text
stringlengths
0
40.2k
"Gonne ke tlaa lo tsaya mo merafeng ke lo phutha kwa mafatsheng otlhe, mme ke tlaa lo lere mo lefatsheng la ga lona."
"Mothusa kgosi Rre Klaas Motshidisi ene o ne a rotloetsa bakapelo ba ba nnang mmogo go ititaya ka thupana go re ba nyalane ka fa molaong go itsa dikgotlhang mo loratong."
"Maitlhomo a togamaano eno ke go fokotsa seabe se se sa itumediseng sa dipalangwa mo tikologong fa mo letlhakoreng le lengwe ba samagana le ditlhokwa tsa ga jaana le tsa ka moso tsa dinamelwa go latela metheo ya tlhabololo ya leruri."
"Le gone ga re a reetsa baperofeti batlhanka ba gago, ba ba buileng ka leina la gago le dikgosi tsa rona, le dikgosana tsa rona, le borraetsho, le batho botlhe ba lefatshe."
"Fa go se na mophutholodi, a ba didimale fela mo phuthegong; a go ipolelele ene ka esi, le Modimo a bue le one."
"Fa go nang le tsweletso ya ditlamelo tse di rileng e e sa gokaganang , Tona a ka swetsa go tlhama Mokgatlho wa Badirisi ba Metsi jaaka mokgwa wa go tlamela ka taolo e e botoka le go tila kgotlhang e e ka tlhagelelang . "
"Bafenyi ba Khamphase ya Potchefstroom ba kwa morago: Ngaka Mark Rathbone (TEA), Mop Gert Breed (ETEA), Ngaka Philip van der Merwe (TEA), Mop Jako Olivier (TEA), Kotie Kaiser (TEA) le Ngaka Dawid Serfontein (TEA)."
"Ka lo beela balebedi; ka re: ‘Reetsang modumo wa lonaka;’ mme ba re: ‘Re gana go reetsa.’"
"Ka ntlha ya diteng tsa yona tse di kwa tlase tsa mafura, go atlanegisiwa go apaya nama ya podi mo dithempheretšheng tse di tlase."
"Tebanyo le Tsa Botshelo 4 . "
"(a) Ditona tse di sa feteng 27 mme e le maloko a Ntlokokoano Bosetšhaba a a"
"Isake a rapelela mosadi wa gagwe thata mo go Jehofa ka a le moopa. Jehofa a rapelesega, Rebeka mosadi wa gagwe a nna moimana."
"foo ke tlaa go folosa le ba ba fologelang kwa moleteng, ba ya bathong ba metlha ya bogologolo; ke tlaa go agisa mo mafelong a a kwa tlasetlase a lefatshe mo mafelong a a sa leng a swafala bogologolo, o na le ba ba fologelang mo moleteng, gore o tle o se nnwe; le fa e le go tlhoma kgalalelo ya gago mo lefatsheng la bat...
"Kabinete e akgola Caster Semenya mo a diragaditseng bontle e le tota mo a fentseng lebelo la bofelo la sekgele sa Diamond League la dimitara di le 800 mo metshamekong e e neng e tshwaretswe kwa Switzerland."
"Ndodomzi Ntutu o fentse Kabo ya Motshamiki wa Monna yo o a nang le Bogolofadi yo o Tlhwatlhwa wa Ngwaga."
"Moporesidente le Ditona."
"Go ne go le monna mongwe wa lefatshe la makgabana la Eferaime, leina la gagwe e le Mika."
"Lefoko la Jehofa la tla kwa go Jehu morwa Hanani ka ga Baaša, la re:"
"Mme mogadikae a mo gakatsa mo go botlhoko, gore a ba a mo garubise pelo, ka Jehofa a tswadile sebopelo sa gagwe."
"Fela fa o sa kgotsofalele tharabololo ya ngongorego ya gago , o ka fetisetsa ngongorego ya gago kwa tlhogong gongwe motsamaising wa setheo sa setšhaba sa boitekanelo kwa o tlhatlhobilweng gongwe o alafetswe gona . "
"Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse pharakano e e tlhagang go tswa kwa molemeng . "
"Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 7 DBE/Ngwanaitseele 2018 NSC – Memorantamo 4.4 Letshogo/kgakgamalo√, gonne ba mo goga ka lebanta/ba mo supa ka (2) menwana√. 4.5 Re batla go di bona! (1) 4.6 Lediriletlhaedi (1) 4.7 Ee, ba akanya gore o ba tsieditse ka go ikoketsa bontle ka dithathuu./ Nnyaya, gonne ga se ena a neng a atlho...
