text
stringlengths
0
40.2k
"Gonne molelo o tshubilwe mo bogaleng jwa me, o fisetsa kwa moleteng o o kwa tengteng, o laila lefatshe le totafalo ya lone, o tshuba metheo ya dithaba."
"GO SENYA DIFAELE ( GONGWE DIREKOTO DINGWE FELA TSA SETŠHABA ) NTLE LE TETLA YA MOAKHAEFE WA SETSHABA KE MOLATO WA BOSENYI . "
"O Re Bone Re Go Bone fa re tswa ka Bokone Bophirima re nwela mo Kapa Bokone. Re tlabe re tsamaya re go neela dimpho le diticket tsa Kgalagadi Jazz Festival"
"Gole gantsi e kwalwa ke setlhopha sa batho kgotsa mongwe yo o kopilweng go e kwala ka ntlha ya a le maleba go dira jalo , mongwe yo o dirileng tiro e e rileng , kgotsa yo o neng a le teng fa tiragalo nngwe e diragala . "
"Bakang Jehofa lona masomosomo otlhe a gagwe; lona badiredi ba gagwe ba lo dirang go natefelwa ga gagwe."
"Fa re tle lebelela mmino le maboko a setso . "
"Mme Abimeleke le batho botlhe ba o nang nabo ba nanoga bosigo, ba lalela Shekeme ba le 40."
"Botlhe ba wela ka gore,’ Ee,’e le go supa gore o itumedisitse baatlhodi botlhe ka boraro."
"ya baatlhodi ba boikuelo e e tlhomamisiwang ka Molao wa Palamente."
"Foo Jese a bitsa Abinatabe a mo fetisa fa pele ga Samuele, mme a re: “Le yo Jehofa ga a a mo itshenkela.”"
"Foo sefatlhogo sa kgosi sa khwata, megopolo ya yone ya e hudua; malokololo a dinoka tsa yone a repa, le mangole a yone a ntaana."
"Depositi ( fa di le teng ) : R . . ."
"mekgabo ya dipalamenwana, le ya manyena a dinko;"
"Go latela seno , megopolo ya bona malebana le tlamelo ya ditirelo tsa puso ka kakaretso e ikaegile thata ka maitemogelo ano . "
"MERERO YA BONNO E E LENG MO KOLOGANONG YA TIRO YA LEFAPHA DI BONTSHIWA MO TSELENG YA GO FAELA YA DITIRO TSA KOLOGANO YA TENG YA LEFAPHA . "
"Ba ba thapilwengGo thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi."
"Kabinete e lemogile gore Tikwatikwe ya Matlhale a Ditšhelete ya Aforika Borwa e tla amogela Dikopano tsa 2013 tsa Togomaano ya Ngwaga le Ngwaga le tsa Setlhophatiro Kakaretso tsa Setlhopha sa Egmont sa diyuniti tsa matlhale a ditšhelete."
"Mo ngwageng yo o fetileng masaledi a ga mobegadikgang yo o itsegeng yo o diphatsa yo a neng a le kgatlhanong le tlhaolele Nat Nakasa le one a buseditswe gae ka katlego go tswa kwa New York go tla go bolokiwasešwa kwa Dirapeng tsa Bagale tse di kwa Chesterville, e e kwa Durban.3 Kabinete e amogetse letsholo le legolo l...
"“Roma kwa go botlhe ba botshwaro o re: ‘Jehofa o bua jaana kaga Shemaia wa Monehelame, a re: E re ka Shemaia a lo porefeseditse mme ke se ka ka mo roma, mme o lo ikantshitse maaka;"
"IEP e na le ponelopele ya pakatelele e e ka ga ka moo Aforika Borwa e ka dirisang motlakase ka botlalo jaaka sedirisiwa sa go ka thusa go ka gaisana, e leng seo se tlhokang gore go fetolwe ditsela tseo metswedi e e farologaneng ya motlakase e ka dirisiwang ka yone."
"Gape babatlisisi ba tlhama didirisiwa tsa metswedi ya tshedimosetso tsa mmetshe, bonetetsi le thekenoloji."
