text
stringlengths
565
8.03k
label
int64
0
9
Batswana ba rotloediwa go tsaya dikarata tsa Omang ba sena go di shafatsa go hema mosuke kwa diofising tsa Omang. E rile mogolwane wa Omang mo kgaolong ya Kgatleng, Mme Boikhutso Shawe a bua mo potsolotsong le A re le fa go ntse jalo, bontsi jwa Batswana ba shafatsa boOmang mme ba tsee sebaka go tla go ba tsaya mme se...
7
Mapodisi a Tshane a tlhotlhomisa kgang e mo go yone, koloi ya modiro wa Isuzu e oleng ya bo ya gapa botshelo jwa motho mo tseleng ya Hukuntsi/Zutshwa mo bosheng. Go ya ka mothusa mogolwane wa mapodisi a Tshane, Assistant Superintendent Batisane Modise, kotsi e e diragetse fa gare ga metse ya Zutshwa le Hukuntsi, dikhil...
2
Moeteledipele wa botsogo le pabalasego wa meepo ya Orapa,Letlhakane le Damtshaa(OLDM) Rre Badiri Motlaleng o tlhalositse fa tshomarelo ya tikologo e le maikarabelo a batho botlhe. Rre Motlaleng o buile se kwamoletlong wa go ipelela phepafatso ya tikologo ya metse ya kgaolo ya Boteti o oneng o rulagantswe ke khansele-po...
3
Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama o itlamile go oketsa ka fa a ntseng a dira ka teng go tlhomamisa gore matshelo a Batswana a a tlhabologa. E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Hatsalatladi mo kgaolong ya Kweneng ka Tshipi, Tautona a tlhalosa fa a se kitla a boela morago tsholofetso ya go tlhabolola matshelo ...
9
Thuto ke lesedi le legolo le le sekeng le tima, le e reng fa motho a le mo go lone a bo a ka seke a timele e bile a kgona go nna le seriti. Mafoko a, a boletswe ke Mme Marriam Matlou wa kgotlana ya Lesung kwa Sefhare yo o itlhalositseng fa a ne a seke a ipona tsapa go inaakanya le sekole sa thuto-ga e-golelwe. Mme Matl...
4
Motswana o sale a buile a re selo se kopelo e a tsalelwa, e tshwana le bogosi. O ne a opile kgomo lenaka ka jaana ga se mang le mang yo o ka reng o dira pina ya dikopelo mme batho ba tlhaloganye molodi wa yone. O supile fa go ne go opelelwa kwa masimo mme le tsone dikhwaere di ne di le palo-potlana mme batho ba itse ko...
9
Banni ba Sexaxa mo kgaolong ya Bokone Bophirima ba itumeletse go amogela badiragatsi ba ba farologaneng go tswa mafatsheng a sele ba ba tsileng kwa kgaolong ya Nhabe mo thulaganyong e e tsweletseng ya botaki le bodiragatsi. Mo potsolotsong bosheng, kgosi wa motse oo, Rre Thaloganyo Lekang a re ba itumetse fela thata ka...
0
Mothusa Tona wa Lephata la Papadi le Madirelo, Rre Sadique Kebonang, a re o tshwenngwa ke gore batho ga ba dirise mananeo a a mo lephateng leo. Rre Kebonang o tlhalositse se mo phuthegong ya baagi ba Tsholofelo mo kgaolong ya Gaborone Bokone bosheng. “Ga re itse gore a ke gore ga le itse gore mananeo a teng, kgotsa le ...
3
Baithuti ba sekolo sa Baisago University College ba abetse sekolo sa bana (pre school) sa Botshelo Ithuteng kwa Serowe dimpho tse di farologanyeng tsa madi a a fetang dikete tse thataro bosheng . Fa a bua kwa moletlong wa go abela bana bao dimpho, mogolwane wa thuto kwa Serowe, MmeThusego Baloni a re sekolo sa Baisago ...
4
Unibesithi ya dithuto tsa boranyane ya seemo sa mafatshe ya Botswana (BUIST)e solofetswe go bo e dira ka botlalo go tswa kwa dikagong tsa yone kwa Palapye go simolola Firikgong ngwaga o o tlang jaaka go tlaa bo go weditswe go e fudusa. Pego go tswa kwa sekoleng seo e tlhalosa gore go fuduga ga unibesithi eo go ya kwa d...
4
Erile a amogela baeng kwa moletlong oo, modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Kweneng, Rre Moemedi Babitseng, a re maikaelelo ke go rotloetsa bao ba ba dirileng sentle go tswelela ba dira ka natla go feta fa, le gone go rotloetsa bao ba ba sa dirang sentle go iteka mo nakong e e tlang. Mokwaledi wa lekgotla leo R...
9
Kereke ya Spirit Embassy e abetse baithuti ba sekole se segolwane sa Shanganani kwa Tsamaya dikobo, melora, mesangwana ya bomme le tse dingwe, morago ga go amiwa ke molelo o o neng wa senya matlo a basetsana a borobalo Mopitlo a tlhola lesome le bobedi. E rile a amogela dimpho tseo ka Matlhatso, mogokgo wa sekole seo, ...
