text
stringlengths
0
40.2k
"Mathata a a mo tlisitseng fa ga Bogadi go ne go lebega jaaka e kete a tla rarabologa . "
"(d) Motho mongwe le mongwe kgotsa setheo sa puso se se nang le kgatlhego e"
"Ee, lo ntse lo belege Sikuthe kgosi ya lona le Kiune, ditshwantsho tsa lona, naledi ya modimo wa lona, e le dilo tse lo di itiretseng."
"Fa lo latlha Jehofa, lo direla medimo e sele ya seeng, foo o tlaa retologa a lo direla bosula, a lo nyeletsa, a sena go lo direla molemo.”"
"Kabinete e santse e tshwenyegile ka ga bogolo le koketsego ya ditshwaetso tsa COVID-19 mo Kapa Bophirima."
"Gonne Modimo ga o a ka wa roma Morwa one mo lefatsheng go sekisa lefatshe, mme e le gore lefatshe le bolokwe ka ene."
"Kgotlatshekelokgolo ya Aforika Borwa"
"Go tloga fao, ke bile ka nna mo ditshekong tseo sebaka sa dibeke dile thataro, mme Mandela ene ele mongwe wa babueledi ba baneng ba emetse basadi gore basadi bao ba tlogelwa kgotsa ba bone katlholo ee kwa tlase."
"E a re fa ditsela tsa motho di kgatlha Jehofa, o tle a dire gore le e leng baba ba gagwe ba agisanye nae."
"Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P3 6 DBE/2022 SC/NSC KAROLO YA C: DITLHANGWA TSE DIKHUTSHWANE TSA TIRISANO POTSO 3 Araba potso e le NNGWE fela mo karolong e. Karabo e nne boleele jwa mafoko a a ka nnang 80–100. 3.1 KARATA YA TALETSO Rraago o falotse dithuto tsa bongaka, mme le mo direla moletlo wa go keteka katl...
"Lefoko le mosadi le ka dirisiwa ka setlwaedi, go raya motho mongwe le mongwe yo o monamagadi kgotsa fa re nankolla, go raya mogodi mongwe le mongwe yo o monamagadi fa a bapisiwa le mosetsana. Lefoko le mosetsana tlhagong le raya motho yo moswa jwa bong bongwe le bongwe ka Seisimane [English]; e ne e le kwa tshimologon...
"Ka la 21 Mopitlwe 1960 bagwanti ba ne ba kopana kwa seteišeneng sa mapodisi sa Sharpville kwa ba neng ba fisa dipasa . "
"Go botlhokwa gape gore Badiredipuso ka semolao ba kgaphele thoko le go gana , go ikakatlela ka botlalo go gana tse ba ka di abelwang e le dimpho ka di ka tsewa gore ke mejabetso ya ka fa tlase ga tafole ya go rekwa go abela baagi ditirelo . "
"“E tlaa re mo metlheng eo, le ka lobaka loo,” go bua Jehofa, “bana ba Iseraele ba tlaa tla, bone le bana ba Juta mmogo; ba tlaa etla ba lela, mme ba tlaa batla Jehofa Modimo wa bone."
"26."
"Ga go a tshwanela go dirwa dipaakanyo le/ kgotsa ditlaleletso dipe mo sejuleng ntle le tumelelo ya motlhankedi yono . "
"Itsise baagisanyi gore koloi efe e nna kae."
"Kabinete e kopane go buisana ka maemo a ikonomi le merero e e amang tekanyetsokabo."
"09DIKGANG Mookamedi wa komiti e e ka ga go gakolola puso ka Covid 19 Professor Salim Abdool Karim a re dipalo palo di supa fa bontsi ba bana ba ba tshwaediwang ke coronavirus ba itemogela matshwao a a botlhoswana fela.Brazil ke naga ya borataro go bega ka dintsho tsa batho ba feta dikete di le some a mabedi tsa ba ba ...