"Tlhokego ya gore bothati ba bosiamisi bo lebisise ka bophara sebopego sa bomorafe le bong sa Aforika Borwa e tshwanela go akanngwa fa batlankedi ba boatlhodi ba tlhomiwa."
"Re go tlisetsa motshameko wa last 16 wa sejana sa lefatshe magareng ga URUGUAY le setlhopa sa PORTUGAL ka kodu ya ga Brian Letsogo a tsamaya le Jacob TSHISEHVE ka boanedi go tloga ka ura ya Borobedi mo Maitsiboeng Se lebale ke Mokaragana wa metshameko ka lentswe la ga Boitshoko CimplyBM Moruntshi go tloga ka ura ya bo...
"Tsa setso"
"Ka ponyo ya leitlho lefatshe la nona."
"Setlhophatiro seo modulasetilo wa sona e leng Motlatsatona kwa Kantorong ya Moporesitente se tlamela ka serala sa togamaano mo badiraditshweetsong ba puso, mekgatlho ya baagi le mo makaleng a poraefete go buisanela dikgato tse ba ka di tsayang mmogo tseo di tla potlakisang phetolothefosano mo intasetering ya botaki."
"A o akanya gore madi a dira gore lefatshe la tiro le potologe?"
"Mme fa motho a rata Modimo, ene o itsiwe ke Modimo."
"Foramo ya bo 3 ya Aforika ka ga Beke ya Katoloso ya Ditirelo tsa Boeletsi mo Temothuong."
"E re ka lo rile: “Re golaganye le loso, mme re dumalanye le Bobipo;” lwa re: “E tlaa re sebetso se se penologang se ralala, ga se ketla se fitlha kwa go rona; gonne re itiretse maaka botshabelo jwa rona, re iphitlhile ka fa tlase ga tsietso.”"
"Mme Jeroboame a robala le borraagwe, e bong le dikgosi tsa Iseraele; mme Sekaria morwawe a busa mo boemong jwa gagwe."
"Taolo ya letsholotshireletso e tshwanetse go diriwa go ya ka dikaelo tsa tokololo"
"Batho ba tshwanetse go tlotla ditiro tsa batho ba bona le dingwao , go thibela thulano . "
"Go netefatsa gore go na le motheo o o lolameng wa saense le go o fetola go tlhola ditiro le kgolo ke kgwetlho e kgolo . "
"Goya ka dipatlisiso tsa ga Gus Mills, go fitlheletswe gore diphiri tse di dikôlô di tsoma go feta go selasela kwa dikgaolong tse dingwe, mme ditlhopha di tabogisa setsongwa sekgala sa di-kilometre pele setsongwa se wela fatshe ka ntlha ya letsapa."
"Mananeo a a latelang a tlamela ditlhokego tsa tlhatlhobo e e tlhomameng ya Puo ya Gae . "
"Kgosi eo ya kgalalelo ke mang? Jehofa wa masomosomo, ke ene Kgosi ya kgalalelo. Sela."
"Lokwalotemoso lwa lefapha la puso lo netefaletsa ditshwanelo tsa boikemelo jwa Aforika Borwa jwa kamogelo le maemo a baagi tebang le batswantle go tsamaelana le dipoelo tsa naga."
"Ya re mo ba setseng ba eme fela e kete batho ba latlhegetswe ke tsela , a mo kopa go mo ntsha ka kgoro . "
"(b) Fa Khansele e atlanegisa Molaaotlhomo ntle le go tshitshinya ditlhabololo,"
"Le mo go Jesu motsereganyi wa kgolagano e ntšha, le mo mading a kgatsho a a itseng go bua go gaisa a ga Abele."
"Ka gangwe , re eletsa go rotloetsa ba ba fitlhileng kwa bofelong ba ditiro tsa bona go amogana kitso ya bona le ba ba tlhokang thutiso mo dikarolong tsa go suga , boletsaphala le botsamaisi . "
"Kgomo ya gago e tlaa tlhajwa fa pele ga matlho a gago, mme ga o ketla o e ja; esela ya gago e tlaa phamolwa ka thata fa pele ga sefatlhogo sa gago, mme ga o ketla o e rebolelwa; dinku tsa gago di tlaa newa baba ba gago, mme ga go nke go nna ope yo o go thusang."
"05h00 Motlatsa tona wa dimenerale Godfrey Oliphant are lefapha la gagwe le tlile go simolola go tswala di shafte tsa meepo e e sa dirisiweng mo sebakeng sa dibeke di le pedi tse di latelang, segolo jang tse di supilweng di le kotsi."