4
Kgosi Moitshephi Molelwa wa Gumare o ikuetse mo go motshwarelela tona wa thuto, Rre Mokgweetsi Masisi ka tlhagogo ya bolwetse jwa tlhako le molomo jo bo utlwaletsweng mo kgaolong ya Okavango. O buile se fa a amogela Rre Masisi kwa tholong semmuso ya ntlhopheng wa mopalamente wa kgaolo ya Ngami wa phathi ya Domkraga, Rr...
6
Ngwao e ruta motho go itse le go tlhaloganya se a leng sone. E rile a bua mo moletlong wa go tsosolosa ngwao le go bula semmuso ntlo ya Setswana kwa Letlhakeng bosheng, Kgosi Puso wa Batlokwa, a tlhalosa gore ngwao ke selo se se rayang gore motho a batle gore ke mang, o tlholega kae, le gone gore ke wa letso lefe. A re...
0
Go ithola ditiro ga goromente yo motoa le yo mmotlana, ke yone tsela e e siameng ya go tsamaisa puso. Mafoko ao a builwe ke modulasetilo wa lekgotla la dikhansele (Botswana Association of Local Authorities) BALA, Rre Mpho Moruakagomo. Rre Moruakgomo o ne a lekodisa batsaya dikgang ka Labobedi ka dithulaganyo tse di dir...
7
Badirela puso mo khanseleng-potlana ya Palapye (PAA) ba apesitswe kobo ka letshoba ke bogodu jwa go thujwa ga dikoloi le go utswiwa ga leokwane ka dinako tsa tiro le morago ga tiro maitsebowa. Se se utlwala jaana morago ga gore badirela puso ba ofisi ya ga molaodi ba thubelwe dikoloi motshegare wa sethoboloko fa ba le ...
1
Rre Monyombo Phuthego wa Senete ke mongwe wa Batswana ba ba sa iponeng tsapa go itirela ka diatla gore a kgone go oba letsogo le gone go tlhokomela ba lelwapa la gagwe. A re le fa puso e intshitse setlhabelo go tswelela e tla ka mananeo a go ka thusa go tlhotlhora lehuma la nta ya thogo mo Batswananeng, se ga se rebole...
3
Kgosi wa Vaalhoek Kgosi Marea Bock o ngongoregile ka banana bangwe ba metse ya BORAVAST ba ba sa tlotleng kgotla ka go apara marokgwe fa ba ya kgotleng. Kgosi Bock o buile jalo ka Matlhatso (03/06/2015) mo tswalong semmuso ya letsholo la malatsi a le lesome a ba lekalana la Men Sector la go gasa melaetsa a ya HIV/AIDS,...
4
Banni ba metse e e kwa kgaolong potlana ya Okavango ba rotloeditswe go kwadisa matsalo, omang le dintsho. Se se builwe ke tona wa lephata la tsa pereko le selegae, Rre Edwin Batshu, fa a simolodisa letsholo la go isa ditlamelo tsa ikwadiso kwa kgaolong eo. Tona o tlhalositse fa ba lemogile botlhokwa jwa go nna ba etela...
9
Mapodisi a Kazungula a tshegeditse mosadi wa dingwaga tse di masome mararo le boferabobedi morago ga gore moratiwa wa gagwe a fitlhelwe a rapaletse mo gare ga mojako wa ntlo ya bone beke e e fetileng. Go ya ka mothusa mookamela mapodisi a Kazungula Assistant Superintendent Joseph Lepodisi, mapodisi ba ne ba amogela peg...
1
Mopalamente wa Maun Botlhaba, Rre Konstantinos Markus, o gwetlhile batsadi ba kgotla ya Disana kwa Maun go tsaya thuto ya bana ba bone ka tlhwaafalo. Rre Markus o buile seo kwa phuthegong ya batsadi le barutabana ya go tlhagolela go bulwa ga sekole se segolwane se sesha sa Maitlamo. A re batho ba Disana ba segofetse ka...
4
Banni Ba Lecheng ba akgoletse puso mananeo a a tokafaditseng matshelo a bone, segolo jang la dipilisi tsa diritibatsi, thibelo mogare go tswa kwa go mmangwana go fetela kwa leseeng gammogo le go nna le ngaka le baoki ba pelegiso. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Kelathegile Kedidimetse o buile se a...
7
Mothusa Tautona, Dr Ponatshego Kedikilwe, o simolodisitse kago ya ntlo e e tla a lopang madi a a fetang P200 000 kwa Mogapinyana. Ntlo eo ya dikamore tse pedi, boapeeelo, ntlwana le kwa go tlhapelwang teng, e simolodisiwa jaana morago ga gore ba lekalana la Round Table 64 ba tshwaragane le ba Botswana National Youth Co...