"Ke a lo raya, go boitumelo fela jalo fa pele ga baengele ba Modimo ka ga moleofi a le mongwe fela yo o ikwatlhayang.”"
"Ka mo tsenya matlho fela thata, ka lemoga gore go na le sengwe ka ene se se boifisang."
"Fa ngwaga e le one sentle, go dike go jewa letlhahula le lentsi, go se dijo dipe tse di kalo tse di rekwang."
"Fa kgotlatshekelo e ne e na le taolo ka nako ya fa motho a ne a neelwa tagafara gongwe ya tsamaiso ya kgotlatshekelo e go simolotsweng dikgato ka yona , go fetoga ga maemo morago ga moo go ka seke ga tseel kgotlatshekelo taolo ya yona . "
"E rile ditlhogo tsa baperesiti le maotlana ba mmona, ba goa ka thata ba re: “Mmapole, mmapole!” Pilato a ba raya a re: “Mo itseeleng, lo mmapole, gonne nna ga ke bone molato ope mo go ene.”"
"Ka letsatsi la bosupa a moperesiti a lebe sebetso; fa a fitlhela sekwaba se sa keketsege, go se na bobowa jo bosetlha mo go sone, le sekwaba ekete se se kwa teng ga letlalo,"
"Ka go dira jalo barutwana ba tla anaanela poko . "
"Maikaelelo a gagwe le fa a sa atlega e ne e le go otla Motswagauteng gore a kokotlegele , mme morago a mo rekisetse mongwe go ya go mo gopela ka tlhotlhwa e e kwa godingwana gonne e ne e le morwa le moriri wa gagwe o dira dipheko tse dikgolo . "
"Dintlha tse go le gantsi di amanngwang le dikotsi tsa bosigo ke letsapa , go tlhoka go tsepa maikutlo , go nwa tagi gammogo le pono e e sa tlhapang . "
"Gape Manase a tsholola madi a batho a a se nang molato a le magolo thata, a ba a tla a tlatsa Jerusalema ka one, go tswa ntlheng nngwe le go ya e nngwe; kwa ntle ga boleo jo o ne a leofisa Bajuta ka jone, ka go dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa."
"Jalo ba tsenngwa leswe ke ditiro tsa bone, ba akafala mo madirong a bone."
"Kwala temana o bue gore ke eng se se dirang gore ditshwantsho tsa ga Tommy e nne tse di kgethegileng . "
"Kgotlhang e a rarabologa . "
"Bontlhopheng ba tshwanetse go nna le kitso ya lephata la ngwaoboswa , kitso ya tsamaiso ya dimusiamo , bokgoni kwa tsamaiso ka kakaretso le tsamaiso ya ditšhelete , bokgoni jwa semolao , kitso ya papatso , bogokaganyi , kokoanyo matlotlo , thuto , le bobatlisisi mo lephateng la histori ya setso , maitemogelo a tirelo ...
"Mokgatlho o kaya setheo se se kwadisitsweng se se nang le batho ba ba dirisanang . "
"Pegelo e e ka ga Bogolo jwa Komelelo mo Aforika Borwa le seabe sa yone mo ikonoming ya metseselegae mmogo le ditogamaano tse di amanang natso tseo di tsenngwang tirisong go samagana le dikgwetlho tseno."
"Paka ya kgaoganyo e ne ya tlogelwa morago ga go simolola ga thulaganyo ya amabutho (mephato go ya ka dingwaga) ya nako mo ngwagakgolong wa bo18."
"Neela mefuta e metlhano ya ditlhangwa . "
"Mme a bo a sa nonofa go fetola Abenere ka lefoko lepe, gonne a mmoifa."
"Bomorwa Shemite e ne e le Ahiane, Shekeme, Liki le Aniame."
"foo o utlwe o le kwa legodimong, o itshwarele boleo jwa batlhanka ba gago, le jwa batho ba gago Baiseraele, ka o ba ruta tsela e e molemo e ba tshwanetseng go sepela mo go yone; mme o nese pula mo lefatsheng la gago, le o le neileng batho ba gago go nna boswa."
