text stringlengths 0 40.2k |
|---|
"Ditumelelano le boemo jo bo setseng bo ka se amiwe ke go se patelesege kgotsa go se amogelesege ga ditirelo tse , mme bo tla nna bo patelesega le go dirisiwa . " |
"Fa o dirile phoso dirisa raba e e boleta go phimola phoso mme o kwale karabo e e nepagetseng . " |
"Fa Daleen Claasens a ne a lalediwa ke tsala ya gagwe go ya kwa tlelaseng ya go bopa dilo tsa letsopa, o ne a sa itse gore o ne a tlile go rata tiro eno fela thata." |
"Foo ga fetola Esethere, a re: “Thapelo le topo ya me ke e:" |
"Mo letsatsing le , gape re keteka diphitlhelelo tsa batho ba rona gompieno ka ba tswelela pele go dira pharologano malebana le tlhamo ya setšhaba se se siamisitsweng se se ikaegileng ka melao ya motheo ya go se kgetholole ka mmala , ka bong le temokerasi . " |
"PAC ya re e solofela go kitlana go tswa kwa khonferenseng ya yona ya go tlhopa boeteledipele kwa Kimberley le baya malatsing a khunologo ba ne ba tshwanelwa ke go ntshiwa kwa Sun City Resort kwa kgaolong ya Rustenburg mo no North West, morago ga gore kgaolo eo e padimolwe ke dipula tsa maatla ka dibe le merwalela.. Ts... |
"Batlhankedi ba dumelelwa go ntsha thebolelo mme batlhankedi ba sepodisi ga ba a tshwanela go okaoka go dirisa mokgwa o go bona thebolelo , segolo fa go magisetara yo o nang a le teng . " |
"Thuto ya poko e rutiwa ka go sekaseka maboko a le mantsi a a farologaneng . " |
"Botlhe - Bana botlhe ba ile sekolong / Yotlhe - Ntšwa e jele nama yotlhe . " |
"Ga go diforomo tse di tshwanetseng go tladiwa . " |
"Puso e na le maikarabelo a molaotheo go netefatsa mo go tlhokegang ka didiriswa tse di leng teng - gore baagi botlhe ba ka itumelela go nna le ditshwanelo tsa botho tsa go nna le lefatshe le kgotsa matlo a bonno . " |
"Tirelo ya segopotso e tla tshwarwa mme dintlha tsa yona di tla itsisiwe mo tsamaong ya nako." |
"Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Taolo ya Tsamaiso ya Puso (PAMA) wa ngwaga wa 2023 Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Palamenteng Molaotlhomo wa ngwaga wa 2023 wa PAMMaitlhomomagolo a Molaotlhomo ono ke go tokafatsa kabo ya ditirelo ka go dira gore e tsamaisane le palo ya badiredi ba ba leng teng,... |
"Kabinete e atlenegisitse go romelwa ga Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Phimolakeledi ya Dikgobalo tsa kwa Tirong le Malwetse a a Bonwang kwa Tirong wa 2019 kwa Palamenteng." |
"Go rulagantswe matsholo a Ponelopele mme a tlhagisiwa ka katlego kwa baemeding ba ba neng ba tswa kwa maphateng a borutegi , mo setšhabeng , kwa diindasetering mmogo le kwa pusong . " |
"Gonne botshelo jwa nama ke madi; ke a lo neile mo sebesong go direla mewa ya lona tetlanyo, gonne madi ke one a a dirang tetlanyo ka ntlha ya botshelo." |
"Ga ke tlhaloganye gore ke eng rre wa gago a sa nne fa fatshe le wena la lebisana mabaka ka kgang ya lona." |
"Leoni o ne a neela puo ya thuto ya gagwe ya PhD, ya setlhogo se se reng: “Boitekanelo le thotloetsego ya batho ba ba sa berekeng” kwa Greece ka Seetebosigo 2016." |