3
Mogolwane wa lekgotla le le tsamaisang ditlhopho la IEC kwa Boteti, Rre Gaolopelwe Ketlogetswe, a re go botlhokwa gore bontlhopheng ba tlhaloganye tsamaiso ya ditlhopho. Rre Ketlogetswe o buile jalo kwa thuto puisanong ya bontlhopheng ba kgaolo ya Boteti Bophirima kwa Rakops bosheng. O boleletse bontlhopheng ka tse di ...
7
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Mabutsane, Mme Keagisitse Mokgatle o kopile gore motse o direlwe tsela ya sekontere ka jaana ya ditena e sa lekana. O kopile jalo kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Tautona, Dr Mokgweetsi Masisi kwa Mabutsane ka Labobedi. A re le ntswa ba lebogela maiteko a puso a ...
7
Mme Sarah Mokgadi ke mongwe wa banana ba ba neng ba tsaya ka tlhoafalo lenaneo la puso le le thusang banana ka madi go simolola dikgwebo tse di potlana. O tlhalositse fa a ne a nna pelotelele mo nakong e a neng a batla thuso mo lephateng la banana, metshameko le ngwao gore a kgone go simolodisa kgwebo ya go roka diapar...
3
Tona wa ofisi ya ga Tautona le bodirela puso e bile e le mopalamente wa Moshupa, Rre Mokgweetsi Masisi, o kopile borre gore ba tlhokomele bana ba bone, ba se ka ba imetsa bommaabo. Rre Masisi o buile se fa a simolodisa tiriso ya diphala tse di tlhabang mokgosi, kwa Moshupa mo bekeng e e fetileng. A re fa borre ba sa tl...
4
Mapodisi ba tshwaragane le lephata la ipabalelo tseleng kwa Tsabong ba rotloeditse bakgweetsi ba dipagamo tsa setshaba go sala morago melao go hema dikotsi le go babalela matshelo a batho. E rile a buisa bokopano bosheng, mogolwane go tswa kwa lephateng la dipalamo le ipabalelo tseleng, Rre Tawana Babili a tlhalosa fa ...
6
Ngwao e kopanya merafe ebile go botlhokwa gore e lemogiwe gore banana bogolojang ba ba tswang kwa tlase ba kgone go e ithuta. Mothusa modulasetilo wa Batlokwa Development Trust e eeteletseng pele go rulaganyetsa letsatsi la ngwao la Batlokwa Rre PhilipMatsetse, o tlhalosise mo potsolotsong gore ka Matlhatso ba tlaatshw...
0
Tona wa lephata la tsa Merero ya Setshaba, Boagedi le tsa Bong, Rre Edwin Batshu o tsweletse ka go tlhatlhelela setshaba ka melawana e e tsamaisang ditirelo tsa lephata la gagwe. E ne ya re bosheng, Rre Batshu yo gape e leng mopalemente wa Nkange a buisa phuthego ya kgotla kwa Mosojane mo kgaolong ya Tati Bophirima, kw...
9
Le fa ntswa go tlwaelesegile gore bana ba ba amanang le kgokgontsho ke ba ba tsenang dikolo, masea a leng gone a tsholwang a kgokgontshiwa ke batsadi ka go itlhokomolosa boikarabeo jwa bone. Se se builwe ke Kgosi ya Zoroga mo kgaolong potlana ya Tutume, Rre Thomas Modiro kwa pitsong ya botsogo ka Labotlhano. O supile f...
9
Mokhanselara wa pele, Rre Joseph Leepile, o tlaa fitlhwa kwa Digawana kwa kgaolong ya Borwa ka Tshipi. Se se rurifaditswe ke monnawe moswi, Rre Edwin Leepile, mo potsolotsong ka Labone. Rre Leepile, yoo dingwaga tse 72, o tlhokafaletse kwa kokelong ya Athlone kwa Lobatase kgwedi eno e tlhola malatsi a mane morago ga go...
9
Motshwarelela mogolwane wa balemisi mo kgaolong ya Mahalapye, Mme Motlapele Phetlo, a re beng ba ditshukudu tsa temo ga ba tshwanela go dirisa tiego ya go tlhoka gona ga pula ka nako e le seipatlo sa go tlhoka go lemela Batswana jaaka puso e eletsa Mme Phetlo o boletse mo potsolotsong gore beng ba diterekere ba tshwane...
9
Mokwaledi mogolo yo mosha wa Botswana National Front (BNF), Rre Moeti Mohwasa, o lebogetse maloko a pele a komiti kgolo ya phathi eo tiro ya bone e ntle. E rile a bua kwa phuthegong ya babega dikgang ka Labotlhano, Rre Mohwasa a re boeteledipele jwa nako e e fetileng jwa BNF bo tlaa tswelela bo ba ema nokeng O ne gape ...
