text
stringlengths
0
40.2k
"Ba ikutlwa ba ikarabela boitshwaro jwa batsadi ba bona mme ba ikutlwa ba le molato ka ntlha ya se . "
"Ke a go utlwa . "
"Molao wa Motlakase wa 1987 jaaka o tlhabolotswe , o letla gore motlamedi wa motlakase a ka kgaola motlakase wa modirelwa fa a sa duelela motlakase kgotsa a sa kgotsofatse mabaka a tlamelo . "
"Fa matshosetsi a segagane a fedile, matlhogela ano a jalololwa le go jalwa mo tshimong."
"Gape ya re o tlisa motsalwapele wa one mo lefatsheng wa re: “A baengele botlhe ba Modimo ba mo obamele.”"
"Fa e koafetse, o tla utlwa marapo a sena mesifa."
"Dinokwe (Palla Road) ke motsana o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. Motse o , o na le batho ba le sekete le makgolo a mabedi go ya ka palo batho ya ngwaga wa dikete tse pedi. O bapile le tsela e kgolwane ya toropo kgolo Gaborone le ya toropo ya bobedi ya Francistown. Dinokwe o na le setaishane sa dikgomo se se did...
"Lentswe la gagwe ke la papalagae mo ebile o ka lebang ka ‘itlho le le mosoka’ gore a ruri le tswa mo mothong yo o setseng a atumetse phirimane ya botshelo jwa gagwe."
"Bathapiwa ba tshwanetse go fiwa sebaka go tlhpha tiro e ntšha fa go kgonegang . "
"Bathapiwa ka dinako tsotlhe ba tshwanetse go leka go konosetsa tiro ya bona ka nako , mme gape ba tswelele go dira tiro ya maemo a boleng jo bo kwa godimo , go sa kgathalesege gore a tiro eo e bonwa e se ya botlhokwa . "
"Go kgontsha diporofense go tlhoma ditheo tsa ngwaoboswa tse di tshwanetseng go amogela dithata tsa go sireletsa le go tsamaisa ditlhopha tse di rileng tsa ditlamelo tsa ngwaoboswa . "
"Mme Pilato a ba a tswa gape, a ba raya a re: “Bonang, ke mo ntshetsa kwano go lona, gore lo itse fa ke sa bone molato ope mo go ene.”"
"tshiamisetso go mowa wa tirisanommogo o akarediwang mo pusong ya"
"Gape e tsalana le phepô ya batho mme e supa letlôtlô la temôthuo gotswa mo mmung."
"Go sego ba ba tshegetsang katlholo, le ene yo o dirang tshiamo ka metlha yotlhe."
"“A o kile wa tsena kwa metsweding ya lewatle, kgotsa a o kile wa tsamaya mo dikunyaneng tsa boteng?"
"Bonang, Jehofa o dira lefatshe gore le nne lolea fela, o a le swafatsa, o a le ribegetsa, mme o falatsa banni ba lone."
"Moporesitente Zuma o ntshitse lefoko la gore a direlwe Phitlho ya Semmuso e e Itlhophileng ya porofense."
"O tlhalositse gore o amogetse pegelo e e tswang kwa Setheong sa Naga sa Ditirelo tsa Dilaboratori tsa Boitekanelo (NHLS) e e totobatsang gore go dirilwe diteko kwa laboratoring mme go na le bopaki jwa gore bolwetse jono bo teng ka fa nageng ya Aforika Borwa.
Mogare ono o setse o le teng kwa porofenseng ya Gauteng le ya Kapa Bophirima.
Bolwetse jwa Monkeypox gantsi ga bo bogale go le kalo mme bo iponagatsa ka go ropoga diso mo mmeleng. Go le gantsi ga bo ke bo gakala go le kalo mme kgonagalo ya go ka dira gore batho ba thule botala ka tlhogo ke phe -sente e le nngwenyana fela.
Kwa tshimologong ya di ngwaga tsa bo ma-2000 mogare ono o ne o begiwa ka bontsi kwa dinageng tsa Aforika tse di jaaka Nigeria, Democratic Republic of the Congo, Central African Republic le Ghana.
Bolwetse jono ga jaanong bo gaketse kwa Europe moo UK e di gogang kwa pele ka batho ba ba nang le bona ba le 700, mme Spain gone ke batho ba feta ba le 500, mme go latele Germany, Portugal le France.
Tona o rile Setheo sa Naga sa Malwetse a a Fetelanang (NICD) se samagane le go ruta batlhankedi ba maokelo ka bolwetse jono mo intha neteng gore ba kgone go bo bona ka bonako mme go tle go diriwe diteko tsa laboratori tse di tshwanetseng.
