text
stringlengths
0
40.2k
"Maikaelelo a Lekgetho lwa lobakanyana ke go thusa batho ba ba duelelang lekgetho gore ba kgone go atlega mo bokgoning jwa bona mo nakong e e tsweletseng pele , kgatlhanong le go duela madi a a kwa godimo gangwe mo ngwageng wa tlhatlhobo ya ditšhelete . "
"Kwa bofelong ba Kereiti ya 11 moithuti yo o Kwa bofelong ba Kereiti ya 12 moithuti yo o fitlheletseng dithuto ka dinaledi a ka : fitlheletseng dithuto ka dinaledi a ka : bua le go tlhagisa ditlhangwa ka go itshepa , le bua le go tlhagisa ditlhangwa ka go itshepa , le ka nyalelano le tomagano ya dikakanyo ; bontsha ka ...
"Ke tlaa ikela kwa thabeng ya mera, le kwa thabaneng ya lebano go tsamaya letsatsi le fela, le meriti e fofela koo."
"Ke gone dira ka fa botlhaleng jwa gago, mme o se ka wa lesa tlhogo ya gagwe e pududu ya fologela mo phupung ka kagiso."
"Khudu Tutu o batla go tshameka, go siana, go tlola le go thuma le ditsala tsa gagwe, jalo o apola legapa la gagwe a ba a le tlogela ka fa tlase ga setlhare."
"Kwa tshimologong o ne a etsaetsega go gaisanela dikabelo."
"Gape Kabinete e ikgolaganya le ba ba tlontlololang bosetlhogo jo bo kalo bogolo segolo mo baneng."
"Nako e puo e neelanweng ka yona e tlhagisitswe . "
"A aga motse mo tikologong, go tswa Milo go ya fela tikologong. Joabe a tsosolosa motse ntlheng e e setseng."
"Ikano eo o bile a e tlhomamisetsa Jakobe, gore e nne molao o o emeng, gape le Iseraele, gore e nne kgolagano e e sa khutleng,"
"Khansele le yone ya ipala matlotlo mme ya agela Obolokile ntlo ya dikamore tse pedi tsa boroko, ntlwana ya boapeelo, ya botlhapelo le boitiketso le boitapoloso (LA2)."
"Setswana Puo ya Gae (HL)/P3 2 DBE/Ngwanaitseele 2016 NSC – Memorantamo KAROLO YA A: RUBORIKI YA GO TSHWAYA TLHAMO – PUO YA GAE (Maduo a le 50) ELA TLHOKO: • Dirisa ruboriki ka gale fa o tshwaya tlhamo ya boitlhamedi (Pampiri 3. KAROLO YA A). • Maduo a go tloga go 0–50 a arogantswe ka maemo a le 5 a ditlhaloso. • Mo di...
"Kabinete le yona e kgadile ka bogale bidio e e supang mosetsana wa sekolo a tlhaselwa ke mosimane wa sekolo kwa KwaZulu-Natal e bile e amogetse go tshwarwa ga mmelaelwa."
"Kabinete e amogetse Kopano ya bobedi ya Ngwaga ya Meepo eo e neng e tshwerwe mo bekeng e e fetileng."
"Go na le go feta malwetse a a farologaneng a go feta lekgolo a a ka tlholang atheraitisi . "
"O gogwagogwa ke botagwa . "
"Itirela dibuka tsa gagwe kgotsa dingatana tsa maboko kana dikhutshwe tsa mo phaposing . "
"Go tlhomamisa gore ke sejalo sefe se se tla jalwang go ikaega ka gore ke eng se se setseng se le teng."
"maikarabelo a bona, go tsamaisa ditiro, segolo jang tse ba di abetsweng go ya ka"
"Go ya ka Molawana wa 8 ( 2 ) wa GN R2082 ya 1967 , ditsamaiso tsa boikuelo ( tleleimi ya motho wa boraro ) di tshwanetse go reediwa ke Kgosi e e rebotseng katlholo gongwe motlhatlhami wa gagwe . "
"218."