"Tlhopha mafoko le tiriso ya mafoko a a bontshang maikutlo ka kelotlhoko go gorosa molaetsa sentle . "
"Re go diretse e le nngwe . "
"obamela Molaotheo go ya ka Mametlelelo 2."
"le bone ba ba mo Aroere, le bone ba ba mo Sifemothe, le bone ba ba mo Ešetemoa;"
"Bao e ne e le ba ba rekalanang nao ka dilo tse di tlhaolesegileng mo tlhwatlhweng ya gago, e bong dingata tse di sobokantsweng tsa bobududu, dilo tse di dirilweng marorodi, le matlole a diaparo tse di tlhokegang a bofilwe ka thodi, mme a dirilwe ka mosetare."
"Lo eme mo felong ga boitshepo ka fa dikgaoganong tsa makgotla a bana ba borraeno, e bong bana ba batho fela, mme a kgaogano nngwe le nngwe ya makgotla a borara e nne le setlhophana sa Balefi."
"Khutlotharo e e fa thoko ga seikokotlelo sa folaga e ntsho."
"Ntwa kgatlhanong le bosenyi le bonweenweeNtwa kgatlhanong le bosenyi le bonweenwee e tswelela go nna ntlhakgolo mo pusong."
"Gore kgotlatshekelo e swetse ka bomaleba , e tshwanetse go lebelela gore a bosupi jo bo tlhagisiwang bo amana le dintlha tsa morero . "
"Batho ba makau ba ba goletseng gongwe nae ba re: “O tlaa raya batho ba ba buileng nao, ba re: ‘Rraago o ne a ketefatsa jokwe ya rona, wena o e tlhofofatse mo go rona’; o tlaa ba raya jaana o re: ‘Monwana wa me o mmotlana o tlaa nna mokima bogolo go lotheka lwa ga rre."
"Mo kgweding ya Kgololesego re keteka seabe sa kgololesego le temokerasi ya rona, sa Moporesitente wa maloba wa ANC le mogaka wa bosetšhaba, Oliver Reginald Tambo, o a ka bong a le dingwaga di le 100 monongwaga fa a ka bo a ne a santse a tshela."
"Marama a gagwe a ntse jaaka temana ya ditlhatshana tsa dinkgisa monate, jaaka dimota tsa merogo e e nkgang monate; dipounama tsa gagwe di ntse jaaka masoma, di rotha mera e e metsi."
"(a) Nngwe ya halofo ya palo ya manno, a tswa go lenaanepalo la dikgalo, a a"
"gonne ke molelo o o lailelang kwa Tshenyegong, e le o o neng o tlaa mumula totafalelo ya me yotlhe fela."
"Go gantsi ke sa dumalane le Tautona Khama, mme go sa dumalaneng ga rona e se ntwa."
"Selo Sa Basadi O netefatsa jang gore o nna karolo ya Botshelo jwa ngwana wa gago jaaka rre 089 860 5665..."
"Tshwaragano Bosetšhaba le Poelano"
"Re tla maatlafatsa bogolo jwa bokgoni le jwa badiri . "
"Tsona di akaretsa dikaratapego , dikopano tsa batsadi , malatsi a go etela sekolo , dikhonferense tsa motsadi le morutabana , go letsa megala , makwalo , makwalodikgang a phaposi kgotsa sekolo , jalojalo . "
"Netefatsa gore dikarolo tsotlhe tsa motlakase di timilwe fa o tlosa sebofi ; go seng jalo go ka tlola ditlhase mme tsa baka gore beteri e thunye . "
"Fa tiriso ya dikgoka e tlhokega , dikgoka tse di utlwalang di ka dirisiwa . "
"Re ne ra tsaya tshwetso ya gore ga re baatlhodi, go itse ene le Modimo wa gagwe."