"Maitsholo a maemo a a kwa godimo a tla tokafatsa go tlhoka diphitlhela ga badiredi ba tsa molao mme dithulaganyo di botlhokwa mo go sireletseng seriti le botlhokaphitlhela mo thulaganyong ya lefatshe ya tsa matlole." |
"Lillian Mogotsi mo dikganngeng tsa gago tsa ura le ura go fitlha ka ura ya Bone thapama, tsona di simolola ka tse di reng..11DikgangMaemo a ritibetse kwa Coligny le motseseteropo wa Tlhabologang mo profenseng ya North West, go latela ditshupetso tse di neng di tletse tiriso dikgoka tse di simolotseng dibeke di le pedi... |
"Senwelo le sone, a se tsaya jalo, morago ga go sena go jewa, a re: “Senwelo se, ke kgolagano e ntšha mo mading a me, e bong a a tshololelwang lona." |
"Ga twe go tshego ba ba pelonomi , gonne bogosi jwa legodimo ke jwa bone . " |
"Ka lenaneo la ntlo ya Tshiamo (ntlo ya tlhokomelo) matlo a nakwana a boroko, tlhokomelo ya melemo, le dijo di fiwa balwets ifa ba " |
"Ntlha ya botlhokwa gape ke go e farologanya le Neeletsano ka gore di batlile di tshwana ka maikaelelo . " |
"Mme lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna, la re:" |
"Le tla tsepamisa mogopolo mo tsweletsong e e sa kgaotseng ya Dipusano tsa Bosetšhaba, e e rotloetsang batho go buisana ka leuba la tirisodikgoka e e totileng batho ba bong jo bo rileng (GBV)." |
"Mefama ya diterama tsa Setswana . " |
"Ditiragatso tsa go sa utlwane di ka rotloetsa barutwana go bua ke ntlha ya gore mmui mongwe le mongwe o tla bo a batla go buelela maemo a a iphitlhelang a le mo go ona . " |
"A nosa masimo a balemi ; a nosa dijalo le diruiwa tsa baagi ba metsemagae ; a tlamela boitap-oloso , a tshegetsa tikologo , a tshegetsa ditoropo le ditoropokgolo , meepo , indaseteri le tlamelo ya maatla . " |
"Gonne fa yo o tsileng koo a rera Jesu mongwe o sele, yo re se kang ra mo rera, kgotsa fa lo amogela mowa mongwe o sele, o lo se kang lwa o amogela, kgotsa mafoko a a molemo a sele, a lo se kang lwa a amogela, lo dira sentle jang fa lo iphapaanya nae." |
"A rata go itshwarelela mo kamong(comb) mme di rata go nna gaufi le matlho a dikgogo." |
"Lona lo balogi ba maaka lotlhe fela, lo dingaka tse di se nang tiro." |
"Ke tlaa lo itseela go nna batho ba me, ke tlaa nna Modimo wa lona; mme lo tlaa itse fa ke le Jehofa, Modimo wa lona, yo ke lo ntshang tlase ga merwalo ya Baegepeto." |
"Tlhalosa dikapuo tse di latelang o be o sedifatse ka dikao tse di maleba . " |
"Go na le Batswana ba ba farologaneng , ba farologantshwa ke idteme , ditso tsa bona le mafelo a ba nnang kwa go ona . " |
"O dire dikgoge di le 50 ka gouta, o kgogetse matsela ka dikgoge, mme motlaagana o tlaa bo o le mmogo." |
"Jehofa o a busa; a ditšhaba di rorome; o ntse mo ditšherubeng; a lefatshe le tshikinyege." |
"Kwala mafoko o a ntshofaditse mo thanoding ya gago . " |
"Re tlhophile e o ka kgonang go e dirisa kwa sekolong ka nako ya gago ya go ikatisetsa go ruta . " |
"Tota bakwadi bangwe ga ba dirise morumo gonne o ba kgoreletsa go tlhagisa ka botlalo se ba se kayang . " |
"Dinotshe tsa badiri tsa bašwa di tlhoka borotho ba dinotshe bo nonneng ka diporoteini go tlhabolola dikgeleswa tse di di tlhokang jaaka dinotshe tse di godileng go fepa mokone le notshe ya tswine ya dinotshe ya kgosigadi." |