"A ke badiredi ba ga Keresete? Nna bogolo; ke bua jaaka yo o sa ikutlweng ka bontsi jwa ditiro, le ka go tsena mo matlong a kgolegelo gantsi, le ka dithupa tse di fetang selekanyo, le ka go swa gantsi."
"Dafite a gola bogolo bogolo; gonne Jehofa Modimo wa masomosomo a bo a na nae."
"A ) DIPOTSISO MALEBANA LE PHOLISI TSE DI SA TSWENG MO POPEGONG PHOLISI E NTŠHWA KANA THANOLO E E MAMETLELETSWENG PHOLISI E NTŠHWA KANA THANOLO E E MAMETLELETSWENG YA PHOLISI E E LENG TENG . "
"ba bua le phuthego yotlhe ya bana ba Iseraele ba re: “Lefatshe le re le raletseng re le tlhola, ke lefatshe le le molemo o o feteletseng."
"Mo pampiritirong e , re ya go lebelela leeto le le tserweng ke letlhare . "
"Lekwalo leno la mosepele le tshwana fela le lekwalo la mosepele la Bajanala , ntle le fela gore le na le ditsebe tse di lekanang le tsa leo gabedi gore go nne le ditsebe tse dintsi tsa di-visa . "
"Batlatsamodulasetulo ba babedi go tswa mo baemeding."
"57 wa 2002)."
"A & B = batsadi ba moswi ; E = moswi ; C & D = balekane ba lenyalo la setso ba moswi . "
"Se tserwe motshwantshi a le gaufi gonne se tlhagisitswe sentle / se bonala sentle . / Batshwantshiwa ba bogolo jo bo supang bogaufi . "
"Setlhopha sengwe le sengwe se tla kwala letlha la pontsho ya sone ya puisano ya dimpopi . "
"Boiditswe o ne a re dipalo tse di di potlana fela thata ebile di supa gore ga go a tlhwaafalelwa go lwantsha bogodu ja mmino mo lefatsheng leno."
"O ne o tlhagetswe ke kotsi ya sejanaga , mme jaanong o fodile . "
"O ne a tlatsa ka gore fa ditlhabololo di tla mo motseng, di somarelwe gore bana ba tle ba di fitlhele di le mo seemong se se botoka."
"Lillin Lesejane le Keadimilwe Moalosi mo dikganngeng tsa ura le ura mo Motsweding FM....06Mookamedi wa International Monetray Fund Christine Lagarde o akgotse puso ya Afrika Borwa ka ntlha ya go tlamela ka thuto e kgolwane e e sa duelelweng gonne a re thuto e botlhokwa mo kgolong ya ikonomi le go tokafatsa matshelo a ...
"Fa o batla go agela motlhape ka bonako, simolola ka dinamagadi tse di dusang, go gakolola Dr Lindhorst."
"Kokoano Bosetšhaba o tlhopha Moatlhodimogolo le Motlatsa Moatlhodimogolo"
"Dikgang12...Banking Association of South Africa ya re dibanka tsa AB di atlenegisitse diranta di feta dibilione di le 30pointsix tsa matlole a namolo ya batho le dikgwebo, tse di amilweng ke go laolwa ga motsamao wa baagi le go emisiwa ga ditirelo dingwe naga ka bophara ka ntlha ya COVID19...Mokgatlho wa ditshwanelo t...
"THULAGANYO ENO YA GO FAELA KE E TSHWANETSENG GO DIRISIWA KE MAFAPHA OTLHE A A WELANG MO TSAMAISONG YA POROFENSE YA KAPA BOKONE . "
"bosetšhaba fa gare ga ditlhopha tsa setso, bodumedi le tsa ditlhopha tsa"
"Mo motsotsong o le mongwe kgotsa e mebedi e a fofa go ya go bolelela dinotshe tse dingwe se e se boneng . "
"Mmegi Online :: Madirelo a HINO kwa Maun Monday 25 June 2018, 06:00 am."
