text
stringlengths
0
40.2k
"Kgosi ya tswa, le batho botlhe ba e sala morago; ba ema kwa ntlong ya bofelo."
"A ba je nama ya yone mo bosigong joo, e besitswe ka molelo, e na le senkgwe se se sa bedisiwang; ba e jele le merogo e e galakang."
"Jošua morwa Nune a bo a tletse mowa wa botlhale; gonne Moše a mmeile diatla; mme bana ba Iseraele ba mo reetsa, ba dira jaaka Jehofa a laotse Moše."
"A ya nabo. E rile ba sena go fitlha mo Joretane, ba rema ditlhare."
"Le gale , fa Peterolo ya Kemedi ya lloto e ntse e le gona mo lefelong la gaeno , go botoka go tswelela go dirisa yona . "
"Mafoko a mofuta o a tla buisanwa fa go sekasekwa mefuta ya mafoko . "
"O tla kopiwa gore o rulaganyetsa pontsho ya puisano ya dimpopi le go e bontsha , o dirisa dimpopi tse o di dirileng . "
"Maiteko a a e sale gale kwa go tlhomeng boemo a ne a ikaeletse segolo kwa tsamaisong ya dikgobokanyo jaaka tshwenyego go na le tshomarelo ya dikgobokanyo . "
"Boroe bo tshwanetse go nna jo bonnye, go ya boteng jo bo sa feteng 6mm, mme bo tsamae go sa fete 6mm go ya ntlheng efe kgotsa efe fa lee le sekamiswa ka tsepamo."
"Kabinete e rotloetsa maAforika Borwa go ipaakanyetsa go romela lekgetho la lotseno la bona la setlha sa lekgetho la 2018/19."
"Ke gone fa Kgosi Motswasele a tlaa neelang Mosope pitse ya gagwe e tshweu."
"Ee , go jalo , dikomiti di ka tlhopha batho bangwe go nna ditokololo tsa bogakolodi ka ntlha ya kitso le bokgoni jwa bona mo mererong ya boitekanelo le pabalesego . "
"Fa o tlhopha moemedi go tsaya ditshwetso mo boemong jwa gago , lo tshwanetse gore pele , wena le moemedi wa gago , lo tlhaloganye gore lo ya go nna le botsalano jo bo ntseng jang . "
"kgotsa a begile selo se se latlhegileng, a tsietsa ka ga sone, a ikana ka maaka, mo go sengwe sa dilo tse tsotlhe se motho o se dirileng, fa a leofa ka sone,"
"Go atolosiwa ga konteraka ya paka e e rileng ya CEO wa ga jaana wa Broadband Infraco, Mme PV Kwele, ka dikgwedi di le tharo, go tloga ka la bo 1 Lwetse go fitlha ka la bo 30 Ngwanaitseele 2017."
"Ke matlhaku lo a rutla, lo a tswala"
"Dafita a mo raya a re: “A madi a gago a nne mo tlhogong ya gago; gonne molomo wa gago o supile ka ga gago, ka o re, O bolaile motlodiwa wa ga Jehofa.”"
"Matshwao a ne a le boitshepo, a filwe boleng jwa molimo (modimo kgotsa setshedi se se sa bonaleng) mme se ne se tshwanetse go tlotlwa le go boifiwa."
"Poelothuto e tswa mo dipoelothutong tsa botlhokwa le tsa kgolo . "
"Foo Jobe a fetola a re:"
"Setlhopha sa Barongwa sa Aforika Borwa gape se fentse Kabo tsa Mofenyi wa Leinakgwebo le ya Mofenyi wa Dipatlisiso, e leng e e akgolang Letlotlo la Boitlhamedikgwebo ya Lefatshe mo dinageng le mo lefatsheng ka bophara."
