text
stringlengths
0
40.2k
"Tlhomamisa gore ga o na disekerete tse di setseng , le ditompi tota . "
"A re fa go ka agiwa lebala kwa Tsabong, le mafelo a mangwe jaaka Hukuntsi, Mochudi, Tswapong, ditlhopha tsa kgwele ya dinao kwa loroleng di ka gola thata, tota le go dira dipoelo ka letsono kwa metshamekong."
"maatlataolo a yona."
"O akaretsa ditlhogo tse di jaaka letshwao la setlamo, mebala ya kgwebo le ya legoro, popegokwalo, dikarata tsa kgwebo, mesaeno ya imeile, disaene le dilo tsa go kwala le go kwalela."
"feta mo Khanseleng ya Khuduthamaga go lekana le palo ya manno a le a tshotseng"
"Mokgatlho wa Royal Family Culture and Charity o abetse banni bangwe ba ba neng ba wetswe ke seru sa dipula tse di ileng tsa senya kwa motseng wa Maunatlala. Moeteledipele wa mokgatlho o, Rre Joseph Thakgathi, a re mokgatlho wa gagwe o itlamile go tswelela o abela malwapa a a tlhokang.A re Keresemose ke letsatsi le mal...
"Tse dingwe go betliwa ka tsone, go betliwe dikika, metshe, dintshwana le dilo tse dingwe tse dintsi."
"Mokgatlho o o laolang : Bothati bo bo maikarabelo ka semolao le go nna moarabedi wa go tlhoma pholesi , go diragatsa pholesi , go tlhokomela tswelelopele le go sekaseka tiragatso mo dintlheng tsotlhe tsa tiro . "
"Bana ba ga Rubene ba aga Hešebone, le Eleale le Kiriathaime;"
"(c) kgololosega ya methale yotlhe ya tirisodikgoka go tswa mo makala puso"
"Mapodisa a Mmasepala . "
"Ya re a itsatsanka, Charles a tlhalosa fa setlhogo sa Maru A Pula, se kaya boipelo jwa go nna Motswana, tota le go goleleng ga gagwe kwa legaeng."
"Gonne re a dira e bile re a leka ka ntlha ya gone mo, ka gonne re na le tsholofelo ya rona, e tlhomilwe mo Modimong, o o tshedileng, o e leng Mmoloki wa batho botlhe, bogolo wa bone ba ba dumelang."
"Ke ka fa boikaelelong jwa metlha e e se nang tshimologo, jo o bo ikaeletseng mo go Keresete Jesu Morena wa rona,"
"Jakobe a raya leina la felo foo a re, Peniele; gonne a re: “Ke bonye Modimo re lebanye difatlhogo, mme botshelo jwa me bo bolokilwe.”"
"Go ne ga jewa ga ba ga latlhwa; dijo tsa teng di sa fele mme tsa nna tsa tshololwa fela."
"Ga twe bopelotelele ke semelo se se ka se bapisiweng le sepe fela mo botshelong."
"Kgosi ya Egepeto ya ba raya ya re: “Ana lona Moše le Arone lo repisetsang batho mo ditirong tsa bone? Tlogang lo ye kwa merwalong ya lona.”"
"Bokone Bophirima: Majorokakaretso Dumisani Patrick Mbotho."
"E re di sena go nwa, a re di a tlhatloga."
"Ba tlile go batla go itse gore nna ke le lepodisi , ke dirile eng . "
"Harries Thaba, mookimogolo wa Senthara ya Boitekanelo ya Baithuti mo khamphaseng kwa Mahikeng, a re o simolotse go direla YBB ka gonne a ne a bona seo e le tšhono ya go gatela pele."
"Ke itumela ka lefoko la gago, jaaka motho yo o bonang thopo e kgolo."
"“Babilone le banni botlhe ba Kalatea ke tlaa lefetsa mo go bone bosula jotlhe jwa bone jo ba bo dirileng mo Sione mo ponong ya lona,” go bua Jehofa."
