlafatso e a atlega le go tswelela . " |
"Foo kgosi Ahasueruse a raya Esethere mohumagadi le Moretekai wa Mojuta a re: “Bonang, ke neile Esethere ntlo ya ga Hamane, ene ba mo pegile mo sefateng sa polaelo, gonne o ne a tsenya Bajuta letsogo la gagwe." |
"Ka a goletse mo lehumeng la go tlhatswa mosese bosigo, a bona gore o tlaa bo a itse go e fapaanya." |
"Pegelo eno yotlhe e tla re fa e sena go isiwa kwa go UNCRC ya nna gona e ka phasaladiwa gore baagi ba iponele yona." |
"Bokone bo ne bo sa tlhole bo le bodutu mo go ena." |
"A batla mo Modimong wa ga rraagwe, a sepela mo ditaolong tsa one, mme e seng ka fa ditirong tsa Baiseraele." |
"Rre Taa Nxosa o tlhalositse fa a tshela ka bokoa jo bo bakilweng ke dibatana fa di ne di mo lwantsha, ka jalo o setse ka bogole mo a ka se kakeng a kgona go bereka sepe." |
-2 |
"Mme fa re le bana, foo re baruaboswa; re baruaboswa ba Modimo, re baruaboswa mmogo le Keresete; ke raya fa re bogisiwa nae, gore le gone re tle re galalediwe nae." |
"Jaaka Moporesitente Ramaphosa e le ene yo a di gogang kwa pele mo Letsholong la AU la Merero ya COVID-19, o ne a tlhalosa gape le gore ke eng se se ka diriwang go matlafatsa Setheo sa Aforika sa Twantsho le Thibelo ya Malwetse gore kontinente e kgone go ithulaganya sentle gore e kgone go ema sejaro kgatlhanong le maro... |
"Dikgang - Bana ba a latlhelelwaArchives from 1999 till 2012 Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Lecheng, Mme Gabaikanngwe Bakwena, o ntshitse matshwenyego ka batsadi ba ba sa tseyeng boikarabelo jwa go tlhokomela bana ba bone." |
"Bathešeba a ya a tsena kwa kgosing kwa ntlwaneng; kgosi e ne e tsofetse thata; Abišage we Mošuneme a bo a direla kgosi." |
"(a) fa e le Tona, e e tlhalositsweng mo karolo 91(1)(a), morago ga dipuisano" |
"Boidiidi jwa batho bo ne bo tletse mo kgotleng ya goora Setlhare kwa Tloaneng go bogela banyalani ba ba sa bolong go kgaogana dingwaga tse masome a mabedi le molelo ba sa o tseisane." |
"Badirisanimmogo ba akaretsa NWU, UCT, UWC, Yunibesiti ya Pretoria mme bošeng jaana Ditharabololo tsa Karolofefo ya Khomphiutha ya SAP." |
"O tshwanetse go bua ka se o se tlhokang , batlang gongwe go se eletsa . " |
"Rulaganya gore ba tlile go simolola jang botlhe ka nako e le nngwe fela . " |
"balelapa le ditsala tsa ga mmoki yo a itsegeng yo gape e neng e le molwelakgaratlho wa dipolotiki Rre Achmat Dangor yo a dirisitseng bokgoni jwa gagwe jwa go kwala go utolola ka fao puso ya tlhaolele e neng e busa ka tsela eo e senang bosiamisi ka teng mmogo le go ntsha maikutlo a bao ba neng ba sa kgone go ka ipuelel... |
"Mo thutong e , re tlile go lebelela dintlha tse di lebelelwang fa go sekasekiwa padi jaaka morero , boanedi , baanelwa , kgotlhang , poloto , maitshetlego le setsaele . " |
"Tlhopha leboko le le tshwanelang le le ka dirisediwang go ruta baithuti ba kereiti ya boraro temana ya khorale . " |