7
Motlobo wa dibuka kwa Lentsweletau o tsweletse ka go tsisa pharologanyo mo matshelong a banana ba koo gammogo le metse e e mabapi. Moithaopi kwa motlobong oo, Mme Charity Dikoko a re motlobo o, o ka fa tlase ga boeteledipele jwa komiti ya ditlhabololo tsa motse, mme o na le dingwaga di feta masome a mararo o ntse o tsw...
4
Banni ba Ntlhantlhe mo kgaolong ya Borwa ba itumeletse diofisi tsa puso tse di agwang kwa motseng oo. Kago e, e simolotswe ka 2014 mme e tlaa wela ngwaga ono o ya fifing, go ya ka modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Botsile Letlape mo potsolosong. A re kago eo e agwa ke khansele ka lenaneo la Ipelegen...
7
Moakodi wa lenaneo la nyeletso lehuma Mme Pinkie Nkele a re go botlhokwa gore Batswana ba ikwadisetsa mananeo a puso jaaka la nyeletso lehuma ka le kgonne go mo fa seriti mo setshabeng. Fa a tlhalosa mo potsolosong le Mme yo wa dingwaga tse di masome a mane le botlhano, mme wa bana ba bararo a re ka nako ya a fiwa dip...
3
Banni ba Mc Carthy's Rust mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba re ga ba jesiwe diwelang ke go tlhoka go tlhomamisiwa semmuso ga motse wa bone. Banni ba buile mafoko a mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa bone Rre Frans Van Der Westhuizen bosheng. Fa a amogela baeng, Kgosi Jonny Engleburg wa motse o...
7
Modulasetilo wa khansele ya Kweneng, Rre Jeffery Sibisibi a re Molepolole o lebanwe ke dikgwetlho di le mmalwa, ka jalo a kopa Bakwena go tshwaragana le khansele go rarabolola seemo seo. Rre Sibisibi, yo o neng a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Molepolole, a re mo ditshekatshekong tse ba di dirileng ba lemogile fa khan...
7
Puso e lebogela seabe sa batsadi ba ba tsereng boikarabelo jwa go tlhokomela le go godisa bana ba masika le ditsala ba ba tlhokafaletsweng ke batsadi. Mothusa tautona Rre Slumber Tsogwane o buile jalo pele ga letsatsi la botsalo jwa morena mo metseng ya kgaolo ya Boteti bophirima jaaka a ne a abela bana ba masiela le d...
9
Balemi barui ba Rakops mo kgaolong potlana ya Boteti ba lela ka tshenyo ya ditlou tse bareng di ba senyetsa didiba e bile di kgaola diterata tsa masimo mme di upotse temo ya bone ba bo boele kwa gae ba iphotlhere. Ba ntshitse selelo se mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mothusa tona wa lephata la temo-thuo, Rre Fidel...
9
Banni ba kgotlana ya Lemboko kwa Tonota ba ngongoregetse borukutlhi jo bo golelang pele mo motseng wa bone. Se se builwe ke Kgosi Moiteela Sebika fa a ne a amogela baeng kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Tonota e bile gape e le tona wa banana, metshameko le ngwao Rre Thapelo Olopeng Phatwe a...
1
Mookamedi wa lephata la metsi, Rre Obakeng Obakeng a re gore metsi a dinoka tse di ralalang mafatshe a tshwanetse go dirisiwa ka go kopanelwa ke batho ba mafatshe ao go setswe morago melawana ya lekgotla la ditshaba morago. Rre Obakeng o buile jalo fa a ne a tsibogela potso ya ga Mme Gaboutlwelwe Tshukudu yo o neng a n...
7
Makhanselara a kgaolo ya Legare ba re ba ngongorega ka tsamaiso ya mananeo a puso a a diretsweng go thusa Batswana mme jaanong go sa nne jalo. Ba buile mafoko a mo phuthegong ya khansele e e tsweletseng kwa Serowe fa ba akgela mo pegong ya modulasetilo wa khansele. Mokhanselara wa kgaolwana ya Mmadinare Bokone Bophirim...
7
Monana mongwe kwa Phala Road mo kgaolong potlana ya Mahalapye o itumeletse lenaneo la puso la go apeela badiri ba Ipelegeng. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Kesego Molabi, yo o dingwaga di masome a mararo le botlhano o boletse fa a simolotse go apeela badiri ba Ipelegeng ka Moranang. Mme Molabi o boletse fa a sa ...
9
Go setse go itshupile mo setshabeng gore bomme le bone ba na le bokgoni go ka nna le seabe se se bonalang mo mererong ya go ka tokafatsa le go tswakanya itsholelo ya lefatshe leno. Se se rurifaditswe ke Mme Dinah Luma wa Tati Siding mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, yo o inaakantseng le kgwebo ya go roka diaparo ka mefut...
9
Kgosi Masego Olebile wa Palapye a re bogosi bo tlhoka batho ba ba nonofileng ebile ba na le dikitso tse di ka itepatepanyang le seemo sa sesha. Fa a bua mo boemong jwa motswarelela kgosi kgolo ya Bangwato Kgosi Sediegeng Kgamane mo tirong ya go tlhoma kgosi Olgas Serumola wa Mathathane, Kgosi Olebile are go a itumedits...