"Kabinete e amogela dipoelo tsa Samiti ya bo 12 ya BRICS eo e neng e eteletswe pele ke Moporesidente Cyril Ramaphosa." |
"Palo ya batho botlhe ba ba nang le ditiro e ne e tsamaya mo go dimilione di le 15, 6 mo kotareng ya bobedi ya ngwaga wa 2022, mme fa palo eno e bapisiwa le mo kotareng e e fetileng go bonagala gore palo ya batho ba ba senang ditiro mo kotareng ya bobedi ya ngwaga wa 2022 e oketsegile ka 132 000 mme batho ba ba senang ... |
"E ne e tllhatlheletswe ke ditheo tse di tswang mo Molaong-Tiragatso wa Thuto le Katiso ( 1995 ) , Molaong wa Borutegi jwa Aforikaborwa wa palo ya 58 ( 1995 ) le mo Molaong wa Pholesi ya Thuto ya Bosetšhaba ( Palo ya 27 , 1996 ) . " |
"Jalo mmetli wa dikgong a nametsa mothudi wa gouta, yo o rethefatsang ka notwana, a nametsa yo o batolang mo lentswetshiping, a bua ka ga go tshwaranya ka selomaganyi, a re: “Go molemo;” mme a se kokothela ka dimapo, gore se se tshikinyege." |
"Mo letsholong le le okeleditsweng nako ya go nna mo tirisong la Vooma Vaccination Week go simolola ka la bo 3 go fitlha ka la bo 10 Sedimonthole 2021, diketekete tsa batho di tsweletse go tla go tlhabela meento mo mafelong a go tlhabela meento a re a butseng mo nageng ka bophara." |
"ya boikemisetso ya setlhopha sengwe le sengwe se se na leng setso le puo ya setso e" |
"Seabe sa batlhatlhobi ba boitekanelo le pabalesego ya mo tirong ba Lefapha la Badiri se a tlhalosiwa . " |
"A sa bone le gore go batho foo." |
"e tshwanang, mo melelwaneng ya Rephaboliki kgotsa ka mokgwa mongwe gape, o o" |
"Faro a laola bagobagobetsi ba batho ka tsatsi leo, le maotlana a bone a re:" |
"Semele a re komiti e ya gompieno e tshwanetse go ntshiwa fela ka bongwe jwa pelo gore go tsene batho ba ba nang le tlhaloganyo ga go thusa morafe, eseng go o gataka ka dinao le go o nyatsa." |
"“Foo lesedi la gago le tlaa betlama jaaka phepafalo ya moso, le go fola ga gago go tlaa runya ka bonako; le tshiamo ya gago e tlaa go etelela pele; le kgalalelo ya ga Jehofa e tlaa nna tshimega ya gago." |
"Pakathuto le fa e ka nna metsotso e e 30 fela e tlhoka gore wena morutabana a ipaakanyetse yone sentle . " |
"Neelana ka tsela ya go fetisa tshedimosetso le go godisa maikaelelo a bonetetshi ( saentshe ) , thekenoloji le thuto ya tikologo . " |
"Fela ga go ope fa e se rona , yo o tla netefatsang gore toro e e a fitlhelelwa . " |
"Dirutwa tsa thuto le tsone di tla nna teng e le dikhopi kgotsa di tla nna gone ka mokgwa o mongwe o sele fa di sa gatisiwa, mme Louis a re ba rotloeditse badiri le baithuti gore ba di dirise." |
"Gore ba sekisiwe botlhe ba ba se kang ba dumela boammaaruri, mme ba natefelwa ke tshiamololo." |
"Mogang lo utlwang ka ga dintwa le dikudumedi tsa batho, lo se ka lwa rerega, gonne dilo tse di tshwanetse go dirala pele; mme bokhutlo bo bo bo ise bo nne gaufi.”" |
"Dikgang16h00 Anc e ganetsa magatwe a gore letsholo la go utlwa maikutlo a baagi mabapi le go fetolwa ga karolwana ya bo25 ya molaotheo, e ne e sa tlhamlala.. Kgotla ya Bosechaba ya DiProfense e voutile ka kemonokeng ya DiProfense tse dingwe gore komiti ya nakwana ya Palamente e etsengtlhoko tsereganyo e e reboletsweng... |
