text
stringlengths
0
40.2k
"Sekolo sa Kgwebo le Taolo sa Bokone-Bophirima le Sekolo sa Dithuto tsa Ikonomi mo Khamphaseng ya Potchefstroom di tlhamile sedirisiwa se se mosola sa go sekaseka diphelelo tsa dipholisi tsa badira-ditshwetso mo Aforikaborwa."
"Gonne batlhoki ga ba ketla ba lebalwa ka metlha yotlhe, le fa e le tebelelo ya bahumanegi ga e ketla e nyelela ka bosakhutleng."
"E tla re fa o newa tshupatefo , tikwatikwe e tla go rebolela letlha le nako e o tshwanetseng go tla go dirwa tlhatlhobo e e rebotsweng . "
"Diatla tsa basadi ba ba pelonamagadi di apeile bana ba bone tota; e ne e le dijo tsa bone mo tshenyegong ya morwadia batho ba me."
"Mme le tshotlakako ya basadi le bana e ntse e tswelela ka seelo se se sa amogelegeng . "
"Go tsholwa ka katlego ga Foramo ya Botlhano ya Bobusi jwa Inthanete ya Aforika kwa Durban go bakile go konosediwa ga maemo a kontinente, a a tshegetsang go fitlhelelwa ga maitlhomo a Agenda 2063, pele ga Foramo ya Bobusi jwa Inthanete e e tla tshwarelwang kwa Mexico ka Sedimonthole 2016."
"gore leina la Morena wa rona Jesu le galalediwe mo go lona, le lona mo go ene, ka fa tshegofatsong ya Modimo wa rona le Morena Jesu Keresete."
"Mme a ba roma kwa Bethelehema a re: “Yang lo tlhotlhomise sentle ka ga ngwanyana yo; e re lo sena go mmona, lo tle go nkitsise, gore le nna ke ye go mo obamela.”"
"Ka bobedi Mauritius le Mclean’s Red, bonnye jwa molagare wa leungo la thomelontle ke dimilimetara tse 30 mme mo mmarakeng wa selegae ke 28mm."
"(i) diura tdi le 48 morago ga go tshwarwa; kgotsa"
"Kabinete e ikuetse mo maphateng otlhe a setšhaba go dirisana le puso go dira gore mo ditšhabeng tsa rona botlhe ba babalesege le go sireletsa bao ba bogisiwang."
"Katlego Makhanda yo a nnang kwa Moiletswane kwa porofenseng ya Bokone Bophirima o tlhaloganya sentle gore go boima jang go tlogela motsoko.
Pele a ka tlogela motsoko mo dingwageng di le nne tse di fetileng, Makhanda wa dingwaga di le 28 o ne a goga metsoko e feta e le 30 ka letsatsi.
O ithutile go tsuba a na le dingwaga di le 18 ka ntlha ya go wetswa ke dithaka tsa gagwe.
“Ke ne ke sena kgatlhego epe mo go gogeng motsoko mme fa ke dira materiki dithaka tse ke neng ke tsalane le tsona di ne di nkgobera ka gore ke saletse morago mme ga ke tsamaye le dinako ka ke ne ke sa tsube.” Kwa tshimologong Makhanda o ne a goga motsoko o le mong kgotsa e mebedi fela ka letsatsi, mme mo tsamaong ya n...
“Morago ga go konosetsa materiki, ke ne ka ya go ithuta kwa yunibesiti mme ka ntlha ya fa koo e le kwa mme ga a mpone, ke fetile ka wela mo nkgong ya notagi.
Mme le tiriso ya motsoko le yona e ne ya tlhatloga.” Ka ngwaga wa 2017, Makhanda o ne a bobola thata mme a tshwanelwa ke go robala kwa sepetlele.
Go ne ga fitlhelwa a na le legato la bobedi la bolwetse jwa tshukiri mme o bobotse sebaka sa dibeke a palelwa ke go tswa mo phateng.
“Ngaka e ne e tlhamaletse gore fa ke sa tlogele motsoko nka se fole. Ka ona motsotso oo ke ne ka tsaya tshwetso ya gore ke a o tlogela.”Ngaka Midah Maluleke wa kwa porofenseng ya Mpuma langa a re motsoko o kotsi thata mo dirweng tse dintsi tsa mmele.