9
Mokhanselara wa Tidimalo a re o tshwentswe ke banana ba ba sa buseng madi a ba a adimilweng go dira dikgwebo. Rre Solomon Dikgang o buile jaana mo bokopanong jwa khansele - potlana ya Serowe bosheng fa a ne a akgela mo pegong ya komiti ya ditlhabololo ya khansele potlana. A re pego e supa fa banana ba adingwa madi ka l...
3
Bakgweetsi ba kopilwe go kgweetsa ka kelotlhoko mo malatsing a tlaa simologang kgwedi eno e le masome a mabedi le boraro go fitlha e le masome a mabedi le bone, a Khawa Dune Challenge. Fa a buisana le ba lekalana la dikgang mo bosheng, mookamela mapodisi a pharakano kwa Tsabong, Asssitant, Superintedent Pandora Kgosimo...
2
Mogolwane wa khansele-potlana ya Tutume, Rre Maipelo Selatolo o tlhalositse gore bophepa ke ntlha e e botlhokwa mo botshelong. Rre Selatolo o buile jaana mo bokopanong jo bo neng bo kokoantse bagolwane ba khansele-potlana eo. O ne a re e le ba khansele ba na le mananeo a tshwana le a Ipelegeng, go thusa go sela matlaka...
5
Mothusa mookamela mapodisi a pharakano kwa Tsabong, Assistant Superintendent Pandora Kgosimore o akgoletse bakgweetsi ba Kgalagadi go bo ba tsibogetse maiteko a bone a go fokotsa dipalo tsa mokgwa wa go kgweetsa ba nole bojalwa le go tsamaya ka dikoloi tse di sa itekanelang mo kgaolong eo. O buile jalo bosheng mo puisa...
2
Bomme ba kereke ya Roma le dikereke tse dingwe ba gwetlhilwe go itsetsepela mo tumelong. Ba kgothaditswe go rapela le go ikanya Modimo ka dinako tsotlhe ka seo se ka thusa go fenya dikgwetlho tsotlhe tse ba kopanang le tsone mo manyalong. Mafoko a a builwe ke Moruti Steven Molefi, mogakolodi wa semoya wa kopano ya ga M...
8
Mopalamente wa Maun Botlhaba, Rre Kostantinos Markus a re kereke ke yone fela e ka bopang sechaba le go tsisa thitibalo le ledula gareng ga batho. E rile a bua kwa tshimolodisong ya kago ya UCCSA ya lekalana la Boseja Local Church mo Maun bosheng, Rre Markus a rotloetsa maloko go tlhoafalela go sokololela batho ba Kgot...
8
Mopalamente wa Ngwaketse Bophirima, Rre Mephato Reatile o boleletse banni ba metse ya Thankane le ba Samane gore puso e phimotse sekoloto sa go dira karata ya Omang le matsalo morago ga nako. A re se se diretswe go rotloetsa batho botlhe gore ba nne le ditlankana tse di ba supang gore ke bo mang ka di le botlhokwa mo m...
7
Baithuti ba sekole se sebotlana sa Seingwaeng ba tlaa fudusediwa kwa Kgatleng Brigade go sutela ditlhabololo. Mokwaledi wa tsa thuto mo Khanseleng ya Kgatleng, Mme Bophelo Mokgethi o buile mo phuthegong ya batsadi le barutabana bosheng. Mme Mokgethi a re sekole sa Seingwaeng se tlaa tlhabololwa ka lenaneo la go tokafat...
4
Banni ba kgotla ya ga Mafhikana kwa Kanye ba akgoletswe mowa o montle wa boipelogo. Seno se builwe ke modulasetilo wa khansele ya Borwa, Rre Alec Seametso mo phuthegong bosheng fa a ne a ile go ba lebogela go bo ba mo file mokhanselara wa bone, Rre Thamiso Chabalala. Rre Seametso o tlhalositse fa banni bao ba itiretse ...
7
Modula setilo wa khansele ya Kweneng, Rre Jeffrey Sibisibi o roletse morafe wa Lentsweletau P3.2 million go duela batho ba ba sutetseng tsela ya Lentsweletau/Mahetlwe/Hatsalatladi. Rre Sibisibi o tlhalositse fa thulaganyo eo, e e weditsweng ka 2010, e ne ya kgorelediwa ke tlhaelo ya madi. A re o lebogela gore tsela e b...
9
Batswana ba ntshitse maikutlo a a farologanyeng mabapi le tshwetso ya puso ya go emisa thekiso ya bojalwa sebaka sa malatsi a masome mararo. Tshwetso e, ke maiteko a go kganela kanamo ya bolwetse jwa COVID-19 jo bo bakileng ketsaetsego le letshogo mo lefatsheng ka bophara. Batho bangwe kwa merakeng le mafelo mangwe aa ...