"Banna le bone ba tshwanetse go rata basadi ba bone fela jalo, jaaka e ka bo e le mebele ya bone. Yo o ratang mosadi wa gagwe o a ithata."
"go ribololwa ga R201 bilione go tswa mo lenaneong la maatla a a Ntšhwafatsegang a IPP (ii) Maatla a a Ntšhwafatsegang ga jaana a tsenya 3 175MW mo Mothamong (iii) memorantamo wa tshedimosetso ya porojeke ya IPP tsa gase o konoseditswe mme Kopo ya Ditshitshinyo e tla rebolwa pele ga bokhutlo jwa ngwaga o mošwa wa ditšh...
"Ditaelo tse di ka dirwang di akaretsa , ditaelo tsa nakwana le tsa semolao , taelo ya tuelo ya ditshenyegelo , go laela gore go kopiwe maitshwarelo le go dira gore tumelano ya tharabololo magareng ga maphata a mabedi e nne taelo ya kgotlatshekelo . "
"Kabinete e akgotse baithuti ba ba emeng mmogo kgatlhanong le bosemorafe le letlhoo la basweu, e leng sekai sa gore re ka dira mmogo go agelela mo tswelelopeleng le diphitlhelelong tse di dirilweng mo lephateng la thuto e kgolwane go baakanyetsa ngwaga ono wa dithuto."
"Gape di dirisetswa go sireletsa dijalo-tatedi tse di jaaka disetoroberi le cucumber kgatlhanong le go bôla mme di di tshola di le phepa."
"Beile e e ka rebolwa gape morago ga diura , fela e ka se gapelediwe ke motho yo o tshwerweng mme e kwa tshwetsong ya motlhankedi wa sepodisi . "
"A tswelela a re, go tsenya bana sekole, go ka ba thusa go oketsa dikitso tsa bone."
"Ana Baegepeto ba tlaa bo ba buelang, ba re: ‘O ba ntshitse go tla a ba bona bosula, le go ba bolaela mo dithabeng, le go ba nyeletsa ba tloga mo lefatsheng’? Fapoga bogale jwa gago jo bo tukang, mme o ikwatlhaele bosula jo o bo laoletseng batho ba gago."
"Kgosi ya Iseraele ya re: “Tshwarang Mikaia, lo mmusetse kwa go Amone molaodi wa motse, le kwa go Joaše morwa kgosi;"
"Metsi a ka nna mo dipopegông di le tharo – ka bokomota jaaka kgapetla, jaaka seêledi, kgotsa mo sebopegong sa gase jaaka mowametsi."
"Mme a bo a bua ka ga Jutase morwa Simone Isekariote, gonne e le ene yo o tlaa mo okang, e le mongwe wa ba 12."
"Ke ne ke tlaa pateletsa Matlakala go nyalwa gona ka ke itse lelapa le / Ke ne ke ka mo tlogela gonne fa a sa atlege o tla mpona molato . "
"Ela tlhoko gore fa rekoto e seo ka puo e o e tlhopileng , o ka newa phitlhelelo ka puo e rekoto e leng mo go yona . "
"Ba ya kwa go Hilekia moperesiti yo mogolo, ba mo neela madi a a ne a lerilwe mo ntlong ya Modimo, a Balefi, balebedi ba kgoro, ba ne ba a phuthile mo go Bamanase le Baeferaime, le mo go masalela otlhe a Baiseraele, le mo go Bajuta botlhe le Babenjamine, le mo banning ba Jerusalema."
"Thulaganyo ya Tsamaiso ya Loago go Thusa go Diragatsa Diporojeke tsa Mafaratlhatlha."
"Fa go na le sengwe se se tshosang babogedi ba tlaa utlwa ka mmino o o nang le modumo o o boteng , fa gongwe o nna bonya , mme fa gongwe o nna ka bonako . "
"Fela o tla tlhoka go bona keletso ya bongaka ka gale . "
"Nna pele ke tlaa raya Sione, ke re: Bona, o ba lebe; mme ke tlaa naya Jerusalema mongwe yo o tlisang mafoko a a molemo."