"Gakologelwa gore go dira pontsho ya thuto ya gago go tshwanetse ga bontshiwa ka "" PowerPoint "" e morago ga yone e tshwanetseng go tsenngwa mo go eFundi gore baithuti botlhe ba nne le yone . "
"Ke gone, o ikwatlhaele boikepo jo, o rapele Morena, e tle e re kgotsa kgakologelo ya pelo ya gago o e itshwarelwe."
"Ditumelano tse di latelang di saenetswe: Mmemorantamo wa Ditumelano (MoU) o o ka ga go tlhama Khomišene ya Diporesitente tsa Dinagapedi, MoU o o ka ga Tirisano mo Mererong ya Tikologo, Ditshupetsotsela tsa Tsenngotirisong mabapi le go tlhokomologa Visa, Thulaganyo ya Tirisano ya Sepodisi mmogo le Tumelano ka ga go Utl...
"Simolola pele ka go buisa temana , athekele kgotsa thuto yotlhe . "
"Fa motho a kopa go fitlhelela ka mokgwa o o rileng go raya gore mokopi o tshwanetse go bona phitlhelelo ka tsela e e kopilweng . "
"Mo dipitsong go diriswa tlhaeletsano ya molomo . "
"Dikgang21...Lefapha la bosechaba la boitekanelo la re palo ya batho ba ba tshwaeditsweng ke coronavirus monogae, e tlhatlhogile ka ba le 297 go ya go dikete di le 5 647...Tona ya thuto ya motheo Angie Motshekga o itsisitse gore go thubilwe kwa dikolong di le 962 naga ka bophara le go utswiwa ga dithoto mo pakeng ya go...
"Matshidiso Kabinete e romela matshidiso go ba losika le ditsala tsa ga: Rre FW de Klerk, yo a neng a na le dingwaga di le 85, yo gape e neng e le moporesite wa mo malobeng wa puso ya pele ga ya temokerasi mo Aforika Borwa yo gape e neng e le Motlatsa Moporesitente mo Pusong e e Neng e Tshwaraganetswe ka 1994."
"O na le tshwanelo ya go se tshosediwe , go tlhakisiwa , letshogo , go tshwenngwa , pipamolomo , bobodu le tiriso e e botlhaswa . "
"Ditiragalo tse dingwe di akaretsa: Beke ya Bosetšhaba ya Dibuka go tloga ka la bo 1 go fitlha ka la bo 7 Lwetse ka moono wa: ""Go ya mafelong a a farologaneng"" o o totileng maatla a dibuka le ka moo di ka isang maAforika Borwa kwa mafelong a le mantsi ka gona ka 'tsela ya setshwano' le ka ya 'mmatota'."
"Ka tshwanelo , ga go epe ya dithulaganyo tse pedi e e ka atlegang le go tswelela ntle le fa di tlhametswe mo tshireletsong le tsweletso ya IKS . "
"Bonang, go bua Jehofa, ke tlaa laola, mme ke tlaa ba busetsa kwano motseng o; ba tlaa tlhabana nao, ba o gapa, ba o fisa ka molelo; mme ke tlaa swafatsa metse ya Juta, e nne fela e se na monni.”"
"Mo kamogelong ya setifikeite sa boitekanelo , modirediloago go tswa kwa Lefapheng la Tlhabololo Loago o tla ikgolaganya le mokopi wa legae la bana go mo tlhalosetsa tsamaiso ya ikwadiso le go mo neela diforomo tsa kopo . "
"Kabinete e boa e ipoa kgatsu ka maitlamo a yona go lenaneo la puso la thuso ya loago, leo le leng kwa boteng jwa diitshimolelo tsa go fedisa bohuma le go busetsa seriti sa batho ba rona."
"Ya re ka ba tlhotse teng malatsi a le mantsi, Feseto a bolelela kgosi kgang ya ka ga Paulo a re: “Go na le monna mongwe yo o tlogetsweng ke Felekise a golegilwe;"
"A tla mo gae. Bontsi jwa batho jwa kgobokana gape, ba ba ba tla ba retelelwa le ke go ja."
"Indaba e diragaditse Tumelano ya go Thapiwa ga Bašwa e e saenilweng ke puso, kgwebo le badiri ka Moranang 2013."
"Ya re ka batho ba le mo tebelelong, mme botlhe ba akanya mo dipelong tsa bone ka ga Johane, gore a jaana ga e ka ne e le ene Keresete;"
"Mme Violet Tyamzashe lec."