6
Rre Kenosi Shimane wa kgotla ya Sekgophane kwa Themashanga a re ga a kgobiwa marapo ke seemo sa gagwe sa go tshela ka bogole ka gonne le ene fela jaaka Motswana mongwe le mongwe o ikatameditse kwa go ba boipelego go kopa dithuso gore a inamole mo lehumeng le a leng mo go lone. Mo potsolotsong le lekalana la dikgang la ...
9
Batsadi kwa Thamaga ba kgothaditswe go tswa ka methale e e botoka ya go lwantsha seemo sa ditagi jaaka motokwane le majalwa mo motseng oo ka go lebega e le tsone di rotloetsang kgolo ya borukutlhi jwa banana jo bo tshedisetsang banni mo poifong. Seo se boletswe ke mogolwane wa sepodisi ka fa tlase ga lekalana le le ite...
1
Kago ya molelwane o o kgaoganyang dipolasi tsa Haina Veld le mafudiso a morafe mo kgaolong ya Bokone Bophirimae e simolotseng ka ngwaga wa 2011 e tsweletse sentle . Moanamisa mafoko mo lephateng la temo thuo, Rre Bautlule Kealatotse o tlhalositse fakago eo, e solofetswe go wela ngwaga ono o ya fifing. Are go setse go a...
6
Molaodi wa ditlhabololo kwa kgaolong potlana ya Bobirwa, Rre Claude Batsileo boleletse makhanselara koo ka ditlhabololo tse di tlaa dirwang mo lenaneong la ditlhabololo la NDP11 le la dikgaolo la DDP8. Rre Batsile a re mo dikopong tse di neng di tsentswe, lephatla la itshireletso, molao le thokgamo le tlaa aga diofisi ...
7
Kgosi ya Maake, Kgosi Boipelo Moilwa o akgotse badiri ba khamphani ya Majwe, go bo bane ba bona go tshwanela go abela banni dimpho tsa dikobo. Kgosi o dirile kakgolo eo mo kabong dimpho kwa motseng oo bosheng. Kgosi Moilwa are go aba dimpho ke go supa boikarabelo le go tsaya karolo mo go diragatseng matshego le dipilar...
9
Banni ba metse ya Gulubane, Masingwaneng le Mambo kwa kgaolong ya botlhophi ya Tati Bophirima, ba re ba sebete se molangwana mabapi le ka fa ditlhabololo le ditlamelo di gorogang kwa metseng ya bone. E rile ba akgela mo diphuthegong tsa kgotla di buisiwa ke mopalamente wa bone, Rre Biggie Butale kgwedi eno e le masome ...
7
Maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa Otse a kopilwe go bereka ka botswerere le go seegela dikeletso tsa bone kwa thoko gore ba tle ba kgone go dira tiro ya morafe ka botlalo. E rile a bua mo thuto puisanong ya maloko a VDC kwa Otse bosheng, Kgosi Mothusi Tsetse a ba gakolola go tla ka methale e ba ka tsenyang madi mo...
9
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabolo tsa Xhosa 1 kwa Mahalapye, Mme Gabofele Sabangwe, o galaleditse tirisanyo ya bone le maphata a a farolaganyeng a puso. Mme Sabangwe o buile se mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Botlhaba, Mme Botlogile Tshireletso, bosheng. E rile fa a lekodisa m...
6
Kgosi ya Khudumelapye, Kgosi Edwin Ramokobetwane o tlhokafetse. E rile a lekodisa ba lekalana la dikgang la BOPA Kgosi Itsoseng Gaoonwe, a supa fa Kgosi Ramokobetwane a tlhokafetse ka Mosupologo kgwedi eno e le masome a mabedi, morago ga go lwala ka lebaka. O supile fa kgosi a kile a bona kotsi ya koloi ngogola ka kgwe...
9
Balemi ba kgotla ya Thini kwa Tutume ba supile fa tirisano mmogo magareng ga balemi le molemisi e le e e nametsang thata. Modulasetilo wa komiti ya balemi kwa kgotleng eo, Mme NaiyeNyanga o boletse seo ka letsatsi la go ipelela thobo kwa kgotleng eo. Mme Nyanga a re molemisi yoo, Rre Phate o dirile gore bakgone go loma...
3
Mopalamente wa Bokone Bophirima, Rre Dumelang Saleshando, a re o tshwenngwa ke dikgang tsa petelelo tse di ileng magoletsa kwa Maun. O buile seo fa bomme ba bapagami ba dikuta ba Women Riders World Relay (WRWR) ba ne ba abela mokgatlho wa Women Against Rape (WAR) didiriswa tsa go tlhapa le go tlhatswa kwa Maun bosheng....
1
Banni ba Ngarange kwa kgaolong ya Okavango ba lela ka tiego ya go rolelwa kgosi morago ga gore Kgosi Tshosa Tsheko a ithole marapo. Kgosi Tsheko o tlogetse tiro ka bogodi ka ngwaga wa 2016 mme morafe wa dira maiteko ka 2017 go tlhopa Rre Moheto Nyumba yo ba supileng fa a nonofetse go tsena mo ditlhakong tsa ga Kgosi Ts...
