text stringlengths 0 40.2k |
|---|
"Mowa le one o thusa thetelelo ya rona ka mokgwa o o ntseng jalo; gonne ga re itse go rapela jaaka re tshwanetse; mme Mowa ka osi o re rapelela ka diphegelo tse di sa ka keng tsa buiwa;" |
"Ditiro tsa tlhatlhobo e e tlhomameng di tshwaiwa le go rekotiwa ke morutabana ka maitlhomo a tsweletso le go aba setifikeiti . " |
"06 Dikgang Afrika Borwa o na le palogotlhe ya ditshwaetso di le dikete tse 350 879 tsa Coronavirus, morago ga go fitlhelela ditshwaetso tse dintshwa di le dikete tse 13 285. Se se diragala jaaka palo ya dintsho tse di golaganeng le Covid 19 di oketsegile go nna dikete tse 4 948 morago ga gore go begiwe dintsho tse din... |
"Mo mabakeng a tshoganyetso , go letleletswe gore go ka gogiwa serori se sengwe se e seng kolotsana gammogo le kolotsana . " |
"Se se tla akaretsa ntlha e e botlhokwa ya gore batsayakarolo ba tla ungwa mosola jang mo mokgweng o . " |
"maemo a tshwanang le a Kgotlatshekelokgolo ya Aforika Borwa; le" |
"Umaka dikgato ka kakaretso tse di tla dirang gore go nne motlhofo gore moithuti yo mmotlana a nne le bokgoni jwa go buisa . " |
"Mo go tse tharo tse a di fentseng, a re o tlotlomaditswe thata ke seetsele sa motshameki yo o gaisitseng botlhe." |
"07h00 Mopresidente Jacob Zuma a re ANC ga ise a laolele SACP le COSATU gore di tshwanetse go etelelwa pele ke mang." |
"ga go ope yo tshwanetseng go amogelwa a atlhotswe go fitlhelela boikuelo" |
"Kabinete e leboga kobamelo ka botlalo ya pegelo ya kgatelopele ya dikgwedi di le thataro e e rometsweng kwa Kgotlatshekelo ya Molaotheo." |
"the boteti river noka ya boteti etsegeng gape ka botlele ke motswedi wa metsi wa tlholego mo botswana noka ena tsaya metsi yone mo metsweding elang go tswa letamong la okavango feta ka noka ya thamalakane mo maung ne ela ngwaga otlhe pele ga le gare la dingwaga tsa mme go ela gone ga fokotsega le dipaka ka paka tsa di... |
"Uria a raya Dafite a re: “Letlole, le Baiseraele le Bajuta, ba mo diobong; le morena wa me Joabe, le batlhanka ba morena wa me, ba thibeletse fela mo nageng; jalo a ke ne ke ka ya kwa ntlong ya me, ka ya go ja le go nwa, le go lala le mosadi wa me? Jaaka o tshedile, le jaaka mowa wa gago o tshedile, ga nketla ke dira ... |
"Setshwantsho se bontsha ka botlalo dikala tse di farologaneng tsa molao ; se bontsha gore Molao wa Bosupi o wela ka fa tlase ga kala efe ; tlhaloso ya Molao wa Bosupi le go supa gore Dintlha tsa Bosupi e ka nna eng . " |
"Mokwadi wa Pegelo o tshwanetse go kwala mosaeno , tiro kgotsa maemo a gagwe le letlha leo a e kwalang ka lona . " |
"“E tlaa re mogang o tsholang bana le bana ba bone, lo ntse lo dule mo lefatsheng, lo ipodisa lo dira setshwantsho se se setilweng mo popepong ya sengwe, mme lo dira se se bosula mo ponong ya Jehofa Modimo wa lona go mo tlhotlheletsa mo bogaleng;" |
"Seno se diragala fa batsadi ba madi ba ngwana ba nyalana morago ga ngwana a se na go belegwa , jaaka e kete ba ne ba nyalane ka nako e ngwana a neng a belegwa . " |
"Trellising, ntlha e mela e lebileng teng le lefelo leo tshimo e beilweng mo go lona di ka nna le seabe mo go omeng ka bonako ga matlhare." |
"Kabinete e dumela gore melao ya ditshwanelo tsa dithoto le dithata tsa dikgwebo e e thibelang dinaga go itirela meento ya bona mme batho ba tsweletse go tlhokafala jaaka ditshenekegi ka ntlha ya leroborobo leno la mogare wa corona ke selo se se tlhokang botho e le ruri." |
"Mo kolomong ya bobedi go ka dirisiwa mafoko a a ka emelang lefoko le jaaka , yo maswe , yo mokima , yo montsho , jalo jalo . " |