"Go thapiwaGo thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi:."
"Oliver Pikati (o tshotswe ka Motsheganong a tlhola lesome le boferabongwe ka ngwaga wa 1973) ke motshameke wa pele Botswanamotshameki pele wa kgwele ya dinao yo o neng a tshamekeke kwa pele. O kile a tshamekela setlhopa sa sechaba sa Botswana mo dingwageng tse di fagare ga 1997 le 2002."
"Kanoko ya Lenaneo Legolo la Sechaba la Phatlalatso Metsi la 2005-2006, le ne la re go dirwe diphetogo tse dikgolo mo mhameng wa metsi, mme dingwe tsa tsone e le gore, go kgaoganngwe tsamaiso ya mhama wa metsi le makalana a mangwe a a thusang ka ditirelo. Morago ga dikanoko tse, ba ne ba gakolola gore Water Utilities C...
"Sekano sa Setshaba gape ke karolo e e botlhokwa ya Bonota jo bo kanelang jo Bogolo , jo goyang ka setso jo tsewang jaaka letshwao lo logolo la Puso . "
"Porofense e e tlhophilweng ke Khansele ya Khuduthamaga ya Porofense."
"Fa e le gore ka mabaka a tiro phitlhelelo ga e ka ke ya newa mo sebopegong se se tlhokegang mme ka sebopego se se sengwe , jalo madi a tla balwa go ya ka tsela e mokopi a e kopileng pele ka teng . "
"Fa Motlhankedi wa Tshedimosetso a ka gana go rebola tetla ya phitlhelelo ya rekoto nngwe fela e e tshotsweng ke Mmuso , kgotsa Setheo sa Setshaba , motho yo o dirang kopo ya tshedimosetso o na le tshwanelo ya go dira boikuelo kgatlhanong le tshwetso eo . "
"E kaela mekgwa ya momaganyo e e tla kaelang mananeo otlhe a a tshegetsang dikgwebopotlana."
"Mo Botong ya Bakaedi ba Lekgotla la Saense ya Ditikologo"
"motho yo o tsietsang wa ga gabo o ntse jalo, mme a ba a re: “A ga ke tshameke fela?”"
"Gonne motse wa rona o kwa legodimong; kwa le gone re lebeletseng Mmoloki go tswa teng, e bong Morena Jesu Keresete;"
"Ke na le dingwaga di le thataro ke ratana le mosimane wa dingwaga tse di masome mabedi le bongwe."
"Maiteko a e sale gale malebana le se a tlhaetse ka ntlha ya maitsholo le boleng magareng ga maloko le tsamaiso le gape ka ntlha ya tlhaelo ya bokgoni jwa botsamaisi le dikgono , tse di isitseng kwa ditiragalong tse di bokoa tsa kgwebo . "
"O baakantswe gabedi ka 2008 le 2009."
"A ) O TSHWANETSE A TLHATLHOBE DIFAELE TSA LETSATSI NAKO LE KGABETSA GO NETEFATSA GORE KWALELANO YOTLHE E DIRILWE MO DIFAELENG TSE DI SIAMENG . "
"Fa e le baji ba one bone ke ba rototse matlho o ka re motho a aketswe!"
"Go tlhomamisa boleng jwa bopaki . "
"Ka ntlha ya maitsholo a a duleng mo tseleng, mo bekeng eno re lelela mapodisi a le mararo a a tlhokafetseng go sa lebelelwa a Lefapha la Sepodisi sa Motsemogolo wa Tshwane (TMPD) a a latlhegetsweng ke matshelo a bona mo kotsing ya fa sejanaga sa bona se ne se sugakana le sa mokganni yo a neng a itshietse fa di ne di j...
"mme ga ba na modi mo go bone ka bosi, ba tle ba eme ka lobakanyana fela; e re mogang go tsogang patikego, kgotsa pogiso, ka ntlha ya lefoko, ba akofe ba kgopiwe."