"Wa mo naya taolo mo ditirong tsa diatla tsa gago; o beile dilo tsotlhe tlase ga dinao tsa gagwe;" |
"ba ga Arote, losika lwa Baarote; ba ga Areli, losika lwa Baareli." |
"Fa moikarabedi e se Moaforikaborwa , ditlankana tse di amanang le taelo ya bofelo di romelwa ke kantorokgolo ya DoJ&CD go magiseterata wa sedika se moikarabedi a nnang kwa go sona . " |
"Lo tlaa bua nabo jaana, lo re: “Medimo e e se kang ya dira magodimo le lefatshe, eo e tlaa nyelela mo lefatsheng, e ba e tswa fa tlase ga legodimo.”" |
"Batho ba ba nthapileng bao , ba setse ba ntsholofeditse thuso ya gore fa lo tlhoka madi a sekolo , ba tlaa a nkadima gore ke lo rute . " |
"Thulano ya teko ya HIV e e dumelang mo molekaneng wa gago , tsala e e gaufi , le lelapa . " |
"Kitso e golaganya teori , bokgoni le boleng . " |
"Semillion e ka dirisiwa ka bonosi kgotsa jaaka setswaki sa mefuta e mengwe." |
"(d) Bokgoni jwa go kgobokanya makgetho, makgethwana le makgetho a ditirelo;" |
"Molao wa Tsamaiso ya Modiramolato o tlamela gape dikaelo go tlhomamisa gore diphuruphutso tsotlhe le ditseo di fitlhelela ditlhokego tsa botho ba motho ( karolo 29 ya Molao wa Tsamaiso ya Modiramolato ) . " |
"Dijo tsa gago tse o tlaa di jang di tlaa jewa ka selekanyo sa bokete, e bong dikerame di le 230 ka letsatsi; o tlaa di ja ka motlha le motlha." |
"Motlhankedi mogolo wa bosetšhaba a ka re , mo kgatlhegelong ya setšhaba a gogela morago tetla nngwe le nngwe , kana a tsenya e ntšha kana a maemo a tlaleletso mo tetleng , a ntshitswe go ya ka karolotlaleletso ( 1 ) ( a ) . " |
"Mo malobeng jaana go ne go le tsheko e tona kwa gaabo mogatsa Ntope ka ntlha ya go tlhoka go naya mosadi lorato ga ga Ntope ka a lebeletse Nkefi . " |
"Morutabana le morutwana ke batsayakarolo mo thutong ya puo mme tiro e ntsi e dirwa ke barutwaba ka thuso ya morutabana . " |
"“O tlaa bua nabo mafoko otlhe a; mme ga ba ketla ba go reetsa; le gone o tlaa ba bitsa; mme ga ba ketla ba go araba." |
"Mme fa ba sena go phuthagana jalo, mokwadisi a iteela MaAferika Borwa mogala a re “Tlang le ba tsee,” lefelo la fetoga Lebatsee, Lebatsee a fetoga Lebatse, Lebatse a fetoga Lobatse." |
"2.1.2 Ditirwana Kwala tlhamo ya boleele jwa mafoko a a ka nnang 400- 450 ka NNGWE FELA ya ditlhogo tse di latelang. O se ka wa lebala go thala letlhomeso kana Ipaakanyetsotiro, go tlhagisa setlhangwa sa ntlha le go se runa diphoso pele o kwala sa bofelo. 2.1.2.1 Ke ne ka ikotlhaela go bo ke tobeditse “romela”, mo moga... |
"“Ga go na sepe fa e se go ikana le go tlola maikano, go bolaya, le go utswa, le go dira boaka; ba tla ba phomele, mme madi a batho a tshwaraganye le madi." |
"Tlholego go tlotla ditshwanelo tsa botho go ka isa kwa go tse di latelang : Kgalemo No 2 . " |
"A re o utlwaletse gore majalwa ao a tsenngwa dilo di tshwana le metsi a malatlha le tse dingwe tse di sa siamang e le tsela nngwe ya go leka go a dira bogale." |