"Bagolo ba motse ba sa fetse go hutsa gore dilo tse di diragalang tse , ke dibeela fela . " |
"Mabapi le tiro e kgolo ya kago e e tsayang sebaka se se fetang dikgwedi tse 3 fa batho ba tshwanetseng go dira bogodimo jo bo fetang dimitara tse 3 kgotsa go epa boteng jwa go feta dimitara tse di 1,5 moagi o tshwanetse go itsise batlhatlhobi ba Lefapha la Badiri . " |
"Ga feta dinyaga di le tharo go sena ntwa gare ga Basiria le Baiseraele." |
"Letlhomeso la kharikhulamo ya Bosetshaba ya Afrika Borwa ya go simolola ka bana ba ba sa tswang go belegwa go ya go dingwaga di le nne (NCF) Karolo ya thuto ya go sa le Kamano le TKNBA / dipholo tse di lebeletsweng Kamano le PPKT / dirutwa tsa gale le kgodiso kgato ya motheo 1. Boleng jo bo siameng Bana ba simolola ... |
"A dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa; e seng jaaka rraagwe le jaaka mmaagwe; gonne o ne a tlosa lentswe le le emeng motloutlo la ga Baale, le rraagwe o ne a le dirile." |
"Baikepi ba tlaa boela Bobipong, e bong merafe yotlhe e e lebalang Modimo." |
"O ntse bontsi jwa bongwana jwa gagwe kwa Transkei a godisetswa go nna kgosana." |
"Foo Boase a raya Ruthe a re: “A ga o a utlwa, morwadiaka? O se ka wa ya go ronopa mo tshimong epe e sele, o se ka wa tswa fano fa; o tlhomame gone fa, le barweetsana ba gaetsho." |
"Kgang e kgolo tota mo dikgwetlhong tseno ke go retelelwa ga rona go samagana le seemo se se farologaneng mo ikonoming ya naga ya rona." |
"Mme Jehofa a mphetola a re: “Kwala ponatshegelo e, o e dire gore e bonale sentle mo dimating tsa kwalelo, gore motho a tle a e bale a ntse a taboga." |
"KGAOLO 2: MOLAOTLHOMO WA DITSHWANELO" |
"Seemo se fetogile fa nako e ntse e tsamaya, mme seno sa baka gore dijalo tsa Muscadel o mohibidu di fokotsege go feta ka seripagare." |
"Dikobi tsa modumo le tsa ponô, jaaka reflector kgotsa ditshosa, di ka diriswa go tshosa dinonyane gotswa mo diruiweng tse di mo kotsing, mme dikgatô di ka tsewa go sireletsa leruo fa le le mo kotsing." |
"Ke ka goo re kgonang go oketsa madi a go lere ditirelo mo setshabeng . " |
"Go rulagantswe ditiro tse di nang le ponelopele di le mmalwa tse di tla tlhokang gore baagi ba nne le seabe se segolo tota . " |
"Maikaelelo a manuale ono ke go tshegetsa go tsenngwa tirisong ga Pholesi ya Tirisano ya Sebedi ya boditšhabatšhaba ya Saense le Thekenoloji . " |
"TOKAFATSO LE TSWELETSO YA GO DIRA GA LOAGO LE GA BAAGI MO KGAOLONG YA DIAMOND FIELDS . " |
"Magiseterata wa dipatlisiso a ka kwalela kgotsa a laela gore motho mongwe le mongwe yo go nneng teng ga gagwe go ka tlhokagalang mo lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko , a nne teng . " |
"Ka 15H20 re leba ditirelo tse di neelwang ke ba Harambee Youth Employment Accelerator tseo di thusang basha ka go fokotsa botlhoka tiro mo Aforika Borwa.Wena o ka rata ba ka go thusa jang mabapi le go bona tiro bit.lyKonkaOnline" |
"Mmuso o na le karolo ya botlhokwa mo go lebelelng merero e . " |
"Palo e e tshwanetse go tshwaiwa ka leruri le mo go bonalang , kana e kgomarediwe kwa selong , ( ntle le go senya selo ) ka tsela e e tla latelwang motlhala go ya rekotong ya phitlhelelo . " |
"Go bua ga lona fa e le ‘Ee’, e nne ‘Ee’; fa e le ‘Nnyaa’, e nne ‘Nnyaa’; gonne se se fetang mo, se tswa mo bosuleng." |
"Kakanyo ya go tswa mo ntlong e kgolo ya gagabo go ya kwa karatšheng ya ga Tori, e sa mo tseye pila." |
"Jaana tumelo ke go ikanya ka ga dilo tse di solofelwang, ke tlhomamiso ka ga dilo tse di sa bonweng." |
"Dilaesense tsa nnotagi" |
"Shefe e le mokwaledi; Satoke le Abiathare e le baperesiti;" |