“Bolwetse jono bo fetelana ka go kgomana, mme seno se raya gore fa o le mo phaposing e le nngwe le motho yo a nang le bona bo ka se go fetele,” Tona o tlhalositse jalo.
Tona Phaahla o theositse matshwafo a baagi ka go ba itsise gore Bolwetse jwa Monkeypox ga se mogare o e leng la ntlha o nna teng mme borasaense ba na le kitso e e tseneletseng ka bona.
Monnasetulo wa Komiti e e Eletsang Ditona mo Mererong ya COVID-19 yo gape e leng Tokololo ya Khuduthamaga kwa go NHLS, Moporofesara Koleka Mlisana, o tlhalositse gore Bolwetse jwa Monkeypox bo tletse thata mo dikgaolong tse di leng kwa gare le tse di leng kwa bokone jwa Aforika mme bona ga bo bogale go le kalo.
Go re bolwetse bo tletse mo kgaolong e e rileng go raya gore gantsi batho ba bo ba tshwarang ke batho ba ba nnang mo kgaolong e e rileng.
O tlhalositse gore Bolwetse jwa Monkeypox bo batlile go tshwana le jwa sekonko nyane.
“Bolwetse jwa Monkeypox bo setse bo na le meento le melemo e batho ba ka e dirisang. Bolwetse jono bo iponagatsa ka matshwao a a tshwanang le a mokgo tlhwane le a malwetse a matshwafo a a tshwaetsegileng. Se se botlhokwa ke gore motho yo a nang le ma tshwao a bona o bonagala ka bonako e bile se se botlhokwa go gaisa ke...
Bolwetse jwa matshwafo a a tshwaetsegileng ke bolwetse jo bo bogale thata jwa malwetse a matshwafo a a rurugileng.
Moporofesara Mlisana a re dikgato tsa go gata motlhala batho bao ba kopaneng le bao ba tshwaetsegileng di botlhokwa thata mo ntlheng eno mme ka jalo Lefapha la Boitekanelo le tla tswelela go latela dikgato tseno.
O ne a netefaletsa MaAforika Borwa gore Laboratori e na le mafaratlhatlha otlhe a a tlhokagalang go ka tlhokomela maemo gore re kgone go ka nopola bolwetse jo bongwe le jo bongwe jo bo tlhagelelang.
–SAnews.gov.za"
"•"
"Nka se kgone go bala dikgang tse rona ba lekoko la Grain SA re di utlwang ka boitumelo ka mokgwa o balemirui ba ratang go tshola bana ba bona ka go ba tsaya go ya go bona dimela tota le go ba isa go besa nama kwa masimong ka mafelo a beke . "
"Mo tsamaong ya ngwaga o , re tla tshwaya ngwaga wa ngwagakgolo wa tlhomo ya Kitlano ya Aforikaborwa e e tlhomilweng ka 1910 . "
"Mosadi wa ga Samesone a newa monkana wa gagwe, yo o ne a mo kaile e le tsala ya gagwe."
"Jaaka Jehofa a laotse Moše motlhanka wa gagwe, Moše a laola Jošua jalo; Jošua a dira jalo; a se ka a tlogela sepe se sa dirwa sa dilo tsotlhe tse Jehofa o di laoletseng Moše."
"Ka go simolola ka ' Ngogola nna . . . ' , o bontsha kgatelelo mo go se a se buang . "
"Tsholofelo Chabalala e ne e le mofenyi-kakaretso wa USSA, mme Dorcas Cassie Billa ene o ne a itsisiwe gore ke Moitsayasenepe yo o Gaisang Botlhe wa Mosadi mme Teboho Malebana ene jaaka Moitsayasenepe yo o Gaisang Botlhe wa Monna."
"Go nale metlhale e mentsi ya go bega tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo ko DCEC."
"Mme lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna, la re:"
"Dikgato tse di tserweng go rarabolola bothata ka bowena ( fa go kgonega ) . "
"A re nneng kokoma ya batho bao ba tsereng maikarabelo a go fedisa tshenyo ya metsi."
"Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa ka ntlwana go tshegetsa di-Proteas jaaka ba tswela pele ka leeto la bona la Sejana sa Lefatshe."
"Go na le losika lwa batho ba ba iponang boitsheko, le fa go ntse jalo ba sa tlhapisiwa maswe a bone."
"Bonang, Morena o na le mongwe yo o thata, yo o nonofileng; jaaka ledimo la sefako, jaaka sešetlana se se senyang, jaaka makobekobe a metsi a a thata a a penologang, o tlaa digela fa fatshe ka seatla."