7
Modusetilo wa lenaneo la go agelela masimo la Mmashoro Cluster Fence, Rre Tebelelo Kebasiile a re o tshwenngwa ke barui bangwe ba ba gananang le kopo ya gore ba ntshe leruo mo teng ga masimo a lenaneo la cluster fencing. Fa a bua kwa moletlong wa go rolela balemi ba Mmashoro Cluster Fence ba ba ikopantseng ba le 150 te...
9
E rile kgwedi eno e le masome a mararo, balemi le balemisi ba dikgaolwana tsa selemisi tsa Mosojane, Mapoka le Zwenshabe, ba bo ba rulagantse mosepele wa go dikologa le masimo a balemi bangwe ba dikgaolwana tsa bone e le tsela nngwe ya go abelana megopolo le go anywa botsipa mo go ba bangwe mabapi le tsa temo. Fa ema p...
5
Tona wa Ditswa-mmung, Boranyane jwa Pabalelo Tikologo le Tlhomamiso tsa Kgotetso, Rre Lefoko Moagi, o kgothaditse banni ba Selebi Phikwe go nna ka tsholofelo ya gore tharabololo ya seemo sa moepo wa BCL ga e kgakala. Rre Moagi o tlhalositse se bosheng mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Selebi Phikwe Bop...
3
E setse e le selo modiro kwa Moshupa gore barulaganyi ba mediro mengwe ba natifise mediro eo ka mogolokwane oo tseremang wa ga Mme Moshale Bohule. Mme Bohule a re go letsa mogolokwane ke mpho ya Modimo ka a sa o rutwa ke ope. Le fa go ntse jalo, botswerere jwa ga Mme Bohule ga bo gakgamatse ka jaana mmaagwe, Mme Gaoleb...
9
Mokhanselera wa Morupule, Rre Jordan Makhuru, o sa tswa go baa pele khansele potlana ya Palapye megopo ele meraro e mo go yone go dumelwaneng le ele mebedi ya bo e fetisediwa kwa komiting ya khansele ya madi fa wa boraro ane a o boela morago. E rile a ala mogopo wa gagwe wa ntlha o o neng o kopa khansele potlana go aka...
7
Moruti Joe Linga wa kereke ya Headmountain kwa Mosetse a re badumedi ba tshwanetse go supa mowa wa kutlwano le lerato ka go thusa batlhoki. Moruti Linga o buile seo kwa moletlong wa go abela bana ba kereke ya Headmountain ba sekole sa tshipi kwa Tutume ka Sontaga. A re batho ba nna ba ntle ka seaparo sa kereke ba sa it...
8
Kgosi wa Zoroga mo kgaolong-potlana ya Tutume, Kgosi Thomas Modiro o supile fa a tshwenyegile ka palo e e boutsana e banni ba motse wa gagwe ba tlang diphutlhegong ka yone. A re gantsi ba tla diphuthegong fa ba le mo Ipelegeng fela. O buile jaana mo potsolotsong le BOPA bosheng. Kgosi Modiro a re le maloko a dikomiti t...
9
Modulasetilo wa mokgatlho wa Botswana Association for Women Artists, Mme Omphile Makubate a re mokgatlho wa bone o tlhametswe go rotloetsa bomme go tlhagafalela botaki. O kwadisitswe ka fa molaong ka kgwedi ya Phalane ngwaga oo fetileng. Mme Makubate a re mokgatlho o, o itebagantse le go ema nokeng bomme ba ba dirang t...
0
Banana ba gakolotswe fa botsogo e le boikarabelo jwa bone go tlhomamisa gore ba tshela ba itekanetse e bile ba sa tshelele ka fa tlase ga kgokgontsho. Seo se builwe ke Mme Masego Masunga go tswa kwa Cresta Bosele Hotel kwa moletlong wa Month of Youth Against AIDS MYAA o o neng o rulagantswe ke ba sepodise sa Selebi Phi...
4
Mothusa kgosi kwa lekgotleng la Peleng mo Lobatse Mme Tshegofatso Setumo a re go a gakgamatsa go bona pina ya setshaba e sa fiwe tlotla e e e tshwanetseng. Ka jalo o gakolotse ba-na-le seabe botlhe ba rute ka botlhokwa jwa go tlotla pina ya setshaba. Kgosi Setumo o buile mafoko ao mo mafokong a gagwe a kamogelo mo Loba...
0
Go le gantsi batho ba dumela mo goreng ngwana o ka bona thuto e e lolameng fela fa a tsene mo dikoleng tsa sekgoa, kana a le mo mafelong a a nang le ditlamelo, segolo jang mo metseng e metona, seo se bo se rotloetsa boitseme jwa go dira ka natla ga bodiredi go ntsha maduo. Bosheng jaana mo kgaolong ya botlhophi ya Mmad...