"Mofuta o , o ja nako ya thuto ka ntlha ya gore fa gongwe morutabana o imphitlhela o na le barutwana ba le 50 ka palo mo phaposiborutelong . " |
"Mogapi ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. Motsana o o dikhilomethara tse di masome a mane le bosupa mo borwa jwa toropo ya Selebi-Phikwe gape o kwa tlase ga dikhilomethara tse di sa feteng lekgolo go tsweng molelwaneng wa Aferika Borwa. Mo palo bathong ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne di le sekete, makgol... |
"Ba aga mo go lone, ba bile ba go agetse felo ga boitshepo ga leina la gago mo go lone, ba re:" |
"Ka jalo molemirui o tshwanetse go sekaseka polase yotlhe go akaretsa matšhini , dikhemikhale tse di dirisiwang , matamo , madutelo , mafetlho a metsi , disilo , masimo , mafelo a a mo tlase kgotsa a a gaufi le megala ya motlakase , jalo le jalo go akaretsa sengwe le sengwe kgotsa lefelo lengwe le lengwe kwa badiri ba ... |
"Phakwe o ne a tsamaya le Mokoko fa ba ya go sela tsie . " |
"Togamaano ya Ditlhaeletsano ka ga Ponelopele ya 2030 ya NDP e tlhagisa tsenngotirisong ya NDP le go tlhaeletsana ka seabe sa NDP mo maAforika Borweng." |
"Ka gonne go tloga ka 1958 fa ke ne ke le kwa kgolegelong, e ne e le tshimologo ya botshelo jwa me jwa go tsena ke tswa kwa kgolegelong." |
"Morago ga pontsho , e tla nna teng mo go eFundi . " |
"Gape ke tshwanetse ka bo ke direla mang? A ga ke a tshwanela go direla fa pele ga morwawe? Jaaka ke diretse fa pele ga rraago, ke tlaa nna fela jalo fa pele ga gago.”" |
"Ka boripana tlhalosa se o se tlhaloganyang ka ga melebo ya Lentle . " |
"Tiragatso ya illocutionary na le gore moreetsi o tshwanetse go dira sengwe ka ga se mmui a se buang le ena . " |
"Ka dinako dingwe e na le ditshwantsho fela tsa tlhotlhwa tlase . " |
"Dilo tse ke a di go kwalela, ke solofetse go akofa ke ya koo go wena;" |
"E le motho yo o dumelang, le yo o boifang Modimo, le ka botlhe ba ntlo ya gagwe, yo o bileng a fa batho thata, a rapela Modimo ka metlha yotlhe." |
"Kamano eno ya bone e dirile gore Marelie a nne motho yo o farologaneng le ba bangwe le go bona sentle gore o batla go dira eng mo botshelong le gore o tlile go fitlhelela seo jang." |
"Mme a re: “Bajuta ba dumalanye go go lopa gore, e tle e re ka moso o folosetse Paulo kwa lekgotleng, jaaka e kete o rata go tlhotlhomisa bogolo ka ga gagwe." |
"Basaetsana bangwe ba ba tseneng mo thobalanong ba tsene ka go patelediwa ke basimane / basetsana ba pateletsa basimane . " |
"A tswa ka phapuse a mumura." |
"Tlhatlogang, lona dipitse; šakgalang, lona dikara; mme a diganka tsa ntwa di tswele pele; ba Kuše le ba Pute, ba ba itseng go tshwara thebe; le Balute ba ba itseng go tshwara le go oba bora." |
"Buka ya Ngwaga ya Aforikaborwa le Bukana ya ka mo Potleng mabapi le Aforikaborwa . " |
99 |
"Fa go kwadiwa sengwe jaaka setlhamo go ka latelwa dikgato tse di latelang . " |
"re tlaa fitlhela thoto yotlhe e e tlhokegang, re tlaa tlatsa matlo a rona ka thopo;" |
"Popego ya leamanyi e laolwa ke gore ke mofuta ofe wa leamanyi . " |
"Re buisana le Organ Donor Foundation go utlwa gore Covid19 e fetotse go le kae ka mokgwa o ba tsamaisang dilo ka gona le gore e baa mile jang." |
"Gale mo Iseraele, mokgwa wa go rekolola le wa go ananya, go tlhomamisa dilo tsotlhe, e ne e le o: Motho o ne a tle a role setlhako, mme a se neye wa ga gabo; e ne e le one mokgwa wa go tlhomamisa mo Israele." |
"Ditiragalo tse di Tlang." |
"Go nale borogo jwa dikoloi le jwa terena kwa borwa jwa Francistown." |
"Ngaka Valanthan Munsami jaaka Mokaedikhuduthamagamogolo (CEO) wa Setheo sa Aforika Borwa sa Merero ya Naga mabapi le Lefaufau." |
"Ga baa tsiediwa ebile ba ne ba sa itepeletse." |