"Tlhabololo ya setšhaba"
"Ditiro tsa poraefete ka batho ka nosi , dikhamphani tsa poraefete , dingaka kana babueledi ba ba sa direleng naga . "
"Synergism kgotsa tikoloso ya sejalo nako dingwe e diragala magareng ga dijalo dingwe fa di fapanngwa."
"“Leina la gago ke le bontshitse batho ba o ba lomolotseng mo lefatsheng wa ba nnaya; e ne e le ba gago, mme wa ba nnaya, mme ba tshegeditse lefoko la gago."
"Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go tlisiwa kwa Palamenteng ga Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Melao ya Lekala la Matlole wa Ngwaga wa 2020."
"“Lo tlaa rala molelwane wa lona ka fa ntlheng ya botlhabatsatsi, lo o rale go tswa Hasare-enane go ya Shefame."
"A mautlwelobotlhoko a gago a tle mo go nna, Morena, e bong poloka ya gago, ka fa lefokong la gago."
"Mo boineelong jo bo tshwanang jo , re belegwe ka kgaratlho , re ineetse go fodisa dintho tsa ditiragalo tse di fetileng , go tlhomamisa seriti sa botlhe , le mo tsweletsong ya pabalesego ya loago le ya didirisiwa tsa batho ba rona , re tshepisa go sireletsa le go tshegetsa melawana e e leng teng . "
"A baakanye dilampa mo setlhomong, se se sa pekwang sa dipone, fa pele ga Jehofa ka gale le ka gale."
"Lefatshe la bo le tobekanye fela, go sa itsege sepe; mme lefifi la bo le ntse fa godimo ga boteng. Mowa wa Modimo wa elama fa godimo ga metsi."
"Porojeke eno e tla etelelwa kwa pele ke Lefapha la Metshameko, Botsweretshi le Setso jaaka e le maikarabelo a lona go rotloetsa ditiragalo tsa go aga setšhaba le go dira gore se nne seoposengwe."
"Kutlwisiso le thanolo ya didiriswa tse di kwadilweng le tse di bonwang e laolwa ke kitso ya barutwana ya dipopego tsa puo le melawana . "
"Ke maikarabelo a maAforika Borwa otlhe go rutana mo setšhabeng ka ga boswafi gore ba kgone go fedisa ditsiabadimo le dihelele."
"Mokgatlho wa Bantshakuno ba Garanata ba Afrika Borwa (POMASA) o ne wa tlhongwa ka 2009 mme o okamela kananyo ya tshedimosetso magareng ga badimedisa garanata ba, ba dirisi, baemedi ba thekiso, mafelo a go godisa dimela le babatlisisi ba mo Afrika Borwa."
"Jaana e re ka re ja letswai la ntlo ya kgosi, mme go sa re tshwanela go leba fela go tlotlologa ga kgosi, ke gone ka fa re romileng ra itsise kgosi ka gone;"
"Puso e sa ntse e itlamile go netefatsa gore maAforika Borwa otlhe a fitlhelela ditirelo tsa motheo."
"Mo ngwageng o wa segopotso sa bo60 sa Doctors Pact sa baeteledipele ba ditšhaba tsa Aforika le India ( AB Xuma , GM Naicker le Yusuf Dadoo ) , segopotso sa bo30 sa polao ya ga Steve Biko le segopotso sa bo20 sa go etela kwa Dakar ga matlhale a Maaforikanere go kopana le ANC , ntlha ya pharologano ya ditebo tsa rona le...
"KGAOLO 3: PUSO YA TIRISANO"
"Gape lefaphapotlana le thusa beng ba molao ka tsamaiso ya go bona gore go ikobelwa molao."
"Kabinete e ikuetse mo baaging gore ba nne ka fa dintlong fa pula e tshologa le fa go na le merwalela, mmogo le go gakolola bao ba nnang mo mafelong ao metsi a tamang mo go ona fa pula e nele thata gore ba itlhokomele."
"227 ."
"Ga go reye gore fa o kgona go fosa Setswana fela go siame fa fela Batswana ba ka go tlhaloganya . "
"Kabinete e dumelane le ditshwetso tsa go thapa batho ba ba latelang:Mo Botong ya Bakaedi ba Khomišene ya Dipatlisiso tsa Metsi Ngaka Rethabile Melamu (Monnasetulo) Ngaka Harrison Pienaar (Motlatsamonnasetulo) Moporofesara Nnenesi Kgabi Rre Willem Baird Moatefokate Reinette Mary Rosey Moporofesara Aldo Stroebel Mme Zam...
"Lefoko le le tsileng mo go Jeremia le tswa kwa go Jehofa, la re:"
"Thomase a mo fetola a re: “Morena wa me, le Modimo wa me.”"
