text
stringlengths
0
40.2k
"Bathapi ba gagwe ba itumela thata go mmona gape , ba mmusetsa mo tirong ya gagwe . "
"E eteletswe pele , kwa bosetšhabeng , ke Mokaedi wa Phetiso mme kwa Porofenseng ke Tlhogo ya Porofense . "
"Fa o tswa mo ntlong itlwaetse go itsise moagisani gore o ya kae , tsela e o tla e tsayang le gore o ikaelela go bowa leng . "
"Lenathwana le le esi la leungo le le omisitsweng go begwa fa le na le boleng-kotla jo bo tshwanang le jwa leungo le le foreshe."
"Lefatshe le lo kgabaganyetsang kwa go lone go le rua, ke lefatshe la makgabana le mekgatšha, mme le nwa metsi a pula ya legodimo."
"Badirakopo ba ka tlhopha go tsaya makwalo a bona a mosepele kwa kantorong e ba dirileng kopo kwa go yona gongwe go amogela makwaloitshupo a bona ka poso e e rejisetarilweng . "
"Sa lala se rwele masigo ka tlhogo se gopotse Gauteng . "
"Boleele jwa mola ke bogolo jo bo ka fitlhang 250 metres."
"Batho ba le ba ntsi ga se gantsi ba lemoga bosenyi jwa dintša tsa bona."
"Raesebo ga a itse gore fa a sena go fitlha mogatse o ya go dira eng . "
"E tsepamisitse mogopolo mo go boitshepo jwa babeeletsi le bareki ka go sala morago tsenngotirisong ya dirala tsa kgolo ya ikonomi."
"Go reetsa ke tirego e e matswakabele e e akaretsang dikgato tse di farologaneng ka go latelana mme di amana ka gotlhe . "
"bana ba ga Jaala, bana ba ga Darekone, bana ba ga Gitele;"
"Mme ba mo golega, ba mo tsaya, ba ya go mo neela Pilato molaodi."
"Motseletsele wa dikgobalo o ne wa nna le kgoreletso e tona thata mo tshamekong ya gagwe . "
"“O bo o dire palo le ya bomorwa Gerešone, ka dikgotla tsa borra ba bone, ka ditshika tsa bone,"
"Rre Gerhard Hattingh (Manufacturing Enterprise Solution Association)."
"0700 0900 Re gopola setlhopha sa Mahlathini Mahotella Queens, ba ba simolotseng go dira mmogo ka ngwaga wa 1964 mme ba dirile mmino wa Mbaqanga o o tswakantsweng ka Setswana le dipuo di le mmalwa tsa Afrika Borwa.Re ba akgola le go ba gopola ka letlotlo la mmino le ba re tlogeletseng ona. bit.lyKonkaOnline"
"Nako nngwe mmino o ka diriswa go kgaolo dipono tsa tiragatso . "
"Kokwanatlhoko eno ya H5N8 e bogale e le tota mme e fetelana bonolo le go tlhola dintsho tse dintsi."
"Ke tlaa go dira theregiso, mme o bo o sa tlhole o leyo; le fa o ka batlwa, o tlaa bo o sa tlhole o ka bonwa gope,” go bua Morena Modimo."
"Lebaka la ga Moagi ka nako eo, ene ele la go gana gore ngwana wa gagwe a nyalwe ka lefufa."
"Ditshwetso tsa botlhokwa tsa Kabinete."
"Se ke Setswana eseng thulaganyo ya “Bride price” ya sekgoa."
"Jaanong , polelo yona ke tatelano ya mafoko e e neelang bokao jo bo rileng . "
"Mo dingwageng tse di sa tswang go feta , dipatlisiso tse di ntseng di lebelela megopolo ya batho ba ba humanegileng di lemogile gore lehuma le akaretsa ditlhokego tse dintsi , go akarediwa go nna mo matshosetsing a tirisodikgoka e e ikaegileng ka bong , tota le go tlhoka dithoto . "
"Ruri, lo tlaa senya mafelo otlhe kwa merafe e lo tlaa e ruang e diretseng medimo ya yone gone, mo dithabeng tse di godileng, mo makhubung le fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se setala."