4
Bagwebi ba ba botlana ba rotloeditswe go rekisa dilwana tse di nang le boleng ka jaana phadisano e le kwa godimo. Thotloetso e, e dule ka mogolwane wa madirelo a ditena a Makoro kwa dikgaisanong tsa bagwebi ba ba botlana tse di neng kwa Palapye bosheng. Mme Dorcus Mosesha a re bagwebi ba ba botlana ba tshwanetse go nna...
3
Mookamedi wa lekalana la Selebi Phikwe Diversification Unit (SPEDU), Dr Mokubung Mokubung, o kopile banni ba Manaledi kwa Tswapong go tsaya ka tlhwaafalo ditirelo tse lekgotla la gagwe le itlamileng go di direla setshaba. Fa a bula semmuso bokopano jwa malatsi a mararo jwa SPEDU le setlhopha sa bomme se se dirang dinkg...
3
Go bolelwa fa e ne ya re ka Matlhatso ka nako ya borobabongwe bosigo mapodisi a Sejelo a begelwa fa bana ba wetswe ke ntlo kwa masimong a Tirwane gaufi le Kanye morago ga pula ya matlakadibe ya letsatsi leo. Mookamela mapodisi a Sejelo Rre Matlapeng a re go begilwe fa ngwana wa dingwaga tse thataro a ne a tlhokafala mm...
7
Bagolwane ba khansele potlana ya Serowe, ba patilwe ke badiri ba lephata la botsogo le boitekanelo, ba boloditse letsholo la go gasa molaetsa wa thibelo kanamo ya mogare wa corona. E rile ka Mosupologo, lekoko leo la etela badiri ba matlhabelo a dikgomo a Serowe, kwa ba fitlhetseng badiri ba eme sentle go thibela mogar...
4
Modulasetilo wa khansele potlana ya Letlhakeng, Rre Thomas Batlhophi o kopile badirelapuso ba ba direlang kwa Takatokwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng go tsibogela go isa ditirelo gangwe le gape kwa setshabeng. Fa a bua mo bokopanong le badirelapuso ba maphata a a farologanyeng kwa motseng oo bosheng ,Rre Batlhoph...
7
Komiti ya ditlhabololo tsa Thabala mo kgaolong ya Legare e akgoletswe mowa o montle wa kgatelo pele go tsisa ditlhabololo mo motseng wa bone. Kakgolo eo e dirilwe jalo ke Kgosi Abel Kgaboyarona wa motes oo mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA bosheng. A re komiti eo e gatetse pele mo go lereng ditlhabololo ts...
7
Kgosi wa kgotla ya Metsiaela mo Letlhakane, Rre Alfred Petelelo o lela ka tiriso ya bojalwa e e kwa godimo mo kgotleng e. Kgosi o buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Boteti botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe bosheng. Kgosi a re seemo sa tiriso botlhatswa ya dino se baka din...
1
Banni ba Sebina ba kopilwe go tsene diphuthego tsa kgotla ka dipalo tse di kwa godimo gore ba kgone go itse se se diragalang mo motseng wa bone le go itseela melaetsa ka tsoo pedi. Moruti Godfrey Muzila yo e leng moanamisa mafoko a lekgotla la baruti o buile jalo bosheng mo phuthegong e maikaelelo a yone e neng e le go...
8
Modulasetilo wa lekgotla la batshwara ditlhapi kwa Sehithwa mo kgaolong ya Ngami, Rre Loago Mokunki, a re o tshwenngwa ke maphata mangwe a a gogang dinao go diragatsa molao. O buile jalo kwa bokopanong jwa bana-le seabe, jo bo neng bo biditswe ke ba komiti ya twantsho borukutlhi bosheng. Kgang e ne e le go amogana mael...
9
Banni ba kgaolo ya botlhophi ya Tati Bophirima, ba kopa gore thulaganyo ya makhanselara a a itlhophelwang e emisiwe kwa kgaolong ya bone mme ba okelediwe palo ya dikgaolwana. Ba re ga ba dumalane le gore dikgaolwana tsa bone di fokodiwe go nna boferabongwe. Baagi ba buile seo mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di t...
7
Badirelapuso ga ba a tshwanela go amega mo ditirong tsa tshenyetso setshaba gore lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP le tswe maduo. Fa a bua mo phuthegong ya badirelapuso e e neng e buisiwa ke mokwaledi mogolo wa ga Tautona, Rre Carter Morupisi, kwa Palapye ka Labotlhano, mookamela lephata la twantsho tshenyetso sets...
3
lick to see more pictures Mothusa Tona mo Lephateng la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse a re lephata le bone go tshwanela gore ka letsatsi le dikole di bulwang ka lone, sekole sengwe le sengwe se nne le ditlamelo tse di rileng, tse di netefatsang bophepa. A re ka jalo, ba tlaa dira thulaganyo ya gore ...
6