"Dafite a bua le bagolo ba Balefi, gore ba tlhome bana ba ga rraabo go nna baopedi, ba na le diletso tsa kopelo, disaletere, le diharepe le disemebala, ba dira modumo o mogolo, gore ba tsholetse mantswe ka boitumelo."
"Ga dirala ya re ba sena go utlwa molao, ba lomolola bontsi jotlhe jwa batho jo bo tlhakatlhakanyeng mo go Baiseraele."
"Bana ba ga Bani, 642."
"Jalo motlhanka ka ene a wela fa fatshe a mo rapela a re: ‘A ko o nne pelotelele le nna, mme ke tlaa go lefela.’"
"go tshwarwa mo nakong ya matsatsi a le 90 morago ga go phatlaladiwa ga"
"Ditemogo ke gore lephata la temothuo la Aforikaborwa le arabela sentle dikgwetlho tsa kgaisano e e oketsegileng . "
"Di tshwaraganeng ka botlalo le dikemo tse di kwa godimo tsa temothuo e e rulaganeng . "
"Ditirelo tse di akaretsa go tsenngwa le go tlhokomelwa ga ditsela , ditselanathoko , dipone , le dibebofatsi tsa kelelo ya metsi ; le go aga le go dirisa ditliliniki , diphaka , le dibebofatsi tsa boitapoloso . "
"Lo tlaa itse fa ke romile taolo e mo go lona, gore kgolagano ya me e tle e nne le Lefi.” Go bua Jehofa wa masomosomo."
"Gonne moo e ne e tlaa nna mathamo; ee, e tlaa nna boikepo jwa go bediwa ke baatlhodi;"
"Maloba go ne go na le eo e neng e sekamisa dikgwatlha tsa motho . "
"Fa o dira jalo o tla kgona go tokafatsa theetso ya gago . "
"Malebana le karolwana (1), letlha ‘6 Sedimonthole 1993’ mo le tlhagelelang teng"
-3
"Morago ga moo ga dirala, go re Dafite a kgemetha Bafilisitia, a ba kokobetsa, a gapa Gathe le metse ya gone mo seatleng sa Bafilisitia."
"Ditlhabololo tse di tshitshinngwang ke karolo ya dikgato di le mmalwa tse naga e di tsayang go fetola lekala la motlakase gore le fitlhelele tlamelo ya motlase e e tsepameng e bile e sireletsegile."
"Solomone o bile o dutse mo setulong sa bogosi."
"Peter o ne a nna le balelapa la gaabo go fitlha a le dingwaga di le robong . "
"Dikopano di le dintsinyana tse di gogwang kwa pele ke Ditona, Bakhuduthamaga le Dimeyara di setse di simolotse go sekaseka maemo a kabo ya ditirelo le go buisana le baagi."
"Botlhe ba e ne e le bomorwa Jediaele ka fa ditlhogong tsa makgotla a borraabo, diganka tse di pelokgale, 17 200, e le ba ba nonofileng go bolola mo ntweng go ya go tlhabana."
"Gaufi le Mheti go nna Mhati."
"Ga go na karolo epe ya buka eno e e tlaa tlhagisiwang bosa ka mokgwa kgotsa ka tsela epe e nngwe kwa ntle ga tetla e e kwadilweng e e tswang go mogatisi . "
"Monongwaga Aforika Borwa e keteka segopotso sa bo 60 sa Mogwanto wa Basadi, ka moono wa: ""Basadi ba tshwaragane go isa Aforika Borwa pele"" go boeletsa maitlamo a Puso a go leka gore go nne le baagi ba ba tshelang kwa ntle ga mefuta yotlhe ya tlhaolo le go isa Aforika Borwa pele ka go oketsa temogo ya seabe sa botlho...
"Mongwe le mongwe wa bone o tlaa dula fa tlase ga mofine wa gagwe, le fa tlase ga mofeige wa gagwe; ope ga a ketla a ba boifisa; gonne molomo wa ga Jehofa wa masomosomo o se buile."
"Re tlile mo go lo bolelela ka ga bonnete jwa temokerasi jwa gore maatla ke a lona."
"Gantsi e lebile mokwadi ka namana go feta dikakanyo tsa gagwe ; e tlhoka popego e e tseetsweng matsapa , fela ga e patelesege go tlhagisa bokhutlo jo bo tlhamaletseng , kgotsa gona go tlhagisa mmuisano o o tsepameng , le fa gona e kgona go dira jalo . "
"Dikuno tse di tlhagisitsweng ka fa nageng di feta di le 1 000 di tla rekiwa mo di-SMME tseno."