"groote laagte ke motse oo mo kgaolong ya kgaolo ya ghanzi mo lefatsheng la botswana motse gautshwane le molelwane wa namibia mo bokone bophirima jwa kgalo ya ghanzi motse wa groote laagte na le sekole se se potlana fa godimo ga moo ka ngwaga wa motsana nale palo batho ba le makgolo mane le masome borobabobedi le borar... |
"Rejisetara , sehalo le setaele di batla di sa loka ; bontsha bopaki bo haellang ba setaele sa hae . " |
"Dikao tse dingwe tsa letlhologela ke tse . " |
"Foo Isaia a raya Hesekia a re: “Utlwa lefoko la ga Jehofa wa masomosomo:" |
"Jehofa a raya Ahija a re: “Bona mosadi wa ga Jeroboame o tla go botsa mo go wena ka ga morwawe; gonne o a lwala. O tlaa bua nae o re, o re: Gonne go tlaa dirala go re fa a tsena, a itsheme mosadi o sele.”" |
"Tlase ga gagwe go ne go le Etene, le Miniamine, le Ješua, le Shemaia, le Amaria le Shekania, mo metseng ya baperesiti, mo tirong ya bone e e tlhomameng, go abela bomonnaa bone ka makoko a diphapaano, ba bagolo le ba bannye." |
"Fokotsa lebelo mme o nne o lebeletse pharakano e nngwe le batsamayakadinao ba ba tlang kwa makgabaganyong . " |
"Kabinete e neseditse pula NPAC ya bone, e e diragatsang maikano a naga ya rona mo Tumelanong ya Dinagakopano (UN) mabapi le Ditshwanelo tsa Bana mmogo le mo Tumelanong ya Dinaga tsa Aforika mabapi le Ditshwanelo le Tlhokomelo ya Bana." |
"Se se supa gore kgogedi e botlhokwa thata mo eseing . " |
"Nna le tshono ya go gapa botlhanngwe jwa R 58 000.00 jaaka re keteka dingwaga dile 58." |
"Go Ranola Tshedimosetso : Moithuti o kgona go kgobokanya , go sobokanya , go anega le go sekaseka tshedimosetso go kgona go fitlhelela bokhutlo le go dira diponelopele le go ranola le go tlhotlhomisa kgonagalo ya phetogo . " |
"Diriti tse tharo tse ke Modimo o le mongwe fela: Rara (bapisa le Baef." |
"Ka a le moeteledipele yo mogolo go feta wa metswedithuso ya batho mo setheong, morwalatiro o na le boikarabelo mme o tshwanetse go arabela boeteledipele mo tiragatsong ya ditirwaneng tsotlhe mo lefapheng le le bopetsweng mosola o." |
"Molao wa Ditheo tsa Bommasepala ba Dipusoselegae, 1998, o kaela gore gareng ga tse dingwe, bommasepala ba tlhome mekgwa ya go rerisana le baagi le mekgatlo ya baagi fa e diragatsa ditiro tsa yona le dithata tsa yona." |
".[2" |
"Eiye ke setlhatshana sa losika looselele mo lolapeng lwa Liliaceae se se godisetswang segwere sa sona se se jegang." |
"Souzão gape e peletwa ‘Sousao’ kgotsa Souson fela jaaka go tshwanetse Vinhao." |
"06 Dikgang Kgetse ya bonweenwee kgatlhanong le mopresidente wa pele Jacob Zuma e tlile go busediwa morago beke eno mme e tla tswelela mo bokhutlong ba Seetebosigo, ka ntlha ya leroborobo la Covid 19.Setlhopa se se kgarakgadiwang ke kgato e e tsweletseng bosetshaba ya go laolwa ga metsamao, ya re batho ba feta dikete t... |
"“O ke one molao wa yo o nang le keleketlo, le wa yo peo ya gagwe e tswang mo go ene, a nna itshekologo ka gone;" |
"A ga lo gakologelwe fa e rile ke sa ntse ke na le lona, ka lo bolelela dilo tse?" |
Subsets and Splits
No community queries yet
The top public SQL queries from the community will appear here once available.