"A lo direla merapalego mo tikologong ya lone e le boatlhamo jwa dimilimetara di le 75, a ba a direla merapalego ya lone segomo sa gouta mo tikologong ya lone." |
"O ne a tshameka diketo ka isago ya gagwe , kana e larile mo mophatong wa lesome . " |
"Dikopo tsa go enngwa nokeng ka matlole a go ya sekolong mo ngwageng wa 2023 tsa NSFAS di butswe |
" |
"A re ba ne ba kgona go tshwara selalome seo ebile go solofetswe gore se itshupe kwa lekgotleng la ga makaseterata gompieno." |
"Lefapha la Boitekanelo le na le melao e e tlhalosang ka moo badiri ba boitekanelo ba tshwanetseng go tsamaisa kalafi mo balwetseng ba bona ka gona . " |
"Dikonyana le tsona e ka nna batswasetlhabelo ba manyibi a Kapa, mme setsongwa gantsi se a hupelwa morago ga gore nko ya sona e ngathwe." |
-4 |
"Dumedisang Filologo le Julia, le Nereo le kgaitsadie, le Olumpase, le baitshepi botlhe ba ba nang nabo." |
"Ona a akaretsa dikgato tse di tshwaraganetsweng go akofisa kgolo e e akaretsang botlhe, dikgato tsa go akofisa tsolotanyo ya ditšhelete, go akofisa go tsenngwa tirisong ga Lenaane la Dipeeletso tsa Mafaratlhatlha la R870 bilione mmogo le tswelelopele e e dirilweng go rarabolola mathata a motlakase, go akarediwa motlak... |
"Mo marekisetsong a, go tletse didirisiwa dingwe le dingwe tse motho a ka di akanyang tsa mo ntlong, di beilwe bontlenyane e le ruri, go simolola ka bonnye go tsena ka botona ba tsone." |
"Fa re itse gore le fa e ka bo e le eng se re se lopang o bo o re utlwa, re a bo re itse fa re tshotse ditopo tse re di lopileng mo go one." |
"Selo se o se dirileng ga se molemo. Jaaka Jehofa a tshedile, lo tshwanetse go swa, ka lo se ka lwa lebela morena wa lona, motlodiwa wa Jehofa. Jaana batla lerumo la kgosi kwa le gone, le kurwana ya metsi e e neng e le fa tlhogong ya yone.”" |
"Ramapodisi o rotloeditse barui go tlhokomela leruo, a ba gakolola gore kgomo ke botshelo jwa Motswana." |
"Simolola go sekaseka meraba ya molomo , e e kwadilweng le e e bogelwang go bona dielo tsa loago le setso , maitshwaro le diphopholetso . ( sekao : jaaka mo phasalatsong ya sesepa sa lerole , bua gore se phasaladitswe go ngoka batho bafe , le diabe tse basadi le banna ba nang le tsona ) . " |
"Go tshwanetse gore go tlhamiwa molao wa bosetšhaba go diragatsa tshwanelo eno, e bile e tshwanetse go tlamela ka dikgato tse di naleba go fokotsa morwalo wa botsamaisi le ditshenyegelo tsa madi mo pusong." |
"mme a se ka a e isa fa mojakong wa mogope wa bophuthegelo, go e isetsa Morena seromololo fa pele ga motlaagana wa ga Jehofa, motho yoo a a balelwe madi molato; o tsholotse madi; motho yo, o tlaa kgaolwa mo bathong ba ga gabo." |
"Ya re ba ntse ba tsamaya mo tseleng, monna mongwe a mo raya a re: “Ke tlaa go sala morago gongwe le gongwe kwa o yang teng.”" |
"O ne o seyo, ke ne ke le teng, bana, bagolo go itshutlhwa dikeledi." |
"A e tsaya yotlhe tshimo ya gagwe Kutlwelo." |
"06h00 Kgatelelo ya ikonomi e tswelela go baka mathata mo dikantorong tsa bobega dikgang, mme seo se baka go latlhegelwa ke ditiro." |
"1500 1800 Re nale TeamSkorokoro ga jaana. Ltk Lucky" |
"Mo letsatsing la gompieno fa ke bua ka ena e setse e le mohumagadi Tshukudu , ke solofela gore tsotlhe tse ke di kaileng ka ena o tla di tsweletsa . " |
"Features - LIMID e belege KgalagadiArchives from 1999 till 2012 Lenaneo la temo thuo la LIMID bogolo jang la thuo ya dihutsane le ogotse ba le bantsi mo lehumeng mo kgaolong ya Kgalagadi borwa." |
Subsets and Splits
No community queries yet
The top public SQL queries from the community will appear here once available.