"Ditlhokego tsa Poelomaemong ya Thulaganyo ya go Ruta ya Ngwaga (TRN/ATP) • Go na le dibeke di le 10 mo kgweditharong ya 3 ya poelomaemong ya Thulaganyo ya go Ruta ya Ngwaga (TRN/ATP) ya DBE. • Dibeke tse di 10 tse, di kgaogantswe ka medikologo ya go ithuta e 5. • Mo modikologong mongwe le mongwe wa beke ya 2, dikarolo...
"Motlhatlheledi wa gago o lekola pontsho ya gago ya puisano ya dimpopi le mokwalo wa gago wa puisano ya dimpopi . "
"Seo moanelwa a se akanyang ka ga gagwe kgotsa ka ga ba bangwe . "
"Dikgato tsa mmuso go tshegetsa ditšhono tsa kgwebo di botlhokwa fela di tla tlhoka go lebelela tshegetso e e feteletseng le tshireletso kwa temothuong ya lefatshe , dimmaraka le bodipolomate jwa kgwebo go lekalekanyetsa lepatlelo la boditšhabatšhaba la temothuo ya Aforikaborwa . "
"Reetsa fa ditona tsa katlatlelo loago le ekonomi di tlhalosa se se tlileng go diragala mo nakong ya Level 4 Lockdown httpsbit.lyLevel4Lockdown"
"Ya re ka letsatsi la boraro go robetswe, Sedilame a somoga ka boferefere, a ipaya gore o ya seema."
"dingwe tsa Molaotheo."
"Ka gobo lefoko la kgosi le na le thata; mme e mang yo o ka e rayang a re: “Ana o dirang?”"
"Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 3 DBE/Ngwanaitseele 2019 NSC KAROLO YA A: TEKATLHALOGANYO POTSO 1 1.1 Buisa setlhangwa se se latelang, mme morago o arabe dipotso. SETLHANGWA A (TEMANA) 1 Go fetile dikgwedi tse tharo Nkwe a amogile Sajene Pitse seaparo sa gagwe sa bopodisi, ka leano le a tshepang fa go se ope yo a ka bong ...
"Kwa bofelong ba Kereiti ya 11 moithuti yo o Kwa bofelong ba Kereiti ya 12 moithuti yo o fitlheletseng dithuto ka go sa lekanang a ka : fitlheletseng dithuto ka go sa lekanang a ka : bua le go tlhagisa ditlhangwa a sena ¦ bua le go tlhagisa ditlhangwa a sena matlhagatlhaga e bile a kgaotsa gantsi , go se na matlhagatlh...
"Go tlhokega ga phatlha-tulo ebile bothata se sa dira gore New Marabasetat (Marabasetata e ntshwa) e ne ya iphitlhela e le mo kgatakanong e e seng ka na ka sepe. Ka1923 dintlo tsa mafelelo tsa projeke ya bobedi ya mmasepala e ne e feditswe kwa lekeisaneng le le ntshwa 'New Location' le la Marabasetata. badudi ba ba nen...
"Re sekaseka mokgwa o mogare wa Corona o ka amang bomme ba ba mo mmeleng ka"
"Gonne go Modimo o le mongwe fela, go bile go motsereganyi le ene a le mongwe fela fa gare ga Modimo le batho, motho ka esi,"
"Boase a ya kgotleng a dula gone. Mme bonang, monna wa losika yo o gaufi, yo Boase o ne a buile ka ga gagwe, a tla gone. A mo raya a re: “He, wena semangmang, fapoga, o tle go dula fa.” A fapoga, a dula."
"Rotlhe re tshwanetse go tswelela go katogana, go apara dimaseke fa re le fa gare ga batho le go tlhapa diatla ka gale ka metsi a sesepa kgotsa go itlotsa ka sebolayamegare se se nang le alekhohole."
"Batho ba tlaa bua ka ga bonatla jwa ditiro tsa gago tse di boitshegang; mme ke tlaa bolela bogolo jwa gago."
"Pegelo e e akaretsa nako ya go tloga tshimologong ya Khansele go fitlha bokhutlo ba ngwaga wa yona o o tletseng wa ditšhelete . "
"Polao ya ga jaana ya morutabana yo a thuntshitsweng ke molekane wa gagwe fa pele ga bana ba sekolo e re gakolola ka dikgwetlho tse re santseng re lebane natso tsa go sotlakakiwa ga basadi."