"Go neela sekao , setso sa nako e e fetileng se se amanang le kgotso mo molaong wa setso se tshwanetse go tlwaediwa ka Molao wa Temogo ya Manyalo a Setso wa 1998 wa jaanong . "
"wa 1996”; o emetswe ke k. 1 (1) wa Nopolo ya Melao ya Molaotheo wa 2005 ( Molao wa No. ya bo 5 wa"
"Ya re fa re ntse jalo mme mongwe a tenkana a bo a ragaraga, ba mo gogela mo tanteng."
"Ba le mmalwa ba fitlhela go le boima . "
"(b) kgolagano le Molaotheo o mošwa."
"A re Batswana le ditshaba tsotlhe go ralala lefatshe lotlhe ba tshwanetse go itse gore ene le Sir Ketumile ba ne ba sa kopanngwa ke tiro."
"O tseele mongwe le mongwe dipapetlana tsa selefera di le tlhano; o di tseye ka fa selekanyong sa felo ga boitshepo."
"Ya re go goroga, ba mo dira ditlhatlhobo tsotlhe, ba tshwara bolwetse jwa Aids bo setse bo jele motho."
"Lefatshe la phatloga la kometsa Dathane, la ba la bipa lesomo la ga Abirame."
"Matshosetsi ano le dikgang tseno tsa maaka le go phasaladiwa ga tshedimosetso e e senang boammaruri di dira gore baagi ba nne mo letshogong mme gape di senyetsa sepodisi nako le didirisiwa."
93
"Kgosi Maforaga, yo e leng mothusa kgosi kwa Palapye, o gakolotse jaana, morago ga gore, moithuti mongwe wa mophato wa lokwalo lwa boraro kwa Serorome, gone kwa Palapye, a tlhokafale bosheng, go twe o biditswe ka thupa mo tlhogong."
"Aforikaborwa e na le hisetori ya phitlhelelo e e sa lekalekaneg ya ditlamelo . "
"Mme ene yo losika lwa gagwe lo sa balweng ka bone, o kgethile tsa bosome mo go Aberahame, a segofatsa ene yo o nang le dipolelo tsa tsholofetso."
"Ba tshubetse felo ga gago ga boitshepo; ba itshepolotse boago jwa leina la gago, ka go bo digela fa fatshe."
"Bomorwa Sofa: Sua, Harenefere, Shuale, Beri le Imera,"
"Totolo are pele ga boipuso temothuo e ne ele yone e thusang Batswana ba ba kwa dikgaolong tsa magae go tukisa molelo."
"Bantsi ba e neng e le ba pele ba tlaa nna ba morago; le ba morago ba nne ba kwa pele.”"
"Re itse fa dilo tsa go nna jaana, di sa direge kwa Letlhakne fela, di direga ka lefatshe lotlhe."
"SETUMONG ; GA- MATLALA ; ; . "
"Ba dumalana nae; ya re ba sena go bitsa baaposetole, ba ba betsa, ba ba laya gore ba se ka ba bua mo ineng la ga Jesu, ba ba lesa ba tsamaya."
"O se ka wa eletsa bosigo, e le lobaka lwa batho go kgaolwa mo bonnong jwa bone."
"E rile a sena go mo tsaya, a mo isitse kwa go mmaagwe, a dula mo mangoleng a gagwe go ya motshegareng, a itse go swa."
"A bo batho ba ka ka ba baka Jehofa ka ntlha ya molemo wa gagwe, le ka ntlha ya ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang mo baneng ba batho!"
"tshwanetse ba ikana kgotsa go tlatsa jaana:"
"[Kl.(1) e emetswe ke k. 8 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.]"
-3
"O mpaletse, e bile eeh…ga nkake ka tla go itira matron wa malwapa a lona."
"makala puso."
"Ga dirala ya re letsatsi le ya phirimong, Jošua a laola, gore ba di pagolole mo ditlhareng, ba di latlhela mo logageng lo di ne di iphitlhile mo go lone, ba baya maje a magolo fa molomong wa logaga, nako e sa le eno."
"Chouka e sa supa fa nno ya Mamoja e sa ba kgoba marapo ka gope."
"Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P3 7 DBE/Ngwanaitseele 2019 NSC KAROLO YA C: DITLHANGWA TSE DIKHUTSHWANE TSA TIRISANO POTSO 3 Araba potso e le NNGWE fela mo karolong e. Karabo e nne boleele jwa mafoko a a ka nnang 80–100. 3.1 KARATA YA TALETSO Tsala ya gago Mosidi Thebe o tlile go tsena mo lenyalong le Goitseone...