"Puso e tshwanetse go diragatsa tshwanelo ya molaotheo e e mabapi le go dira gore tikologo e sirelediwe ka go tsaya dikgato tsa tshireletso . "
"Moletlo ono o tshwaretswe go rotloetsa batho go dirisa thekenoloji ka bontsi go tokafatsa matshelo a bona."
"A mmolelela gore basadi ba a tlholang a ba tlhatlologanya ba, ba tlaa mo epela lemena."
"SETSWANA PUO YA GAE R-3 TLHATLHOBO Ditshitsinyo tsa Tlhatlhobo E e sa tlhomamang Tiro ya molomo kgotsa tiragatso Ela tlhoko • Go reetsa dipotso ka tlhoafalo le go neela dikarabo • Supa maitsholo a a siameng a go reetsa ka go supa tlotlo fa sebui se bua, go sa se tsene ganong le go bua ka go refosanya. • Opela dipina l...
"“Le fa e le mang yo o lalang le mosadi yo o leng motlhanka, mme a beeletswe ke monna, mme a sa rekololwa gope, le fa e le go newa kgololo; ba tlaa sekisiwa, ga ba ketla ba bolawa, ka mosadi a ne a sa gololwa."
"Keletso e e dirafetseng e monate mo moeng, mme go fedise dieleele pelo go tloga mo bosuleng."
"Moperesiti o tlaa mo direla tetlanyo fa pele ga Jehofa, mme o tlaa itshwarelwa, ka ga sengwe le sengwe se o ka se dirang, mme a nna molato ka ga sone.”"
"Dikgang14...Kopo ya mosireletsi wa sechaba Busisiwe Mkhwebane ya go ikuela kgatlhanong le pegelo ya projeke ya dikuno tsa mashi ya Estina kwa Vrede kwa Free State e ntshitswe mo lenaaneng la kgotlatshekelo kgolo ya Pta...Go dumelwa fa boruni kwa PIC bo ne bo dirisetswa go ntsha mo maemong badiri ba ba neng ba dirisana...
"Tsaya ditshwantsho le go gatisa menwana ya badiri botlhe ba gago . "
"Seno se kaya gore basadi le banna ba tshwanetse go nna le ditshono tse di lekalekanang mo tirong . "
"Bapisa go tsamaisa mesifa ya menwana le go tsamaisa mesifa ya loleme le dipounama ka go leba tekanyetso e e amanang le tsone , mmogo le dithutiso tse di ka dirwang . "
"Ditiragalo tseno tsa go tshwara batho bano di bontsha sentle gore dithulaganyo tse di leng teng di a kgona go dira fa go tla mo go rweseng batho melato ya ditiro tse di setlhogo tse ba di dirileng le go netefatsa gore molao o se nne le bao o ba tshabang kgotsa o ba ratang go gaisa ba bangwe Kabinete e kgalema ka mafok...
"Komiti ya Ditona tsa ka fa Nageng (IMC) e e Samaganeng le Tiro ya Pusetso ya Dinaga."
"Ka ga Mothatayotlhe, ga re kake ra mo tlhantlhabetsa, o tlotlometse mo thateng, mo katlholong le mo tshiamisong e e tletseng, ga a ketla a patika."
"Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, lona lo tlaa lela, lo hutsafala mme lefatshe le tlaa itumela; lo tlaa nna le bohutsana, mme bohutsana jwa lona bo tlaa fetoga boitumelo."
"Baithuti ba nako e e tletseng ba ele tlhoko gore kgato eno fela e tshwanetse go dirwa fa ba rutwa e leng fa go tlholwa bokgoni jwa bone . "
"Dikgang tse tsa hakgamatsa bontsi thata ka mongwe le mongwe a bona fa setlhopha sa Notwane se dira sentle thata ka se gwetlha bosimega jwa liki ya Debswana ya monongwaga."
"Sekolo seno, se se leng kwa Mthatha kwa poro fenseng ya Kapa Botlhaba, kwa tshimologong se ne se tsenelwa mo keratšheng ya o mongwe wa baagi yo sekolo seno se reeletsweng ka ene, ebong Nkululeko Ralo.
Fa dingwaga di ntse di tsamaya, le sona sekolo seno se ne sa nna se ntse se tsamaya se gola le go fuduga.