"Madi a kopo ( fa a le teng ) : R . . . "
"Kabinete e tlhagisitse go tshwenyega ga yona ka ga go latlhegelwa ga ditiro mo nageng, segolo mo makaleng a tlhagiso le meepo."
"Palo ya batho ba ba buang puo ya Seburu e fetla palo ya batho ba ba buang dipuo tse dingwe mo lefelong le bogolo jang mo kgaolong ya Bokonebotlhaba jwa Cape go nale dikgaolo tse dingwe. Dipuo tse di tumileng ebile di dirisiwa thata fa go buiwa mo bokone jwa Cape di akaretsa Seburu, Setswana, Sexhosa, gape le Sekgowa. ...
"Serwalo sa tlhogo sa ba ba botlhale ke dikhumo tsa bone, mme boeleele jwa dieleele ke boeleele fela."
"Fa porofense e retelelwa kgotsa e sa dire ditshwanelo tsa yona go ya ka molao"
"Mokgweetsi le ena o ne kgweetsa sentle e le ruri . 2 . "
"Fa leloko la baagi le dira kopo ya tetla kwa go Kgosi go fudisa diruiwa mo karolwaneng ya naga , kana tetla go aga ntlo kwa lefelong le le rileng , Kgosi e tla bo e diragatsa tsamaiso ya tiro ya go tsaya tshwetso mo go swetseng gore a kopo e rebolwe . "
"Tlatsa mabokoso a a lolea ka go dirisa makgolo , masome le metso go feleletsa dipalo . "
"Mopresidente Cyril Ramaphosa o okeditse ka beke tse pedi."
-4
"E rile Saule a botsa mo go Jehofa, Jehofa a se ka a mo araba, le fa e le ka ditoro, le fa e le ka Urime, le fa e le ka baperofeti."
"Ba ba pelotona ba gapetswe ba robetse boroko jwa bone; mme ga go na bape ba banna ba ba thata, ba ba bonyeng diatla tsa bone."
"Moporesitente Ramaphosa o thapile phanele eno ka Lwetse 2018 gore e tlhagise dikeletso tse di solofetsang ka pholisi ya pusetso ya dinaga."
"Motšhotšhisi o tla ela tlhoko dintlha tseno pele ga a ka swetsa ka go amogela kopo ya molato o monnye . "
"kgotsa ka mokgwa yo mongwe go kgobelela pholisi ya ikonomi ya bosetšhaba,"
"Go tshwara ka natla go raya go dira ka tlhoafalo."
"tshenyego e mo tseleng tsa bone le lehuma;"
"Maikarabelo a mangwe a tsamaiso . "
"Tlhopho ya bophara ya majang e raa gore go na le bojang bo bo maleba mo maemong a fe kgotsa afe a bosa le mokgwa wa botsamaisi."
"Molao wa go Rotloetsa Phitlhelelo ya Tshedimosetso ( PAIA ) , wa Molao wa Nomoro ya bo 2 wa 2000 ( o fa tlase o bidiwang gore ke Molao ) o o simolotseng go dira go tloga ka la 9 Mopitlo mo ngwageng wa 2001 , mme o tlhalosa botlhokwa jwa go itlhelela tshedimosetso mo maemong a a bulegileng , a demokerasi le setšhaba se...
"E rile ke le mo pitlaganong ka tlhaeleletsa kwa go Jehofa, mme a nkaraba."
"Dikgang16...Mokhuduthamaga wa thuto mono North West Sello Lehari, a re o tla itsise mo phatlhalatseng dipholo tsa dipatlisiso, tse di boloditsweng kwa Stilfontein Hoerskool gaufi le Klerksdorp ka Labotlhano...Baagi ba Zimbabwe ba latofatsa mopresidente Emmerson Mnangagwa, ka go retelelwa ke go diragatsa ditsholotso ts...