"A re bolwetse jo bongwe ke jwa metsi a mantsi mo matlhong, jo bo amang batho ba dingwaga tse masome a mane le go feta e bile gape bo ka tsamaya ka losika."
"Epe eno ga e bokeletse tshedimosetso ka ope kgotsa go gata ope motlhala gongwe le gongwe ko a yang."
"Badini ba setse ba supile maloko a badiri a le 30 go tswa mo magorong gore ba nne teng mo mananeong ano, ao, go ya ka dithulaganyo, a tla simololang ka Ferikgong 2020."
"Kabinete e na le bonnete jwa gore dikgato tse di setseng di tsentswe tirisong di tla thusa naga go tlhama ditiro tse dintšhwa le go fitlhelela diphitlhelelo tse di totilweng tsa ditiro tse dintšhwa di le dimilione di le tlhano ka 2020."
"Go tila dilo tsa go nna jaana, ke gore, ba ba dirang ba tlhagafale, ba tsenye marapo, e seng moko, dinameng."
"Kopo ya bofelo ya go ntshiwa ga tagafara- ( o bitswa go tlhagelela kgotlatshekelo ) ka ngwaga o rileng . "
"Go leka go bona tsela kgotsa mokgwa wa go tlhaloganya se se buisiwang , reediwang kgotsa dirwang . rejisetara-mafoko , mokgwa le thutapuo e e dirisiwang ke bakwadi / dibui mo mabakeng a a rileng segalo - 1 . lentswe , modumo , bokibo le mosito fa motho a ne a bua kgotsa a opela. 2 . tsela ya go kapodisa lefoko go fapa...
"Tsamaiso enô ya go bopa kgokagano ya mycelium le go thopa motshotelô e bitswa ‘motsamao wa spawn’ mme e tsaya malatsi ale 15-19."
"300 0600 Gaabo Motho le Snyman RankaneO tsosa mang kgotsa o godisa mang gompieno. Are tsoge mmogo Afrika Borwa...."
"Tsamaiso ya Madrid e tsenyeletsa go sirelediwa ga matshwaokgwebo."
"Fa o na le ditshwaelo malebana le tirelo e o e amogelang kwa Lefapheng la Merero ya Selegae gongwe o na le dipotso , se okaoke go ikgolaganya le rona ka go dirisa dintlha tse di tlametsweng . "
"Lefelo le lengwe gape la go phaka dikoloi (la kago ya morago ga kalogo, laeborari le dikago tse di lebaganeng le yone), le le tlileng go ja R2,4 milione."
"Tlamelo e fitlhelela maikaelelo a yona ka go rebola dithotloetso go dibanka tsa kgwebo le ditheo tse dingwe tse di rebolang tseisomolato go beeletsa mo diporojekeng tse di kopanetsweng tsa boleng jo bo kwa godimo tsa temothuo le bojanala-tlhago , mme ka go dira jalo e le go bulela dipeeletso tsa lephata la poraefete m...
"Baithuti ba kgatlhegela go bala , go bua le go reetsa se ba se itseng . "
"Tsenya letlhare la maduo ka mo faeleng ya tlhatlhobo kampo gatisa letlhare la Excel gore o ne le rekoto e e tshwaregang e e sa latlhegeng . "
"Morago ga dingwaga tsa kgokgontsho go tswa mo go mmangwanaagwe, Obolokile, yo o nang le bana bale bane mo go bone gona le wa monalebogole, a namolwa mo seemong seo ke bommaboipelego mme ba lopa lekgotla la kaboditsha la Serowe go mo abela setsha."
"Re tla tswelela go rotloetsa tumalano ya kagiso e e tshwarelelang magareng ga dinaga tsa Iseraele le Palesetina gore go nne tharabololo ya dinaga tse pedi tse di bapileng . "
"Ga o ka nyala e tona ya mmala wa boshibidu kgotsa bontsho le koekoek e namagadi, go tsala engwe e namagadi, e tla tsalwa e le ntsho fa e tona e tla nna le letshwao la mmala o mosweu mo tlhogong."