“Malwetse a a jaaka bolwe tse jwa kankere, bolwetse jwa pelo, bolwetse jwa go swa letlhakore, bolwetse jwa mafatlha, bolwetse jwa tshukiri mmogo le malwetse a a fetelang a a kgoreletsang dirwe tsa go hema go dira ka tshwanelo a ka tlhodiwa ke go goga motsoko.
“Dipatlisiso di supa gore bagogi ba motsoko go na le kgonagalo e e kana ka 30% le 40% ya gore ba ka tshwarwa ke legato la bobedi la bo lwetse jwa tshukiri go gaisa ba ba sa gogeng. Go goga motsoko gape go dira gore go nne boima go alafa bolwetse jono,” o tlhalosa jalo.
Dikeletso tsa go go thu sa go tlogela motsokoMokgatlho wa Naga ya Aforika Borwa wa Merero ya Bolwetse jwa Kankere (CA NSA) o abelana ka dikeletso tse di latelang fa e le gore o batla go tlogela motsoko: Nagana ka letsatsi le o batlang go tlogela ka lona mme o dire jalo fa le goroga.
Latlha sengwe le sengwe se se ka dirang gore o kgalege motsoko. Fano re bua ka dipaki tsa me tsoko, dipitsana tse mo tsoko o thinthelwang mo go tsona, didirisiwa tse di kuketsang motsoko le sengwe le sengwe sa mothale ono.
O nwe metsi a mantsi – a tla go thusa go ntsha masaledi a motsoko mo mmeleng wa gago.
Itsese balelapa le ditsala gore o mo dikgatong tsa go tlogela motsoko gore le bona ba tle ba go tshegetse.
Fa o sena go tlogela motsoko o tla ikutlwa ekete o tsewa ke sedidi, o opiwa ke tlhogo kgotsa o gotlhola. Seno ke se se tshwanetseng go dira -gala mme morago ga letsatsi kgotsa a mabedi o tla ikutlwa o le botoka mme morago ga matsa tsi a a sa feteng a le 14 o ka se tlhole o ikutlwa o le jalo.
Makhanda a re leeto la gagwe le ne le le boima tota, fela o ikemiseditse gore ga a sa batla go bona motsoko le mo o gatileng gone.
“Tleliniki ya kwa mo tseng o ke nnang kwa go ona mmogo le badiredi ba yona ba nkeme nokeng le go nnela tshedimosetso ka botlhokwa jwa go se goge motsoko. Kwa tshimologong monko wa motsoko o ne o batla go nkgogela mo thae long, fela jaanong ke setse ke itlwaolotse seno,” o tlaleletsa ka go rialo.
"
"Gape a gonya Setekia matlho, a mo golega ka mehiri go tla a mo isa kwa Babilone."
"O fitlha madi mo setlhakong / Ba tlaa fitlha moswi ka Lamatlhatso . "
"Fa gongwe go a bo go tilwa mafoko a go ka tseelwang gore ke a thogano kgotsa a a sa tlotleng moreetsi , mme go dirisiwe a a ka natefelang tsebe . "
"Dipuo tsotlhe tseno di tla neelana tšhono ngwaga o mongwe le o mongwe sebaka sa dingwaga tse di tlang di le Sekwalwa se Iseng se Butswe se se ka ga Pholisi ya Ngwaga wa 2022 ya go Golaganya Ditirelo tsa Tlhokomelo ya Boleng jwa Metsi (IWQM)."
"(b) Go tsenya tlhaloso e e latelang morago ga tlhaloso ya “lenaane la bosetšhaba"
"Fa ngwaga o fela o ne a ya gae gore a tle a bowe mo ngwageng o o latelang . "
"E bile ga go tikatiko gore re ka dira botoka go gaisa go tlhola batho ba ba itirelang ka dikgwebo-potlana le tse di magareng . "
"Motlhaope go ka siama go re go tloga kwa tshimologong ya temothuo , jaaka re itse gompieno , lefatshe le le teng go ka diresediwa temothuo mo lefatsheng le lennye thata . "
"Fa mokopi a batla tshedimosetso mo boemong jwa motho yo mongwe , o tshwanetse go supa maemo a kopo e dirwang ka ona . "
"Asa a dira se se molemo le se se siameng mo matlhong a ga Jehofa Modimo wa gagwe."