"A reke koloi ya ga mogolowe . "
"Mme Claire Busetti Mo Botong ya Setheo sa Bosetšhaba sa Dipatlisiso."
"Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P3 7 DBE/Ngwanaitseele 2018 NSC – Kaedi ya go tshwaya KAROLO YA A: TLHAMO MEFUTA YA DITLHAMO 1.1 TLHAMO YA KANELO Mofuta o wa tlhamo, o anela ka sengwe kgotsa tiragalo e e fetileng. E ka kwalwa go tswa mo matlhakoreng a a farologaneng. Setlhogo Dintlha tse di solofetsweng Seemo sa...
"o mo tladitse mowa wa Modimo wa botlhale, le wa tlhaloganyo, le wa kitso, le wa tiro nngwe le nngwe."
"O moithuti yo ke sa tleng go kopana le ena mo dithutong tsa khoso e letsatsi le letsatsi . "
"Baithuti ba tshwanetse go kgona go emelana le dikgwetlho tsa tiro ya tsa semolao."
"di tlhokegang go dira ditiro tsa Tlhogo ya Naga le tlhogo ya Khuduthamaga ya"
"Mme ka lebaka le lengwe le ke sa le itseng, o rata go mpitsa ‘boss’."
"Monnamogolo wa Modimo a jewa kekgakge, “Banna ga go akiwe, Lekganyaneke Modimo wa pula,” a bua jalo."
"Thuanyisedirwa e ka dirisiwa le sedirwa mo polelong . "
"Batlhanka ba gagwe ba atamela ba bua nae, ba re: “Rra wee, fa moperofeti a ka bo a go laotse gore o dire sengwe se segolo, a o ne o se ketla o se dira? Bogolo jang ka e le fa a go raya a re: ‘Tlhapa, mme o ntlafale?’ ”"
"Ba nna le boikarabelo . "
"Mothapi o tshwanetse go netefatsa gore ngongorego e rarabololwa ka mokgwa o o lolameng , wa go se tseye letlhakore lepe le ka mokgwa o o lekalekanang , le gore moono wa molao le tolamo tsa tlhago di a obamelwa . "
"Kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e e buseditseng morago go ntshiwa ga katlholo go ya ka molawana wa ( 1 ) ka lengwe kgotsa mangwe a mabaka , e tshwanetse go kopa modiredi wa tsamaisoeesa letleleleng motlola-molao yo o dirang ka kgetse e , gore a tlhokomele go bona gore ngwana o latela ditaelo tse a di neilweng mm...
"Dikgang15...Lephata la kgwebo la re le ipaakanyetsa go bulwa ga ikonomi ya naga...Tona ya bosiamisi le ditirelo tsa kgopololo Ronald Lamola a re ba solofela go fokodiwa ga tekanyetsokabo ya maphata ka bo2 ka ntlha ya Coronavirus..."
"Go ikaegilwe ka molao mongwe le mongwe , motho yo o dumeletsweng , a ka romela malebana le tlhatlhobo , kgotsa a dira gore go romelwe , go setheo se se dumeletsweng , ditogwa dingwe le dingwe , diedi , selo , kgotsa dilo tse di amang le setopo se , ka maikaelelo a go tlhotlhomisa setlhodi le lebaka la loso lwa motho k...
"Di tlhomamisitswe ka bosakhutleng le ka bosaengkae, di dirilwe mo boammaaruring le mo thokgamong."
"Bobolokelo ba korong bo ka nna mafelo a a farologaneng , ka go ikaega ka tlhotlhwa e e ka amogelwang . "
"Se kaye fela gore go na le modumo wa lebati , o sekaseke gore lebati le bulwa ke mang , gore , a go a tlhokega , kgotsa motlhagisi o ka bo a dirile sengwe , seabe sa modumo ono ke sefe , jj . "
"Ke fa khamera e sutasuta go ya kwa letsogong la moja kgots ala molema . "
"Moruni-Kakaretso o na le dithata le ditiro tsa tlaleletso tse di tlhalositsweng ke molao wa bosetšhaba."