"Ke ka moo re leng puso re tlileng fano go tla go lo netehaletsale go gatisa kgang ya gore lo none dipelo ka mathe , dithole di a kupa , go semeletswe lo a iponela fa morago ga lona , ga ke bue ka kgomo ya mmopa . "
"Ka nako e morutabana o tsamaya-tsamaya mo gare ga baithuti mme o a ba thusa kwa ntle ga go tlhabisa ope ditlhong ka sengwe se se sa siamang . "
"Ba tloga mo Kateše, ba thibelela mo thabeng ya Hore, ka fa ntlheng ya lefatshe la Etome."
"Fa tiriso eno e sa busediwe ka bokgoni jo bo kwa godimo jwa serori se se dirisang dituki , maatla ano a tlaleletso a itshenyegela fela . "
"Thuto ya gompieno le yona e jalo . "
"ANC ya re le fa e supile kemo nokeng go Hlaudi Motsoeneng mo no SABC, e ka se eme nokeng mongwe yo go lebegang a nyatsa molao."
"Rre Mazebedi o gakolotse le bone badirisi ba dikgoro tsa molelwane mo kgaolong e go tsibogela seemo seo pele ga ba ka kgabaganya, a bolela fa kwa dipolasing tsa Banyana tereta e e ka kwa Afrika Borwa e e tsamayang e bapile le e e kgaoganyang molelwane e sa bonale sentle e le metsi, selo se se sa tlwaelesegang mo Kgala...
"Pele a rwala maikarabelo, ditlamego le ditiro tsa boTonakgolo, Tonakgolo ya nama-"
"KGAOLO 4: PALAMENTE"
"Foo Jutase, ka a bonye mophato wa batlhabani, le maotlana a a tswang kwa ditlhogong tsa baperesiti le Bafarisai, a tla teng a tshotse dipone, le ditime, le dibolao."
"Baithuti ba tshwanetse go ithuta go baakanya diphoso mo tirong ya ba bangwe ka gonne tirisano ya bone e le karolo e e botlhokwa mo tsweletsong ya go kwala mme e tokafatsa maitemogelo a bone botlhe . "
"Letlha la bofelo la go romela ditlhopho tseno ke la bo 7 Lwetse EidKabinete e lakaletsa masego le matlhogonolo go Mamoseleme a a nnang mo nageng ya rona ya Aforika Borwa le go ralala le lefatshe ka bophara fa ba ne ba keteka Eid-ul-Adha maabane, ka la bo 22 Phatwe 2018."
"BBPM bo tsweletse go ruanya ditiro tsa yone le ditlhokego tsa togamaano tsa naga , e e dumalanang le maikemisetso a yone . "
"Bagaetsho tsholofelo ga e tlhabise ditlhong , ebile mojamorago ke kgosi,e rile maloba re le puso ya bokone bophirima le lefatha la kago ya matlo ra solofetsa gore re tlile go ipoa kgasu go tla go lo tlisetsa ditirelo tse di maleba mmedi tsenyeletsa matlo , metlakase,metsi,dintlwana boithuso ga mmogo le dikolo tse dinn...
"Tshekatsheko ya ditshwantsho , morago ba ikwalele kgang e setshwantsho se bunag ka ga yona . "
"Diterebe tsa Roobernet di ntsha kuno ya diako tse di repileng le bonnye, tse potokwe, borekhu jo bo lefifi jo bontsho."
"Boikaelelo jwa go kgona diyuniti tsa thuto le diteng tse go ithutwang tsone , le go fitlhelela dipoelo tsa mmojule ono ke go dira gore wena , jaaka morutabana wa mo isagweng , o nne le kitso e e lekaneng , tlhaloganyo , bokgoni , temogo le maikutlo a a siameng a go tlhomelela baithuti mo Mophatong wa Motheo ka temogo ...
"Boemong jwa go isiwa sekoleng, bana ba gola ba rutwa go betla le go dira ditshipi."