"Fa go lebelelwa ditlamelo tsa tekatekano mo Molaotlhomong wa Ditshwanelo , potso e nna gore a mme seno ga se go tlhaola . "
"E rile ba sena go fitlha mo Kaperenaume, ba ba amogelang lekgetho la tempele ba tla mo go Petere ba re: “A moruti wa lona ga a ntshe lekgetho la tempele?”"
"Fa di sa tshwane kopa motlamedi wa gago wa selegae go go tlhalosetsa . "
"Mmuso o itlamile go oketsa kamego ya ona le go tiisa bokgoni le metswedi go tlhotlheletsana le ditheo tse mo mokgweng o o rulaganeng mo dingwageng tse di latelang tse tharo . "
"Toropo ya Selibe-Phikwe e tshwara kgaisano e tona mo Botswana ya mabelo a matelele e e bidiwang Phikwe Marathon; e simolodisitswe ke Boet Kahts le Phil Roberts ba ba sa tlholeng ba le mo botshelong. Roberts e ne e le morutabana kwa sekolong se segolwane sa Selibe-Phikwe Senior Secondary ka ngwaga wa 1985 e le tsela ya...
"Kabinete e akgotse ditheo tsa tiragatso ya molao mmogo le tirisanommogo le baagi ba ba thusitseng gore Willem Oosthuizen le Theo Jackson ba latlhelwe kwa kgolegelong."
"A baganetsi ba me ba apesiwe tlotlologo, mme a ba ipipe ka ditlhong tsa bone jaaka ka kobo."
"Ditiro tse dingwe tsa ga Jorame, le tsotlhe tse o ne a di dira, a ga dia kwalwa mo lokwalong lwa ditirafalo tsa dikgosi tsa Juta?"
"H Bojotlhe : go tshola motho ka botlalo . "
"Go tsibosa modirisi wa tsela gore dipone tsa pharakano tse di kwa pele ga di dire . "
"Seno se tsenyeletsa mmuso wa bogareng le wa porofensi , mafapha a naga le bothati jwa selegae . "
"Re tlhalosetse ka lelapa la gago Ke na le ngwana a le mongwefela o bidiwa Atsile."
"Tshiamo e tlaa mo etelela pele; mme e tlaa direla dikgato tsa gagwe tsela ya go tsamaya mo go yone."
"Kabosešwa ya tshegetso ya thuto, ditirelo tsa boitekanelo le ditiro tsa bommasepala kwa mafelong a magae e tswelela go nna mooko wa mananeo a rona a tiriso ya matlole."
"Mo dikgatong tse tharo tse e ke ya bofelo e e botlhokwa thata ka gonne ke gona fa morutabana a tshwanetseng go supa le go dirisa kitso le bokgoni jwa gagwe jwa serutwa le go ruta serutwa seno le go se tshola . "
"Setswana Puotlaleletso ya Bobedi (SAL)/P1 6 DBE/Ngwanaitseele 2019 NSC (Gauteng) 1.2 Lebelela setshwantsho se se latelang, mme morago o arabe dipotso. TEMANA B Mphonkie, o amogetswe mo lapeng! [Se nopotswe go tswa mo: Indwe, May 2016] 1.2.1 Batho ba ba mo setshwantshong ba fa kae? Tshegetsa ka lebaka. (2) 1.2.2 Moeng ...
"Dipotso tse di tlhokang tshekatsheko , tlhaolo kgotsa thulaganyo ya tshedimosetso e e tlhagisitsweng ka botlalo mo setlhangweng . ¢ Sobokanya dintlhakgolo / dikakanyo / mabaka / dipoelo le ditlamorago . . .¢ Kgobokanya dikarolwana / mabaka a ka gale . . . ¢ Tlhagisa ditshwano / dipharologano . . . ¢ Neela thadiso ya ....