"Mo kgaolong ya gagwe ya heketara e le nngwe o jwala mmidi o moserolwana o o leng botlhokwa . "
"Mme a re: “A nnaya dielo tse thataro tse, tsa barele; gonne a re: ‘O se ka wa ya go matsalaago o iphotlhere fela.’ ”"
"Manno a mannye a ne a na le ntlo e le nngwe fela, mme a mangwe a ne a na le ntlo, dintlo tswa kwa ntle, diphaphosi tsa go bolokela le megope ya go apaya."
"Gonne matlho a ga Jehofa a mo basiaming, le ditsebe tsa gagwe mo mekokotlelong ya bone; mme sefatlhogo sa ga Jehofa se bifetse ba ba dirang bosula.”"
"Tsweletso ya maitsholo a a siameng, go itshepa mmogo le boipelo mo badiredingsetšhaba e rotloetsa setso sa go tlamela ka ditirelo tsa boleng."
"Nngwe le nngwe e ne e na le difatlhogo di le nne, nngwe le nngwe diphuka di le nne; mme tshwano ya diatla tsa motho e le ka fa tlase ga diphuka tsa tsone."
"Gape kabinete e ikuela mo baameging botlhe go dira mmogo gore diyunibesithi tsa rona e nne baeteledipele ba puisano e e akaretsang le diphetogo."
"Bopaki jo bo bonweng ka mokgwa o o kgatlhanong le Tshwanelo nngwe le nngwe"
"Motswako o, o bidiwang ‘borotho ba dinotshe’ o fepiwa mokone wa dinotshe tsa tswine ya dinotshe go badiri ba dinotshe ba sa tswang go thuthuga."
"Wetsho, di khutla fa tsa gompieno mo motsweding Fm, go fitlha re kopana mo nakong e tlang, itumeleleng bokhutlo ba lona ba beke,Bye"
"E re re bona go ntse jaana, re hakgamale, re ipotse gore, e kae Green Scorpion, e go neng ga twe, e tlaa netefatsa gore matlakala ga a latlhelwe gongwe le gongwe."
"Go ne go le direpudi di supa tsa go palamela kwa go yone, mme mekatako ya yone e le fa pele ga tsone; mme e ne e na le ditlhare tsa makolane, sengwe ka fa ntlheng nngwe, le se sengwe ka fa ntlheng e nngwe, mo maotwaneng a yone."
"Se se kaya gore leungo la drakone go tswa mo Aforika Borwa se fitlhelwa fa go bonwa ga sona kwa mebarakeng ya kwa Yuropa le ya US di le kwa tlase."
"O ne a gape a tlhalosa gore kapari ke karolo nngwe ya ngwao, a tswelela ka go supa matshwenyego a gore batho ba le bantsi mo malatsing ano ga ba apare jaaka ngwao ya Setswana e letla jaaka bomme ba ba aparang kapari e e ntshang mohubu.O ne a tlhalosa fa lephata la gagwe le simolotse thulaganyo ya go kwala ngwao e e sa...
"Khalendara ya dikolo tsa poraefete le tsa puso tsa naga ya Aforika Borwa, e e gatisitsweng ka kgwedi ya Mopitlwe 2022 mo lekwalong la puso le le gatisang melao ya puso, e tlhalosa ka tlhamalalo gore ka la bo 20 Mopitlwe 2023 ke letsatsi le le itlhophileng la boikhutso mo dikolong."
"Fa go na le kgolagano magareng ga baanelwa le tikologo , tikologo e nna le bokao jo bo swa , jo bo atologileng . "
"Batho ba India go latela go tlogela lefatshe le le ka kwano ga mogaka wa dipolotiki wa India Sushma Swaraj, 67, kwa New Delhi."