"Baperesiti ba isa letlole la kgolagano ya ga Jehofa mo teng, kwa bonnong jwa lone, mo bobuelong jwa ntlo, mo felong ga boitshepo jo bo itshepileng, e bong fa tlase ga diphuka tsa botšheruba." |
"Maphata a duela ditshenyegelo tsa moruanyi , fa di le gona . " |
"Ke seru mo mothong go bua ka go phomela, a re: “Selo se boitshepo,” mme ya re a sena go ikana a itse go botsisa." |
"Fa kgomo e tlhabile motlhanka le fa e le lelata, mong wa yone a neye mong wa bone, dišekela di le masome mararo tsa selefera, mme kgomo a e kgobotlediwe ka maje." |
"“E tlaa re fa lo roba thobo ya lefatshe la lona, o se ka wa robela ruri ditlhofi tsa tshimo ya gago, le gone o se ka wa phutha maronopo a thobo ya gago, o a siele mohumanegi le moeng; ke nna Jehofa Modimo wa lona.”" |
"Go na le go re fa o ngadile thata , o tlhantlhetse , gore o fitlheleleng motho yo o omanang nae , o dirisa Fela fa o sa omane , o le mo boitumelong o dirisa mafoko a a monate a a tlhalosang sentle boitumelo jwa gago . " |
"Joaše kgosi ya Iseraele a tshwara Amasia kgosi ya Juta, morwa Joaše morwa Jehoahase, kwa Bethešemeše a mo isa Jerusalema, a thuba lorako lwa Jerusalema, go tswa kgorong ya Eferaime go ya kgorong ya kgokgotsho, boleele jwa dimetara di ka nna 200." |
"Gantsi tshekatsheko ya go tshwaiwa diphoso e dirwa ke baithuti ka wena kgotsa ke batlhatlheledi . " |
"Go abiwa ga bante mo NRFP go tla gokaganya maano a kabo a ditirelo tse di farologaneng tse di botlhokwa mo go fitlheleleng maungo a ikonomi, setso le loago ka tiriso ya bante jaaka tlamelo ya tlhago." |
"Ditharabololo tse di botlhokwa di akaretsa: go lepalepangwa le NDP go tlhagisa kgatelopele e e dirilweng ke lekala la dipusoselegae mo go tsenyeng tirisong ga NDMafapha a puso a bosetšhaba, Khomišene ya Maano ya Bosetšhaba, le diporofense go netefatsa gore maano a bomasepala a tsamaisana le NDP le maano a mangwe a bos... |
"O golotse mowa wa me ka kagiso mo tlhabanong e e neng e mphenya; gonne ba ba lwang le nna ba ne ba le bantsi." |
"Gone foo, a hirwa go nna modisa dikago." |
"Dilo tse tsotlhe di supa gore, kwa ntle ga ditlhare, botshelo ga bo ka ke jwa nna monate kgotsa jwa nna sentle." |
"Boto ya Setheo sa Boitshimololedi jwa Thekenoloji:a) Rre Edward Christian Kieswetter (Monnasetulo)b) Ngaka Steven Lennonc) Mme Joy Sebenzile Matsebulad) Rre Thabiso Ramasikee) Mme Fuzlin Levy-Hassenf) Mme Patience Lethabo Mlenganag) Rre Mzwandile Madikizelah) Ngaka Jan van de Loosdrechti) Ngaka Judy Coates lej) Moporo... |
"A huduga gone, a ya kwa thabeng e e potileng Bethele ntlheng ya botlhabatsatsi, a tlhoma mogope wa gagwe, a potilwe ke Bethele ka fa bophirimatsatsi, le ke Ai ka fa botlhabatsatsi. A agela Jehofa sebeso gone, a bitsa leina le Jehofa." |
"LE MORORO meepo ya twantsha motho e tlhama pogisego ya kgaolo e e bolayang le go golafatsa batho ba ba se nang molato ba ba se nang go iphemela ka nako ya dithulano tsa dintwa le go thibela tlhabololo ya loago ikonomi le kagolešwa . " |