"MOTSAMAISI WA DIREKOTO O TSHWANETSE GO NETEFATSA GORE DIPOELETSO TSOTLHE LE DITLALELETSO TSE DI REBOTSWENG DI TSENNGWA MO DIREKOTONG TSA KHOPIKGOLO KA GANGWE FELA . "
"Go ya ka mogopolo wa fa gautshwane wa Bagakolodi ba Molao o o bonweng ke Lefapha la Merero ya Selegae , tshwetso ya konteraka ke taelo mme go e ikgatolosa go ka baka go nyelediwa ga lenyalo . "
"Jehofa ke thata ya bone, e bile ke kago e e thata ya phemelo ya poloka ya motlodiwa wa gagwe."
"Babereki ba gakololwa go ithulaganya mo ba kgonang go bua le batlhapi go ka e seng jalo go ka padisa dikgang tsa maemo a bodiredi jwa bone."
"Naledi ya South African Sevens, Seabelo Senatla, yo a supilweng jaaka Motshameki wa Ngwaga wa Rakabii ya Lefatshe ya Men's Sevens ka tiragatso ya gagwe e e manontlhotlho ka 2016."
"Le gale, go mantswentswe a a kanakana mo lefatsheng, mme go bo go se lepe le le se nang se le se kayang."
"Mo mabakeng a go nang le kgonagalo ya kotsi , motlhatlhobi a ka thibela tiragalo nngwe e e rileng , thulaganyo , gongwe tiriso ya motšhini gongwe sediriswa ka go dirisa ya Kitsiso ya thibelo . "
"Di tlamela ka tshegetso go Sebueledi sa puso le tshegetse mo nakong ya ditlalelo kwa mafapheng a puso . "
"Mo ureng ya bofelo ya bosigo jono, re tlile go utlwa faSetlamo sa diphofo sa Afrika Borwa SAA sa re se dira tsotlhe tse di kgonagalang go tiila go phutlhama ga seemo sa setlamo seo sa matlole. Setlamo seo se phimotse maeto a difofane a le some a mararo a mono gae magareng ga Johannesburg, Cape Town le Durban le a le l...
"NDF le yone ya runya, lekgotla la ga Modubule la PUSO le lone la ntsha legetla."
"Tlhamo e ka kwalwa ka nepo fa go dirilwe letlhomeso pele . "
"Go bua ga go diragale fela . "
"Kabinete e tswelela go leboga botlhokwa jwa rona mo go tseeng karolo mo dipuisanong tse di matlafatsang tsa mothale ono."
"Go itsisewe ga Molaotlhomo wa Boditšhabatšhaba wa Tsereganyo wa 2016 kwa Palamenteng."
"Ke gone motho o tlhwatlhwa kgolo jang go gaisa nku! Ke gone go letleletswe go dira molemo ka letsatsi la Sabata.”"
"Balake a raya Balaame a re: “A ga ke a roma ka tlhoafalo ka ya go go bitsa? O ne o sa tleleng kwa go nna? A ruri ga ke a nonofa go go godisetsa kwa tlotlong?”"
"Tshenyo ya dithoto ga e thuse ope, e bile ga go na tlhaloganyo mo go senyeng tirelo nngwe ka nako ya go batla e nngwe."
"Jaana Bafilisitia ba tlhabana le Baiseraele; mme banna ba Iseraele ba tshaba fa pele ga Bafilisitia, mme ba wa ba bolaetswe mo thabeng ya Gileboa."
"Gonne bonang, metlha e etla, e ba tlaa buang mo go yone ba re: ‘Go sego meopa le dipopelo tse di iseng di ke di belege, le mabele a a iseng a ke a amuse.’"
"Cindy, yo e leng mothusi-mogolo ka tsa tsamaiso wa lefapha la Tlhokomelo ya Dikago Gore di se Onale, o simolotse Crossfit ka 2012."
"'Lab' gongwe legato la go loga maano le diragetse kwa Durban ka Phukwi le Phatwe 2014 mme la lebisa kwa go tlhagisiweng ga 'maano a a laolegang' a a nang le dintlha tse di malebana le go godisa ikonomi ya mawatle."