"sa gouta ka selekanyo sa bokete, sa dilwana tsa gouta, sa dilwana tsotlhe tsa tirelo nngwe le nngwe; sa selefera, sa dilwana tsotlhe tsa selefera, ka selekanyo sa bokete, sa dilwana tsotlhe tsa tirelo nngwe le nngwe;"
"Lefapha la Dipalangwa le tla dirisana le Setheo sa Banamedi ba Diterene sa Aforika Borwa (Prasa) mmogo le Motlhokomedi wa Pabalesego mo Ditereneng go sala morago Boto ya Dipatlisiso mo ntlheng ya dipatlisiso ka botlalo go ka bontsha seo se bakileng kotsi eno gore seo se sa tlhole se ipoeletsa."
"Karolo nngwe ya se , ke tlhatlhobo ya bokgoni jwa moithuti go ya ka ditshupo tsa Bosetšhaba . "
"Tumalano ya Semphato sa Ikonomi e tlamela Aforika Borwa ka kgonego ya dipholisi mo makaleng a a farologaneng."
"Nnela ruri le nna, o se ka wa boifa, gonne yo o senkang go mpolaya o senka go bolaya wena; gonne o tlaa nna mo polokegong fa o ntse le nna.”"
"Jalo he, re utlwa go twe, e rile go bona le tlhaela, lekgotla la kopa madi mo go boradikompone mme la se ka la bona sepe; la tla le iphotlhere."
"Lenyalo le ne le amogelesega fela fa magadi a setse a duetswe."
"Go thankgololwa ga Tikwatikwe ya Motlakase o o Golaganetsweng wa Ngwaabe (NIEC) ka la bo 4 Ngwanaitseele 2016 ke Lefapha la Eneji, ka tirisanommogo le badirisanimmogo ba ditogamaano ke karolo ya lenaane la go tlhola Ditikwatikwe tsa Motlakase o o Golaganetsweng (di-IEC) mo mafelong a batho ba ba humanegileng."
"Batho botlhe ba tlaa utlwa, ba boifa, ba bakela go tlhola ba italetsa."
"Gompieno ke le, le bidiwa Gabane, e le gore Gabane o raya eng ene?"
"Go setse malatsi a le mararo."
"Go tsenya Ditheo tsa Batho Pele mo tirisong ke kgwetlho jaanong e e lebaganeng lephata la setšhaba la Aforikaborwa . "
"AUPSC e na le maloko a le 15 a a nang le dithata tse di lekanang tsa go tlhopha."
"Poma ditlhakwana ka iketlo go fitlha o bona mola o mosweu wa kgolô e ntšhwa ya tlhakwana."
"Go tla lebelelwa gore o bo o itse dikarabo tsa dipotso tse di gatisitsweng ka ditlhaka tse di sekameng gore o kgone go di araba fa o kwala teko ya tsone . "
"kwa ntle go boSabata ba ga Jehofa, le kwa ntle ga dineo tsa lona, le kwa ntle ga maikano otlhe a lona, le kwa ntle ga ditshupelo tsotlhe tsa lona tsa peleego tse lo di ntshetsang Jehofa."
"Rre Setlhare a tlhaba podi go leboga Modimo."
"Mmegi Online :: Thuto ga e golelwe Wednesday 20 June 2018, 17:04 pm."
"Botshelo jwa teng bo ne bo farologana le jwa Kapabotlhaba . "
"Re tsena mo setlheng sa mariga mme re buisana ka gore o ka farologanya jaang matshwao a mokgotlhwane le a mogare wa Corona."
"Fa a leboga, modulasetilo wa lekgotla la Yo o Dithetsenyana, Rre Rebaone Bene o ne a lebogela botlhe ba ba neng ba tla phuthegong eo go tla go ntsha mafatlha a bone."
"Pholisi e e batla go simolola tlhatlhoso le kemonokeng ya ditshimololo go netefatsa tetla le kakgolo ya IK ka go tsenya tiro e mo ditirong tsa setheo tse di leng teng go netefatsa tetla le go akgola kitso , segolo the Letlhomeso la Bosetšhaba la Dikwalo . "
"Bonetetshi jwa Tlhago , Dipalo , Khomputara , Bonetetshi jwa tsa Botshelo le Temothuo . "
"A e bolelela rraagwe, le bomogolowe; rraagwe a mo kgalemela a mo raya a re: “Toro e o e lorileng ke yang? A ruri nna le mmaago, le bomogoloo, re tlaa tla go go ikobela fa fatshe?”"