"Magato a marataro a bokgoni , a tlhalositswe mo thutong nngwe le nngwe le mo kereiting nngwe le nngwe . " |
"Mo ntlheng e , kharikhulamo e godisa kakanyo ya go tsepamisa kitso ka bokao jwa tikologo , e ntse e sisimoga ( tsibogela ) botlhokwa jwa lefatshe ka bophara . " |
"Se ke sekao sa thuto ya kereiti ya 9 . " |
"Go nna teng kgwebo ya nama ya dipodi mo Aforika Borwa go kwa tlase fa go bapisiwa le nku, nama ya nku le dinama tse dingwe tse di khibidu." |
"Bana ba gago botlhe ba tlaa rutwa ke Jehofa; kagiso ya bana ba gago e tlaa nna kgolo." |
"Poko e e tsile morago ga phokelelo ya dipuo tsa Sekgoa . " |
"A mo raya a re: “Gotlhe mo o go buang, ke tlaa go dira.”" |
"Dithunya tsa momela di tlhoka sebaka se se tsepameng ka ge do golela kwa godimo thata." |
"Buisetsa baithuti maboko a ka bobedi . " |
"Mo mabakeng a go tsamaisa dikopano kgotsa go dira ditiro tse di rileng go tshwanetse ga tsewa matsapa go dirisa dibebofatsi tsa puo jaaka phetolelo le / kgotsa thanolelo ka ( tatelano , segongwe , gammogo le thanolelo ka go seba ) fa go ka kgonagalang . " |
"Jaana lefoko le le reng: “O go baletswe,” la bo le sa kwalwa ka ntlha ya gagwe a le esi;" |
"Maemo a Kabinete mo Mererong ya jaanong." |
"ba ba itseng leina la gago ba tlaa ikanya mo go wena; gonne wena, Jehofa, ga o a latlha ba ba go batlang." |
"Ovanatje a atla lekgarebe a bo a inamela thata mo tsebeng ya gagwe a mmotsa." |
"Dikgomo tse dinamagadi, tse supa, tse di molemo, ke dinyaga di supa; le diako tse supa tse di molemo, ke dinyaga di supa; toro nngwe fela." |
"A tswelela a re, dilo di a nyelela mme fa a botsa, ga go na ope yo o itseng sepe, le fa e le yo o bonyeng sepe." |
"A tshegofatso e nne le lona lotlhe. Amen." |
"Batlhanka ba gagwe ba mo raya ba re: “A ko o bone, re utlwile fa dikgosi tsa ntlo ya Iseraele e le dikgosi tse di kutlwelobotlhoko; re a go rapela, a ko o mme re ipeye letsela la kgetsi mo dithekeng, le dikgole mo ditlhogong, re tswele kgosing ya Iseraele; e tlaa re gongwe a rekegele botshelo jwa gago.”" |
"Ereka lo kgorometsa ka lotlhakore le ka lerudi, lo šegola tse di lwalang tsotlhe ka dinaka tsa lona, go tsamaya lo di falaletsa kwa ntle;" |
"Mokhuduthamaga wa lefapha la boitekanelo mo no North West Magome Masike o tshwenyegile ka leroborobo la TB mo profenseng, le kgotla ya bosetshaba ya diprofense NCOP, ka kemo nokeng ya diprofense tsotlhe, ba voutetse ntlha ya go atolosa paka ya komiti ya nakwana, tebang le go tlhotlhomisa botsereganyi mo profenseng ya ... |
"Mop Marius Stander a re o tla dirisa lefoko ‘lerato’ go tlhalosa kgolagano ya gagwe le yunibesiti." |
"“(b) Khouta e e tlhabolotsweng ya diboutu tsa bonno e tla tlhomamisiwa ka go aroganya" |
"Kgosi ya bua le Asepenase mong wa baopafadiwi ba gagwe, gore a lere bangwe ba bana ba Iseraele, e bong ba losika lwa segosi le lwa bagolwane;" |