"DIRORI TSE DI SENANG MOTORO ( SEKAI . "
"(a) Kgotlapeomolao ya bosetšhaba e dira ka lebaka le le sa kgoneng go laolwa"
"Dipotsiso:Donald LiphokoDintlhakgolagano: 082 901 0766"
"Go tshwana le khotisone e ka busetsa morago go senyega ga letlalo le mosifa o botlhoko."
"Fa motho yo o dumeletsweng a ganne kopo e e akanngwang mo molawaneng 26 , mabaka a a kwadilweng a tshwanetse go romelwa go motho yo o maleba mo sebakeng sa diura di le 72 malebana le go ganwa ga kopo e e akanngwa mo molawaneng 26 . "
"Setlhopha se, se thusa mo mafelong a le mantsi mo dikgaolong tsa lefatshe leno."
"Phuthego yotlhe ya dira kgolagano le kgosi mo ntlong ya Modimo. Jehoiata a ba raya a re: “Bonang, morwa kgosi o tlaa busa jaaka Jehofa a buile ka ga bomorwa Dafite."
"jaanong ke bona nama e, ke tshwarwa ke tlala go feta. Nama e, e tsosa keletso ya dijo. Se ke sesupo sa gore ke ya me, ebile ke ka e itse-"
"Tlhopha maboko a mabedi a supang kutlobotlhoko , lerato , kilo kgotsa maikutlo a mangwe fela . "
"Mo diporojekeng tseno go akarediwa le tse di ka ga go agiwa ga difeme tse dintšhwa, go rekiwa ga didirisiwa, go epiwa ga metsero ya ka fa mo meepong mmogo le go tsenyetsa mafelo a ka fa nageng mafaratlhatlha a go tokafatsa kgolagano ka inthanete."
"Togamaano ya tsamaiso e e kotsi e e dirang e botlhokwa kwa kgodisong ya didirisiwa tsa tsamaiso ya kotsi jaaka dikumo tsa inšorense ya dijalo , tshireletso ya letlotlo le mmaraka wa isago wa temothuo . "
"“O a kwale mo mephakwaneng ya mejako ya ntlo ya gago, le mo dikgorong tsa gago;"
"Go ba dirafaletse ka fa lefokong la ammaaruri le le reng: “Ntša e boetse matlhatseng a yone, le kolobe e e tlhapisitsweng e boetse mo go bidikameng mo seretseng.”"
"Motlhami o tlhalosetsa batho botshelo ka go bapisa . "
"Ee, nako nngwe go ka balega, ga utlwala, mme gone e se gore go kwadilwe sentle."
"Jaaka go kwadilwe ga twe: “Yo o bapetseng segolo ga a ka a salelwa ke sepe; le yo o bapetseng sebotlana ga a ka a tlhaela gope.”"
"Barutwana ba lemoga ka moo mofutakwalo le rejisetara di senolang maikaelelo , bareetsi le maemo a ditlhangwa . "
"Molaotheo o jaaka Molao-Mogolo wa Rephaboliki gore re –"
"Gompieno re sekaseka pegelo ya State of South Africas Fathers 2018, go utlwa go le gontsi reetsa puisano le Mme. Motlalepule NathaneTaulela Lecturer Social Work Department School of Human Community Development University of the Witwatersrand."
"DITIRO TSE DI TSHWANANG TSA TLHATLHOBO . "
"The Stormers ba tla thulana le setlhopha sa The Irish Musters kwa Lebaleng la Metshameko la kwa Motsekapa ka Lamatlhatso wa la bo 27 Motsheganong 2023."
"Aferika Borwa a dira fela jalo, a itlhokomolosa dikgalo tsa lefatshe mme a dira tlhaselo dile tharo mo Gaborone."
"Go bolelwa fa molaodi a ne a kgalemela ditiro tsa go nna jaana, (tsa go dirisa bana botlhaswa) a re batsadi ba di tlhagafalele, di emisiwe, go tlogelwe go bipa mpa ka mabele."