"Matsholo a tshwana le ""War on Leaks” a a lebaneng le go thiba metsi a a dutlang"" a tla tswelela mme a maatlafadiwe moo bašwa ba ba sa direng le baagi ba tla rotloediwang go tshwaragana le puso go baakanya go dutla ga metsi."
"Sowa o raya letswai mo temeng ya Basarwa. Toropo e bapile le Sua Pan (gape go itsege ka Sowa Pan), letswai kwa sodium carbonate (soda ash) e epiwang teng."
"Seno se ka boeketswa gangwe ka beke dibeke di le nne."
"Theko ya thoto"
"Jalo batho botlhe, le Baiseraele botlhe ba ne ba tlhaloganya ka tsatsi leo fa kgosi e sa laola go bolaya Abenere morwa Nere."
"Maemo ya Puotlaleletso ya Ntlha a tseelela gore barutwana ga ba na kitso epe ya puo fa ba goroga kwa sekolong . "
"Mme a mo laya gore a se ka a bolelela ope; mme a re: “Tsamaya o itshupetse moperesiti, o ntshetse bontlafatso jwa gago ka fa Moše o laotseng ka teng, gore e nne tshupo mo go bone.”"
"Dithuto tsotlhe tse di abelwang ke yunibesiti di abelwa semmuso ke mokanseliri."
"Foo Saule a re: “Ke leofile; boa morwaaka Dafite; gonne ga nketla ke tlhola ke go utlwisa botlhoko, ka botshelo jwa me bo ile jwa ratega mo matlhong a gago gompieno; bona, ke itirile seeleele, ke bile ke timetse thata.”"
"e le makau a a se nang bokoa, e le ba ba bopegileng sentle, ba le ditswerere mo botlhaleng jotlhe, e le ba ba seleng tlhogo, ba fasitse, ba tlhaloganya kitso yotlhe, ba ba nang le nonofo ya go ema mo ntlong ya kgosi; gore a ba rute thuto le puo ya Sekalatea."
"Le fa e amogela gore go na le dikgwetlho tse re tobaneng le tsona tsa tlhabololo ya ikonomi le ya loago, Kabinete e na le tshepo e e tletseng gore dikgwetlho tseno di tla rarabololwa ka go diragatsa ERRP mmogo le Lenaanetiro la Puso (PoA), mo go tla tsepamisiwa mogopolo mo kgolong e e akaretsang botlhe mmogo le mo Pon...
"Iseraele a re: “Go lekanye; Josefe morwaake o sa tshedile; ke tlaa ya ke mmona ke ise ke swe.”"
"Jehofa, seatla sa gago se tsholeditswe, le fa go ntse jalo ga ba bone; le fa go ntse jalo ba tlaa tla ba bona tlhoafalo ya gago ka ga batho, mme ba tlaa tlhajwa ke ditlhong; ee, molelo o tlaa laila baganetsi ba gago."
"Kabinete e amogetse go betliwa ga madi a tshipi a go bontsha tlotlo a a ka bokelediwang ao Setlamo sa SA Mint se tla a rebolang ka ngwaga wa 2019.Melaotlhomo."
"Khomosine ya Ditshwanelo tsa Setho ya Aforikaborwa le ditheo tse dingwe tse di lemogwang ke molaotheo di ka nna tsa , mo tlaleletso ya maikarabelo ape a mangwe , go ya ka Molaotheo kgotsa molao ope , kopa karolo epe e tlhalosiwang e le Puso kgotsa motho ope yo o neelang tshedimosetso ka dikgato tse di tebang le go nna...
"Fa o tla o labile letshwao leno , lebelela gore a go na le batsamayakadinao mme fa go tlhokega , o neye batsamayakadinao botlhe tshwanelo ya go feta . "
"Ba ke agileng nabo mo ntlong, le malata a me, ba nkaya go re ke moeng fela; ke motho o sele fela mo ponong ya bone."