"E re dilo di direga jaana, motsadi a tlhobaele, a ipotse gore a ngwana yo o tlaa gola e le motho sentle, kgotsa e tlaa nna motho wa mekgwa le ditsela tsa gagwe fela koo."
"Le fa go ntse jalo , mafelo a a farologaneng a tlile go akarediwa mo nakong e e tlang . "
"Ikonomi ya mawatle le bojanala di tlamela ka ditšhono tse di boitshegang tsa kgolo ya ikonomi le go tlhamiwa ga ditiro."
"Dijo tsa dikgogo tse di setseng di senyega di tshwanetswe ke go ntshiwa ka gore di ka nna le dikokwanatlhoko tse di ka bakang malwetse."
"akaretsang tshwanelo ya –"
"Moporesitente Ramaphosa o thapile khomišene eno ka la bo 24 Motsheganong 2018 gore, gareng ga tse dingwe, go rebola ditshwetso tse di tla dirang gore SARS e tsetsepele, seriti sa yona se boele le go matlafatsha bokgoni jwa yona jwa go fitlhelela dipeelo tsa yona tsa go bokeletsa lekgetho."
"tshiamololo ya bosiamisi, le go itsisiwe ka tshwanelo eo ka botlalo;"
"Pitso e ka bitswa ka molomo , mogala , e-mail , kgotsa ka go kwalwa . "
"“Motlhanka yoo a boa, a bolelela morena wa gagwe dilo tse. Foo mong wa ntlo, ka a le bogale, a raya motlhanka wa gagwe a re: ‘Tsamaya ka bonako, o tswele kwa mebileng le mo diferwaneng tsa motse, mme o lere kwano mo teng bahumanegi, digole, difofu le batlhotsi.’"
"Re ne re nna mo mekgorong ya mmu . "
"Ga tswa lentswe mo lerung la re: “Yo ke Morwaake, (yo o rategang) moitshenkedwi wa me; utlwang ene.”"
"Kabinete e akgola bašwa ba borasaense ba Aforika Borwa ba ba tlhophilweng ke Setheo sa Saense sa Aforika Borwa, ba ba tla bong ba na le borasaense ba bangwe ba bašwa ba le 400 go tswa kwa dinageng di le 76 ba ba tlhophilweng go nna le seabe mo Kopanong ya bo 67 ya Lindau Nobel Laureate kwa Lindau, Germany."
"Bapagami ba tekesi le bona ba fetile ba mo sotla ka puo tsela yotlhe . "
"07Dikgang mopresidente Zuma a patilwe ke ditona di le lesome le batlatsi ba bone ya leba kwa Kwaggafontein, botlhaba ba Pretoria kwa Mpumanaga gompieno.Setlamo se se lekanyetsang seemo sa sekoloto sa Standard and Poors se tsibositse gore Afrika Borwa o santse a okangwe ke matshosetsi a tekanyetso ya sekoloto."
"Ka porojeke e, Kapa Bokone e iponetse lotseno lwa madi a bokana ka R.5 bilione mo dingwageng di le nne, ka go tlhama bonnye jwa ditiro tse di tlhamaletseng di le 3 000, mmogo le go tlhabololwa ga bokgoni jwa bašwa ba tikologo eo."
"Fa o le mokgweetsi wa serori sengwe fela ntle le se se kailweng mo letshwaong o seke wa tswelela go feta letshwao . "
"13Dikgang Setlamo sa motlakase sa Eskom se reboletse maloko a eleng a mokgatlho wa badiri wa NUMSA Solidarity le Num koketso ya dituelo ya dipersente di le 7.Mokwaledi kakaretso wa mebuso ya Commonwealth Patricia Scotland a re mopresidente wa pele Nelson Mandela e ne e le sesupo sa thotloetso seo mokgatlho ono o neng ...
"Ene a sale ka eng?"
"Dikopano tsa maphata a puso le babegakgang morago ga SoNDitona tsa ditlhopha tsa maphata a puso ba ntse ba tshwara dikopano le batlhankedi ba bobegakgang go tlhalosa ka botlalo Leano la Dikgato tse Puso e tla di Tsayang mo ngwageng o re o lebileng, go latela gore Moporesitente Ramaphosa a abelane ka puo ya gagwe ya mo...
"Modumo oo le ngwana di tsamaisasna jang . "