"Kabinete e dumelana le go thapiwa ga Rre Romeo Adams mo maemong a Motlatsamokaedikakaretso: Ditirelo tsa Ditheo mo Lefapheng la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo."
"Gonne go kwadilwe ga twe: “Jaaka ke tshedile,” go bua Morena, “mangole otlhe a tlaa nkhubamela, le diteme tsotlhe di tlaa ipolelela Modimo.”"
"matlole, inšorense, kgwebo ya matlo le ditirelo tsa kgwebo (ii) dipalangwa le mafaratlhatlha (iii) tlhagiso (iv) meepo le dikwari,"
"Ka nako ya kopano eno, baeteledipele ba lefatshe ba amogetse Kgoeletso ya New York e e tlhalosang maikaelelo le maitlamo a sepolotiki a go sireletsa ditshwanelo tsa bafudugedi le bafaladi."
"Di tshwanetse gape go tsamaisa dithoto dingwe le dingwe tse di kgonang go sutisiwa tse e leng tsa puso gongwe tse di filweng puso ke batho ba Aforikaborwa . "
"Pholisi e e tla thusa go tlhabolola ikonomi ya naga ka madirelo le go tlhola ditiro."
"Gape Molaotlhomo o batla go laola tshekatsheko ya lefatshe mo Aforika Borwa ka go maatlafatsa Mosekasekikakaretso Mogolo gore a diragatse kelotlhoko ya bosetšhaba le tsamaiso mo ditshekatshekong tsa keleketlo ya lefatshe, sebopegoboalo jwa lefatshe le diphuruphutso tsa bogolo, boleng le bong jwa lefatshe, tshedimosets...
"Sethunya kgotsa dithunya di ya go tlosiwa mo Thulaganyong ya Rejisetara ya Dithunya ya SAPS . "
"“Fa motho mongwe a ka dira tlolo, a leofa a sa itse, mo dilong tse di itshepileng tsa ga Jehofa, foo a a isetse Jehofa tshupelelo ya gagwe ya molato, phelefu e e se nang bogole e e tswang letsomaneng, e kaiwe ka fa o tlaa e beelang tlhwatlhwa ya selefera ka dišekele ka gone, e bong šekele sa felo ga boitshepo, gore e ...
"Tlhokomela gore barutwana ba rata le go itumelela ditiragatso tsa seterama , e ka nna mo phaposiborutelong kgotsa kwa ntle . "
"O bebofatsa , golaganya le go tlhokomela maemo a pabalesego mo tsamaisong ya porofensi . "
"Ba swa ka ponyo ya leitlho, e bong mo gare ga bosigo; batho ba tle ba reketlisiwe, mme ba fete, le bathati ba tlosiwe e seng ka seatla."
"Jaaka karolo ya go tsweletsa Imbizo ya ntwa kgatlhanong le bosenyi, Moporesitente Zuma o tla tsenela maeto a Lenaane le Tshekatsheko a Moporesitente a Siyahlola go leba kwa Lusikisiki, kwa Kapa Botlhaba ka Lamatlhatso, la bo 24 Seetebosigo 2017."
"Tekanyetso ya motheo ( tshimologo ) e botlhokwa mo tshimologong ya kereiti , fela e ka dirisiwa mo tshimologong ya nako / paka nngwe le nngwe ya go ithuta . "
"Leina 'nectarine' le dirisitswe lantlha kwa England ka bo 1616, mme e katswa e ne ele gotswa mo lefokong 'nectar' le le kayang botswina jwa leungo."
"Fa kgetse e ya kwa kgotlatshekelo , o ka solofela gore motšhotšhisi o tla tlhagisa kgetse boemong jwa puso mme o tla tlhokomela dikgatlhegelo tsa gago . "
"Ke a go rapela, o tle o re, o kgaitsadiake, gore go tle go nne molemo mo go nna ka ntlha ya gago, gore mowa wa me o tshele ka wena.”"
"Ditlhangwa tsa baithuti ba di tshwanetse go ka ba thusa go fodisa maikutlo a boan fa ba sena go di bala . "
"Mokhuduthamaga Mme Wendy Matsemela"
"Gompijeno mo rena le catanwpg fa ba bula ntlo ya dikgosi tsa Bokone Bophirima "
"melawana le ditaelo tsa kgotlapeomolao di tlhomamisa go latlhegelwa ke"
"Go tsenngwa tirisong ga Mananeo a Puso."