"Kereiti 1 : Tlhopha setshwantsho . "
"Ditheo di tlamega go romela pegelo e e tletseng kwa go NAC ka fa matlotlo a abilweng mmogo le dipoelo tsa baithuti ba ba amogetseng matlotlo . "
"lo bo lo tshele ka mokgwa o montle mo go Baditšhaba; e tle e re mo ba lo bolelang jaaka badira bosula ka teng, bo ba galaletse Modimo mo motlheng wa tekolo, ka ditiro tsa lona tse di molemo, tse ba di bonang."
"Ditheo tseno di tsenyeletsa Tikwatikwe ya Matlhale a Bosenyi jwa Matlole (FIC) Bothati jo bo Ikemetseng jwa Dipatlisiso tsa Dikgetse tse di ka ga go Tlola Molao ga Sepodisi (IPID) Bothati jwa Bosekisi jwa Bosetšhaba (NPA) Bothati jwa Dipatlisiso tsa Dikgetse tsa Bosenyi jo bo kwa Setlhoeng (Hawks) ka fa teng ga Tirelo...
"Ke gone e rile ke rata jalo, a nkile ka itshupa botlhokatlhomamo? Kgotsa dilo tse ke di ikaeletseng, a ke ikaeletse ka fa nameng, gore mo go nna go tle go nne: ee, ee, le nnyaa, nnyaa?"
"Melelwane ya gago e mo pelong ya mawatle, baagi ba gago ba itekaneditse bontle jwa gago."
"Mme ka ya go tsena sa magare kwa Gaborone West Community."
"Foo a ntsha morwa kgosi a mo rwesa serwalo sa bogosi, a mo naya tshupo, mme ba mo dira kgosi, ba mo tlotsa; ba opa diatla ba re: “A kgosi a tshele!”"
"matsatsi a le 30 morago ga go nna teng ga phatlha."
"Kgosi ya bua, ya raya Daniele yo leina la gagwe e ne e le Beletešasare ya re: “A o nonofile go nkitsise toro e ke e bonyeng le phuthololo ya yone?”"
"Tshwetso ya go thapa gape Rre Motsoeneng mo maemong a mantšhwa e bontsha go nyatsa molao."
"Lefoko BOT50 le lone le ne le kgabola kgapetsakgapetsa go bapa le mekgabisa eo ya folaga ya Botswana."
"Mongwe wa banni Rre Petrus o ne a bolela fa nako jaanong e tsile ya gore puso e diragatse dikgakololo tsa pego ya ga Kedikilwe ya Tlhabololo thuto ya 1998."
"Leso mo lelapeng le lengwe le le lengwe le tlisa tlalelo le kutlobotlhoko mo go ba lelapa bao ba santseng ba tshela."
"A re keletso ya maloko ke gore leotwana le la kgotlana ya Mapedi le gole, le tswelele ka tiro e ntle e le e dirang."
"Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 5 DBE/Ngwanaitseele 2019 NSC – Kaedi ya go tshwaya 2.2.6 Ke lenweenwee - O buela Obakeng maaka. O lefufa – o fufegela botshelo jwa ga Matlhodi le Obakeng (Dikarabo tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko) (4) 2.2.7 Ba ne ba bolaya ba le babedi, mme ba ba latlhela mo khuting. (2) 2.2.8...
"Jalo Hanune a tshwara batlhanka ba ga Dafite, a ba beola ditedu ntlhanngwe fela, a kgaola diaparo tsa bone ka bogare, a di kgaolela kwa maragong a bone, a itse go ba naya tsela."
"Ke jone boswa jwa bana ba ga Sebulone ka fa ditshikeng tsa bone, metse eo le metsana ya yone."
"Setifikeiti se tshwanetse go tlhagisetsa Mong-pholisi / Leloko tshedimosetso yotlhe e e tlhokegang go e itse jaaka gore thuso e simolola leng , ke eng se se akareditsweng le gore TSE DI SA AKAREDIWANG ke dife , dipaka tsa tetelo jj . "
"Bomorwa baperofeti ba ba mo Bethele ba tswela kwa go Eliša, ba mo raya ba re: “A o a itse fa Jehofa a tlaa tlosa mong wa gago mo tlhogong ya gago gompieno?” A re: “Ee, ke a itse, didimalang fela lona.”"