"Barutabana ba tlhatlhoba ditiro tsa tlhatlhobo ya molomo . "
"Ela tlhoko fa o tlatsa foromo ya kopo - ke tse di tladitsweng sentle fela tse di tla tsewang tsia . "
"Madi a a tlhokegang go duelwa kwa mekgatlhong ya setšhaba ke R35.Mokopi a ka dira boipiletso ba ka fa gare , fa go maleba , kana kopo kwa kgotlatshekelo kgatlhanong le thennere kana tuelo ya madi a kopo . "
"Paakanyo e lebeletse ntlha ya go kgona go duela ga baithuti le batsadi ba bona, gammogo le tlhokego ya go netefatsa gore ditheo tsa thuto e kgolwane di tswelela go ikgona mo go tsa ditšhelete."
"Baka Jehofa, mowa wa me; le tsotlhe tse di mo teng ga me a di bake leina la gagwe le le boitshepo."
"Leano la Phaloso go Kgwebo ya Tirelophofo tsa Aforika Borwa (SAA)1.1 Kabinete e amogetse pegelo ya tswelopele ka ga tsamaiso phaloso go kgwebo ya SAA go tswa go IMC ka ga SAA, e e eteletsweng pele ke Tona ya Dikgwebo tsa Setšhaba, Rre Pravin Gordan.2 Kabinete e dumela gore tlhopo e e namatsang go tswa go baadimisi go ...
"Fa o fitlhela esela ya yo o go ilang e robaditswe ke mokgweleo wa yone, mme o bo o rata go gana go e mo thusetsa, o thusanye nae ruri."
"Ba tsaya maje go mo kolopa ka one; mme Jesu a iphitlha, a tswa mo tempeleng (a ba ralala fa gare, mme a feta fela jalo)."
"lo rapeleng ka go bisa go khutla;"
"Ditironyana tsa pele ga go kwala di ka kgaoganngwa ka ditlhopha tsa dikgopolo tse go kwa kwalwang ka tsone le tse go ka rulaganngwang dintlha ka tsone . "
"Tutume ke motse oo golelang pele mo ebileng dithabolo di dirwang go thusa banni ba koo ka ditamelo tsa botlhokwa jaaka dikokelwana,madirelo le tse dingwe.Banni ba Tutume ba dumela mo go thusaneng ka ba itse go tlisa maduo aa nametsang."
"Kabinete e atlenegisitse go romelwa ga Molaotlhomo ono kwa Palamenteng."
"A re kgotla ya Selolwane e siilwe ke ditlhabololo ka ntlha ya go sa fetseng ditiro ka nako."
"Pabalesego le Tshireletsego Kabinete e tswelela go kgala ka mafoko a a bogale dipolao tse di setlhogo tsa basadi mme e lebogile dikgato tsa ka bonako tse mapodisi ba di tsereng mo go tshwareng babelaelwa mo kgetseng ya polao ya Mme Hillary Gardee (28), wa kwa Kamagugu kwa Mpumalanga."
"E rile Uria a tla kwa go ene, Dafite a mmotsa botshelo jwa ga Joabe, le botshelo jwa batho, le ka fa ntwa e tswelelang ka gone."
"Go ntse go na le mekgwa e mentsi ya kgwetlho kgatlhanong le basadi go ya ka histori, e e neng e atile, e e supegang e le go tshubiwa ga baloi [burning of witches], go tlhabela ka baswagadi  [widows] (jaaka sati) le pofo maoto [foot binding]. Tshekiso ya basadi bao ba pateletswang ka boloi e na le setso se se telele, s...
"Kabinete e eleletsa Advocate Busisiwe Joyce Mkhwebane masego ka go thapiwa ga gagwe jaaka Mosireletsi wa Setšhaba wa Rephaboliki ya Aforika Borwa mo nakong ya dingwaga di le supa go simolola ka la bo 15 Diphalane 2016."
"Moše a bolelela bana ba Iseraele mediro e e tlhomilweng ya ga Jehofa."