"Maikaelelo a Molaotlhomo ke go baakanya dikarolo tsa Molao wa Dikgotlatshekelo tsa Bomagiseterata, wa 1994 (Molao wa bo 32 wa 1994) (MCA), go samagana le tshotlakako e e mo Taelong e e Baakantsweng ya Tuelo (EAO).Molaotlhomo o ikaelela go samagana le go fedisa dikatlholo tse di rebolwang e se ka fa molaong, gantsi di ...
"Gantsi baboki ba boka go supa maikutlo a boan ka ga selo se ba se bokang . "
"Godimo ga tlhogo ya setshedi go ne go okame setshwano sa phuthologo ya loapi, se tshwana jaaka mmala wa legakwa le le boitshegang, se tsharologetse tlhogo tsa tsone fa godimo."
"Ba tlaa kailakaila ba tswe lewatleng ba ye lewatleng, ba tswe botsheka ba ye fela kwa botlhabatsatsi; ba tlaa nna ba tabogela kwa le kwa ba senka lefoko la ga Jehofa, mme ga ba ketla ba le bona."
"Togamaano eno e tla nna e e botlhokwa mo go tlhagiseng pholisi mo lekaleng la dipalangwa mabapi le go fokotsa Semokong Sotlhe se se Tlhodiwang ke Naga (GHG)."
"Ntlha e e batlang go gatelelwa ke gore dinaane di paka gore bagologolo ba ne ba na le dithulaganyo mo botshelong , ba na le ditsamaiso tsa go itlhabolola le go itshomarela . "
"Go konosetswa ga IRP go tla neelana ka lesedi ka ga bannaleseabe mo intasetering mmogo le ka ga bareki fa go tla mo pabalelong ya tlamelo ya motlakase mo pakeng e khutshwane le mo pakeng e telele."
"Molaotlhomo ono, o o tla amang ditheo tsotlhe tsa matlole, o tshegetsa gape le phetolothefosano ya lekala la matlole ka go tsenyatirisong Molao wa Lekala la Matlole o o ntshitsweng ka go latela Molao wa Matlafatso ya Maemo a Ikonomi a Bathobatsho wa 2003 (Molao wa bo 53 wa 2003) ka go goeletsa gore go tsenngwe tirison...
"Seswaa kgotsa Chotlho ke nama ya setswana e e apewang mo medirong e e kgetlhegileng. Gantsi e apewa ke borre mo pitsaneng e e maoto mararo kwa leisong,e apewa ka leswai le metsi fela mo molelong o o kwa tlase go fitlhale le butswa thata e bo e nna boruma. Dijo tse dingwe tse di itsegeng thata ke serobe;mala la dirwe t...
"Basadi ka ba sena dipelo ba feleletsa ba lwa ka ntlha ya go tlisediwa dikgang tse di tlholang dikgogakgogano mo lelapeng . "
"Maiteko a mangwe a Bokaedi jwa Pabalesego ya Meepo ke Khomišene ya Rockburst , e e itebagantseng le Mekgwa ya Tiro ya Meepo le kobamelo ya Dikaelo tsa Thibelo ya Go Wa ga Matlapa le dikotsi tsa kwa Rockburst . "
"ka ntlha ya tsholofelo e lo e beetsweng kwa magodimong, e lo utlwileng ka ga yone gale mo lefokong la boammaaruri jwa Mafoko a a Molemo,"
"A raya Sara a re: “Bona, ke neile kgaitsadio dipapetla tsa selefera di le 1 000. Bona, ke sebipo sa matlho mo go botlhe ba o nang nabo; mme o siamisitswe fa pele ga batho botlhe.”"
"Gape go na le tlhokego ya go tlhama letlhomeso le le tlhamaletseng la tekanyetso le le tshwaelang mo thulaganyong ya thuto . "
"O dumela fa letsholo le le tlaa thusa dikgwebo tse dipotlana tse di tshwanang le ya gagwe go itshetlela le go gola."