"A tlhaba tshupelo e e fisiwang; bomorwa Arone ba mo neela madi, mme a a kgatsha mo sebesong mo tikologong ya sone."
"E santse e le karolo ya botlhokwa mo thulaganyong ya rona ya go godisa ikonomi le ya go tlhola ditiro tse di tlhokagalang thata."
"(ii) go rulaganya phuruphutso ya mongwe le mongwe , mme fa go le"
"Tshegetsa tleliniki ya selegae gore e tlamele tirelo e e gaisang . "
"Ka ntlha ya seno , basadi ba nna mo matshosetsing a magolo a go tshwaediwa ke HIV ka ntlha ya fa ba sena maatla a a kalo a ikonomi le a loago go tshwana le banna mme gape go le boima gore basadi ba ka itshireletsa kgatlhanong le go tshwaediwa ke HIV . "
"Thelesekoupu ya dijana tsa kgaso di le 64 ya meerkat ya naga ya Aforika Borwa, e e thankgolotsweng monongwaga ka Phukwi, ke enngwe ya dithelesekoupu tse di diphatsa e e tshwanang e le nosi lefatshe ka bophara."
"Maun ke toropo ya botlhano mo ditoropong tse di kgolo tse di mo Botswana Jaaka ka ngwaga wa 2001 e ne e na le palo ya batho bale dikete di le masome a mane le boraro le makgolo a supa le masome a supa le borataro. Ke motse wa sebobego se se tswakangtsweng jaaka o na le dikago tsa sesa le tsa setswana. Maun ke lefelo...
"Josefe a fetola Faro a re: “Ga go yo mo go nna; Modimo o tlaa naya Faro phetolo ya kagiso.”"
"O se ka wa itumela ka ga me, wena mmaba wa me; mogang ke wang, ke tlaa tsoga; mogang ke dulang mo lefifing, Jehofa o tlaa nna lesedi mo go nna."
"(c) Go phatlalatsa Khansele ya Mmasepala le go thapa motsamaisi go fitlha go"
"Fa a tsena, Nthepha a nona pelo ka mathe, a akanya gore go tlisitswe madi ale a ntlo."
"Setšhaba le balaodi ba maphata ba tla dirisana go netefatsa gore go na le tshireletsego le pabalesego mo dikarolong tsa bona . "
"Lo tseye letlole la ga Jehofa lo le beye mo kareng; dilo tsa gouta tse lo di isang kwa go ene e le tshupelelo ya tlolo, lo di beye mo letloleng fa go lone; lo le bolotse gore le tsamaye."
"Goya ka palo ya batho ya ngwaga wa 2001 palo ya batho mo Shoshong le metse ee mabapi e ne e tsamaya kwa go diketse di lesome le motso lekgolo le masome a supa le borataro, fa ba ba mo shoshong bale dikete dile supa makgolo ale mane le masome a ferang bongwe."
"“Go ka bo go rerisantswe le barui ba dikgomo pele ga go tsewa ditshwetso."""
"Barutwa ba mo raya ba re: “Fano mo nageng fela re tlaa bo re bonye kae dinkgwe tse di lekanyeng go kgorisa bontsi jo bo kanakana?”"
"Nngwe ya maikaelelo a bone ke go netefatsa gore diintaseteri tse di ke mafelo a a babalesegileng le a a itekanetseng . "
"Korale le legakwa ga di ketla di umakwa; ee, tlhwatlhwa ya botlhale e feta ya borube."
"go golola mowa wa bone mo losong, le go ba tshedisa mo mosweleng."
"Bagolwane ba ba laolang ba dikete ba ntwa, balaodi ba dikete le balaodi ba makgolo, ba atamela kwa go Moše."
"Fa motho a re: “Ke rata Modimo,” mme a ile mogagabo, o maaka; gonne yo o sa rateng mogagabo yo o mmonang ka matlho, ga a ka ke a rata Modimo, o a iseng a o bone."