"e re ka pelo ya gago e ne e le tshisimogo, mme wa ikokobetsa fa pele ga Modimo, jale ka o utlwa mafoko a one ka ga felo fa, le ka ga banni ba gone, mme o ikokobeditse fa pele ga me, o ikgagotse diaparo, wa lela fa pele ga me; le nna ke go utlwile. Go bua Jehofa."
"Mme le gale o rekisitse Corolla gongwe ke tla tswa mo mathateng a kanakana."
"Setlhangwa se terama se kwalelwa tlhatlhobo kwa mephatong e megolwane . "
"Kabinete e tlotla babegakgang botlhe ba ba latlhegetsweng ke matshelo a bona mo nakong eno e e boima ya COVID-19, e bile e ikemiseditse go tlotla le go tsholetse kgololesego ya go ntsha se se leng mo mafatlheng a batho, go tsenyeletsa le kgololesego ya bobegakgang mo nageng ya rona."
"Re ka nna le lefelo leo re fitlhelang baanelwa mo go lona , le re kaela sengwe ka baanelwa ba rona . "
"Mo ke gone ka fa kgosi Solomone o ne a kgetha batho ka gone; e bong go aga ntlo ya ga Jehofa, le ntlo ya gagwe tota, le Milo, le lorako lwa Jerusalema, le Hasore, le Megito, le Gesere."
"Go kaiwa gape fa matute a phaenapole a fokotsa ditshupabolwetse tsa bolwetse jwa mosepele."
"Se se ka akaretsa go netefatsa gore kotsi ya go nna mo pepeneneng ga HIV mo tirong e a fokodiwa . "
"O ne a emelela ka bogale bao ba neng ba le kgatlhanong le tlhaolele, mme a nna le seabe se segolo mo porojekeng ya temokerasi mo Aforika Borwa.• kwa baaging ba Namibia go latela go tlhokafala ga Toivo ya Toivo, mokgaratlhela kgololesego kwa Namibia le molwelakgaratlho kgatlhanong le tlhaolele."
"Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 15 DBE/Ngwanaitseele 2020 SC/NSC – Kaedi Ya Go Tshwaya POTSO 13: DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE NTLHOMOLE MMUTLWA – OM Lobelo 13.1 Remofilwe le Rebafilwe. (2) 13.2 Ke ka ntlha ya fa ba ne ba latlhegelwa ke bana ba le bararo pele ba tsholwa ka ntlha ya bothata jwa pelegi e bile ba ne ba sa solofel...
"Le gone Elihu a tswelela pele, a re:"
"A re re le setlhopha re ne re dirisa lefufa le ditlontlokwane."
"Makire a tsaya mosadi wa Hupima le Shupima, leina la kgaitsadie e ne e le Maaka); leina la wa bobedi e le Selofehate, mme Selofehate a na le bana ba basetsana."
"21DIKGANG Mokgatlho wa baithuti Sasco o batla gore mopresidente Jacob Zuma a rebole ka gangwe pegelo ya Fees Commission e e ka ga go sa duelelwe ga thuto e e kgolwane mo nageng.Moteledipele wa DA Mmusi Maimane o tsibositse maloko a DA kgatlhanong le go tsweletsa ditiragalo tsa bogwenegwene."
"Dikgetse tseno di romela molaetsa wa gore puso ga e kitla e itshokela ditiragalo dipe fela tsa bonweenwee, bogolosegolo tseo di diriwang ke batlhankedi ba yona, le gore ditlhokotsebe tsotlhe di tla golegwa le go sekisiwa."
"Mo diureng tse 48 morago ga go bega , modirediloago o tla batlisisa tiragalo eo mme a kwale pegelo . "
"•"
"Go solofetswe gore bukathuto e tlile go dirisiwa ke baithuti ba ngwaga wa bobedi go fitlha go ba ngwaga wa bone le ke Baithuti ba Onase ba dikhoso tsa BEd, le ke baithuti ba mananeothuto a PGCE, ACT, ADT le ADE le barutabana ba ba rutang tikologo."