"Dikgang19...Moeteledipele wa African Peoples Convention Themba Godi a re lekoko la ANC le dirile gore boithapo ba kgaratlho ya kgololosego bo senne le bokao, ka ntlha ya go lwela maemo ga maloko a lekoko le le busang..."
"le seroto sa senkgwe se se sa bedisiwang, dipapetlana tsa setou se se tlhakanyeng le lookwane, le dinkgwenyana tse di lotsatsa tse di sa bedisiwang, tse di tloditsweng lookwane, di na le tshupelo ya tsone ya boupe le ditshupelo tsa tsone tse di nowang."
"Nna motho yo o ntseng jalo, le ka motlha o se ka wa latlhela seditse."""
"Lefatshe le bile le tsenye leswe tlase ga banni ba lone; ka ba tlodile melao, ba fetotse ditao, ba robile kgolagano ya bosakhutleng."
"Gonne dibanka ke mafelo a a dirang ka madi a mantsintsi . "
"E rile Joabe le ba lesomosomo lotlhe le o nang nalo ba sena go tla ba bolelela Joabe ba re: “Abenere morwa Nere o ne a tsile kgosing, mme kgosi e mo neile tsela, mme o tsamaile ka kagiso.”"
"Jakobe a direla Ragele dinyaga di supa; tsa nna mo go ene jaaka ekete ke malatsinyana fela, ka ntlha ya lorato lo a mo ratileng ka lone."
"Go tshwerwe batho ba le mmalwa go latela thekiso ya dipermit tsa taolo ya motsamao wa baagi kwa Protea Glen kwa Gauteng.iframe width560 height315 srchttpswww.youtube.comembedJHUJG2mzecY frameborder0 allowaccelerometer autoplay encryptedmedia gyroscope pictureinpicture allowfullscreeniframe"
"Go tsweletsa letsholo la DDM, le le ipiletsang gore go nne le tirisanommogo e e tseneletseng magareng ga baagi le baemedi ba puso, Kabinete e ikuela mo baaging kwa Bokone Bophirima go sola mosola tšhono eno ka go lelela Moporesitente le go ntsha ka tlhaa dingongorego tsa bona gore di sekegelwe tsebe."
"Dikarolo tsa motlhaba mo mmung di tsamaisa go elela le go tsenya mowa mo mmung."
"Ka 1985 Letlole la Bishop Tutu la go Thusa Baithuti ka Madi le ne la tlhamiwa."
"Mosetsana yo Mmaratwa, o itsege thata ka mmino ya Setswana."
"Botlhe ba ba dirang boikepo a ga ba na kitso? Ba ba jang batho ba me ba ba swetsa jaaka ba a ja bogobe, mme ba sa bitse Jehofa."
"Ra tlhasela go pota Bakerethe ntlheng ya borwa, le kwa go leng ga Juta le go pota Kalebe ntlheng ya borwa; mme ra fisa Sikelage ka molelo.”"
"NAT IONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12 SETSWANA PUO YA GAE (HL) PAMPIRI YA BORARO (P3) NGWANAITSEELE 2021 MADUO: 100 NAKO: Diura di le 3 Pampiri e, e na le ditsebe di le 6. Kwalololo e ileditswe Phetla"
"Fa di le pedi fela . "
"Tekanyetso ya bofelo e naya setshwantsho sa bogotlhe sa bokgoni kgotsa tswelelo ya moithuti mo nakong nngwe le nngwe e e rileng . "
"Molaetso wa lefoko la ga Jehofa ka ga lefatshe la ga Haterake. Damaseko e tlaa nna felo ga boikhutso ga one; gonne leitlho la botho, le la ditso tsotlhe tsa Iseraele le lebile Jehofa;"
"Phitlhelelo ya ditirelo tsa boitekanelo le thuto e tokafetse . "
"Keletso ya ga Kgosi Phoophoo e ne e le gore re tswe ka motse metsotso e le masome mararo morago ga oura ya botlhano phakela."
"Jaaka re tlhabolologa, re bona jalo tiriso ya polaseteke e gola."