"Go ipotsisa jaana ke go gatelela se se mo dikarabong . " |
"Fa motho a tshwerwe ka thebolelo ya tshwaro khophi e tshwanetse go tlamelwa fa e kopiwa . " |
"Sengwe le sengwe se se ka welwang ke sengwe sa setoto sa tsone, se tlaa nna itshekologo; le fa e le pesetso, kgotsa pitsa e e apayang a e thubagannwe; di itshekologile, di lo itshekelogetse." |
"Bana ba ka kopiwa gore ba ba tshwaye ka letshwayo la ( gore ga e a siama mme ka ( gore e siame . " |
"Foo batho ba lefatshe ba koafatsa mabogo a batho ba Juta, ba ba tshwenya mo go ageng." |
"Dikgaisano tsa Makgaolakgang tsa Ngwaga wa 2023 tsa Metshameko ya Tenese e e Tshamekelwang mo Tafoleng tsa Mokgatlho wa Lefatshe wa Metshameko ya Tenese e e Tshamekelwang mo Tafoleng (ITTF) di tla tshwarwa go tloga ka la bo 20 go fitla ka la bo 28 Motsheganong 2023." |
"Go na le gouta le letlotlo la diperela, mme dipounama tsa kitso ke lentswana le le tlhokegang." |
"Joabe a letsa lonaka, mme batho ba boa kwa go konateleleng Baiseraele; ka Joabe a rekegela batho." |
"Ba dira modiro wa diobo jaaka go kwadilwe, ba isa ditshupelo tse di fisiwang tsa malatsi otlhe ka fa palong, ka fa molaong o o tlhomameng, ka fa tshwanelo ya letsatsi lengwe le lengwe e lopang ka gone." |
"Filipo a tswa molomo, a simolola ka lokwalo lo, a mo rerela Jesu." |
"Sekai sa bo 2 : Go fitlhelela tshedimosetso go tlhalosa gape gore tshedimosetso e tshwanetse go kokoanngwa ka dinako tsotlhe le gore dintlha tsa yona di nne tsa sesheng . " |
"O tlhalosa gore o ne a ithutuntsha ka go lebelela mo setshwantshong sa motshikhinyego gore ba bangwe ba dira jang ga mmogo le go lebelela mo dipampiring." |
"Dipoelo tseno di supa gore badirisi ka bontsi ba ditirelo ba abetswe ditirelo tsa motheo tse di sa duelelweng tse di jaaka motlakase, metsi le kgeleloleswe mo ngwageng wa 2017 fa go bapisiwa le tsa mo ngwageng wa 2016." |
"(c) kgololosego ya botaki ba botlhami; le" |
"Lebelela sekao ke seo go tswa mo lokwalong la Molefe - Kgotla ya Setswana . " |
"Se se ka diriwa ka go etsa lefatshe le le kwa ntle le mmuisano wa mabaka a a farologaneng ka metshameko ya puo kgotsa go etsa boemo . " |
"Ke gone fela go jela kgobelong o se koko." |
"Fa ba akgela, banni ba ne ba supa fa le bone ba tshwentswe ke ditagi mo motseng." |
"O itumela fa go na le tlhakatlhakano . " |
"Re itse se fa moithuti a kgona go : bontsha bokgoni jwa go reetsa le jwa go neela ditlhagiso tsa molomo ka thelelo le ka maikutlo : dirisa le go tlhatlhoba maano a bokgeleke jaaka mainane , dipotso tse di sa batleng dikarabo , dikhutso , dipoeletso ; dirisa segalo , tlhagelelo ya lentswe , go bua ka lobelo , tebo ya m... |
"Ditoto tsa batho ba, e tlaa nna dijo tsa dinonyane tsa loapi, le tsa dibatana tsa lefatshe; ga go ketla go dirana le ope yo o di kuulolang." |
Subsets and Splits
No community queries yet
The top public SQL queries from the community will appear here once available.