Le fa go le jalo, barutabana ba sekolo seno mmogo le baithuti ba sona fa e sale sekolo seno se simolola ga ba ise ba tle ba ipone ba tsena mo moagong o o diretsweng gonna sekolo go fitlha mo malobanyaneng fale, fa bane ba bulelwa mejako ya sekolo se sentšhwa sa ma emo a a kwa godimo.
Sekolo seno gore se fetswe go agiwa ke ka ntlha ya Letsholo le le Potlakisitsweng la go Tlisa Mafaratlhatlha a Dikolo (ASIDI), le le thankgolotsweng ke Lefapha la Thuto ya Motheo mo ngwageng wa 2011.
Letsholo leno maitlhomo a lona ke go fedisa dikolo tse di bayang mo kotsing matshelo a barutwana le a batlhankedi ba dikolo, ka ntlha ya go tlhoka dikago tse di botlhokwa tse di tlhokagalang, metsi, dintlwanaboithusetso le motlakase.
Go fitlha mo motsing ono ka letsholo leno la ASIDI go setse go agilwe dikolo di le 266, go agilwe dintlwanaboithusetso mo dikolong di le 886, dikolo di le 1 030 di tsenyeditswe metsi fa dikolo di le 372 tsona di tsenyeditswe motlakase.
Barutwana ba Nkululeko Ralo Primary School jaanong ba na le diphapo siborutelo tse di matshwanedi le lefelo le le nang le didirisiwa tse di tlhokaga lang mo dithutong tsa bona, laboratori ya saense, lefelo la go tshwarela ditirelo tse di farologaneng mo go lona le lefelo la bojelo. Go nna le ponelopele e e tshwanangMo...
Toro ya gagwe ya go simolola sekolo mo motseng wa gaabo e simolotse ka 1988, mme mo ngwageng yo o latelang o ne a simolola go abelana ponelopele ya gagwe le baagi ba motse wa gaabo.
“Mo motseng wa rona go ne go tletse bana ba ba tshwanetseng go bo ba tsena sekolo mme ba ne ba sena ko ba ka yang sekolong gone. Ponelopele ya me e ne ya itumedisa Nkululeko Ralo, yo a ithaopileng go re adima keratšhe ya gagwe gore re e dirise jaaka sekolo,” Gilman o tlhalositse jalo.
O tlaleleditse ka gore Ralo o ne a tsaya matsapa a mangwe gape a ya go batla khontheinara ya Telkom e le yona e neng ya dirisiwa jaaka e nngwe ya diphaposiborutelo. Ralo o ne a kopa gape ba bangwe ba le babedi ba baagi mo motseng ba ba neng le bona ba na le dikeratšhe go re adima tsona gore re di dirise jaaka diphaposi...
Ka maswabi Ralo o ne a thula botala ka tlhogo mo ngwageng wa 2004.
Mo ngwageng wa 1994, sekolo seno se ne sa fudugela kwa Holong ya Eli Spilkin, e e neng e agilwe ke rrakgwebo wa mo motseng yo leina la gagwe le ene e neng e le Eli Spilkin.
“Mo ngwageng ona oo re ne ra rekelwa dintlwanaboithusetso ke Lefapha la Thuto ya Motheo la porofense.
Ke ne ka simolola ka tswa letsholo la go batlana le naga eo re ka agelwang sekolo sa rona mo go yona. Re ne ra neelwa naga ya diheketara di le tlhano mo ngwageng wa 1998,” ga rialo Gilman.
Re ne ra adimiwa gape le diphaposiborutelo di le tharo ke ba mokgatlo o o sa direng le tseno wa Kats and Spaks, mme baagi ba motse le bona ba ne ba itlola matlere mme ba ikagela diphaposi tse dingwe gape di le tlhano tsa mmu.
Fa dingwaga di ntse di tsamaya Gilman ga a ke a ema teng foo, o ne a tswelela go lwela gore sekolo seno se tokafadiwe mme kwa bofelong Kantoro ya Tona kgolo ya Puso ya Porofense ya Kapa Botlhaba le yona e ne ya rekela sekolo seno diphaposi tse dingwe gape di le tlhano.
Ka ngwaga wa 2014, dilo di ne tsa fetoga fa Lefapha la Thuto ya Motheo, ka le tsholo la ASIDI, le ne la ntsha thendara ya go agela sekolo sa Nkululeko Ralo Primary School sekolo.
“Go simolotswe go agiwa sekolo seno ka ngwaga wa 2018 mme go ne ga fediwa go se aga mo ngwageng wa 2021, mme seno ke ka ntlha ya ASIDI,” Gilman a rialo.
Go rotloetsa barutabana go ruta le baithuti go ithuta