"La bofelo a swetsa go kopana le ena a konotelela maikano a gagwe . "
"Bosija a re le mapodisi ba ba ithutetseng tiro kwa sekoleng sa sepodise, fa ba tsweletse le tiro ba bona ithutuntsho go ba lepalepanya le seemo sa phetogo tsa tiro ya bone."
"Tlhagisa maitemogelo a gago tebang le se , o bo o tlhalose gore a tota se ke se se tshwanetseng go dirwa ke rre a le mo lelapeng la gagwe . "
"Go ema nokeng molaomotheo ono wa konokono wa maikemisetso ano a a botlhokwa mo Mophatong wa Motheo go dirwa ka dithulaganyo di le tharo tsa go ithuta tse di tlamelang ka e e akaretsang dilo di le dintsi tsa go ruta moithuti yo mmotlana : Puisokwalo ( 40% ya nako ya lenaneo ya go ruta ) , Thuto ya dipalo ( 35% ya nako ...
"O boitshubelo jwa me, le thebe ya me; ke solofetse mo lefokong la gago."
"Kabinete e ikuela mo lekaleng la poraefete go ka thusa, ka go diegisa go oketsa ditlhwatlhwa tsa bona mo go tsibogeleng ditlhwatlhwa tsa leokwane."
"O phuthololela botsheka kwa sebakeng se se lolea fela, o lepeletse lefatshe kwa go seng sepe."
"Moagi a re go tewa monna a nyala mosadi wa bobedi wa ntlha a ntse ale teng."
"Tshiamelo ya go bouta ya bagolo ya botlhe , lenaneina la batlhophi ba boset ( haba la gale , tlhopho ya tlwaelo , le tsela ya ditlhophadintsi ya mmuso wa demokerasi go tlhomamisa maikarabelo , go ikarabela le kamogelo . "
"Leba kwa tshimologong ya buka-kaelo ya thuto go bona dintlha dingwe tse di kgethegileng malebana le seno . "
"Gonne badisa ba folofetse, ga ba a botsa mo go Jehofa; ke gone ka moo ba sa boneng go segofala, le matsomane a bone a faletse otlhe fela."
"Kereeditse le ena o tla bo a le teng ; ke kgonne go mo fitlhelela kwa Angola . "
"Mop Alta Schutte le Mop Melville Saayman, bao ka bobedi ba tswang mo khamphaseng ya Potchefstroom, ba ne ba lebogelwa thuso e ba nnileng le yone mo dithutong tsa bone kwa dijong tsa maitseboa kwa Johannesburg ka June."
"19042020 Palo ya batho ba ba tshwaeditsweng ke mo e tlhatlhogile ka 124 go tlisa palogotlhe go 3158.Go setse go tlhokafetse batho bale 54"
"O tshwanetse go fitlhelela bobotlana 50% ( leba Molao-Kakaretso A8.9 ) gore o falole mmojule ono . "
"Sekao , ba tla ithuta le go dirisa mareo jaaka "" medumo , dinoko , mafoko , polelo le khutlo "" . "
"Re eletsa gore mo ntlheng e re akgole Komiti ya Dithutlaganyo tsa Selegae ( LOC ) le balekane ba bangwe ka tiro e e manontlhotlho e ba e dirang . "
"Tsamaiso e ka nna ya go tlhoma molato gongwe go batlisisa . "
"O bile o tlaa nna le puso go tswa lewatleng go ya lewatleng, le go tswa Nokeng go ya dikhutlong tsa lefatshe."
"Tshedimosetso e rulaganngwe ka fa tlase ga ditlhogo / setlhogo . "
"Gape o tla tshwanelwa ke go duelela ditshenyegelo go tswa mo akhaontong ya gago ka namana . "
"Kabinete e atlenegisitse Melawanataolo e e ka ga Melao ya Tsereganyo go ya ka Molao wa Tshireletsego ya Dipeeletso, 2015 (Molao wa bo 22 wa 2015)."