text
stringlengths
0
40.2k
"The Legendary Dj Wally"
"A re kgang kgolo fa, e nna fa go dirafetse mo go tweng, ‘Go e tsaya ka namane.’"
"Setshwantsho se se setilweng, aitse modiri o kile a se tlhapolosa; mothudi wa gouta a se manega gouta, a se tshelela bompolokwane ba selefera."
"Ba menoga, ba tlhatloga ka tsela ya Bašane; Oge kgosi ya Bašane a ba bololela, ene le batho botlhe ba gagwe, ba tlhabana nabo kwa Eterei."
"Gongwe le ka re buelelela le puso ya nna ya re okeletsa ka a re thusa fela thata."
"Di tla neela moithuti tšhono ya go baya dikarolo tsa tlhamane mmogo ka tsela e ntšhwa go tlhama kgopolo e ntšhwa kgotsa sediriso se seša . "
"Fa e le gore , mo godimo ga karabo e e kwadilweng ya kopo ya rekoto , mokopi o batla go itsisewe tshwetso ka mokgwa mongwe gape , sekai , mogala , seno se tshwanetse go tlhalosiwa [ s18 ( 2 ) ( e ) ] . "
"Go repota diphetho tsa ditlhatlhobo tsa rona go batho ba bangwe go re dira boikarabelo mo go se re se dirang mme se se ka re tlhotlheletsa go nna re repota diphetho tse di botoka go feta le go tokafatsa nako e nngwe le e nngwe . "
"Re tla fokotsa mokgoleo o o mo dikgwebong tse di potlana . "
"Fa yo o nang le keleketlo a kgwela mathe mo go yo o itshekileng, foo a a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a tlhape mo metsing, mme a itshekologe go ya maitseboeng."
"KGAOLO 1: DIKAELO TSA MOTHEO"
"Mo mabakeng a tatelano , maemo a motlholagadi le bana ba ba mo lenyalong la selegae a ne a tsewa a lekalekana fela le a beng ka bona ba molao wa setso . "
"Mo dinakong tsotlhe selo se se neng se le botlhokwa thata mo morutabaneng ke gore o tshwanetse go dula a ipaakanyeditse fa bana ba tsena ka mo phaposing ya burutelo . "
"Mme Jerusalema o o kwa godimo, yo e leng mmaetsho, ke mogololesegi fela."
"Ka 15H20 re tlotlomatsa moṧha o fentseng legato la ntlha la dipalo mo Aforika Borwa le go leba gore o dirile le bomang go fitlha mo legato leo. bit.lyKonkaOnline"
"(i) boleng jwa ditiro tsotlhe tse di simolotsweng go ya ka lekwalokgoeletso"
"maikarabelo a sepodisi e tshwanetse go namola kgotlhang eo."
"5."
"mme a goa, a re: “Re dirang ka wena, wena Jesu wa Nasaretha? A o tsile go re senya? Ke a go itse yo o leng ene, o Moitshepi wa Modimo.”"
"Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe gaufi le maemelafofane . "
"Gape le tlamela ka kaedi ya gore metsi a tshwanetse go tsamaisiwa jang mo mafelong a a tlhalositsweng a tsamaiso ya metsi . "
"Le fa gontse jalo o kgona go thibela dinonyane go aga dintlhaga mo moriring wa gago."
"Kwala lekane la dipotso ka bowena , le HOD wa gago kampo le badirammogo . "
"Ga dirala ya re mosadi a tla kwa go ene, a mo tlhotlheletsa gore a lope rraagwe naga; mme a pagologa esela ya gagwe; mme Kalebe a mo raya, a re: “O batlang?”"
"Maitlamo a Aforikaborwa a gore go nne le phitlhelelo ya tshedimosetso a tlotla boitlamo jwa rona jwa molaotheo jwa go tsenya tirisong tshwanelo ya botlhokwa ya phitlhelelo ya tshedimosetso e e mo diatleng tsa Puso gongwe tshedimosetso e e mo ditheong tsa poraefete . "
"Seno se tlile go thusa go ntsha mowa le go oketsa kgatelelô ya boalo ya seeledi sa lela la rumen."
"Mme yo o patikang mongwe ka ene, a mo kgorometsa a re: ‘E mang yo o go beileng molaodi le moatlhodi mo go rona?"
"Ditlhopha tse di farologaneng di balela baithuti ba bangwe dikarolo tsa tsona fa baithuti ba latela puiso mo dibukeng tsa bona . "
"SETLHOGO : KOPANO YA WINDHOEK Rra/ Mma Ke lo gopotsa ka kopano ya rona ya kwa Windhoek ka 23 Mopitlwe 2010 . "
"Ka mo karolong ya Lenaane le Metheo ya go Ithuta , re na le tsholofelo gore barutwana ba tlhabolotse bokgoni jwa Dipalo le jwa Dipuo gore ba kgone go feta . "
"Ba re: “Yo, a ga se Jesu morwa Josefe, yo borraagwe le mmaagwe re ba itseng? O bua jang gompieno, a re: ‘Ke fologile ke tswa legodimong’?”"
"(i) Sekao sa phasalatso ya tiro LEFAPHA LA THUTO YA MOTHEO Phatlhatiro ya borutabana Sekolo sa Mogapi se batla morutabana wa mosadi yo e leng moagi wa Aforikaborwa go tlatsa phatlhatiro e e bulegileng. Morutabana e nne motho yo o leng mo dingwageng tse di leng magareng ga someamabeditlhano le someamanetlhano. A nne le...
"Taolo ya thomelontle - Maikemisetso a seno ke go thusa go oketsa boleng jwa dithoto pele ga di romelwa ntle gammogo le go netefatsa gore go ikobelwa ditlamelo tsa ditumelano tsa boditšhabatšhaba . "
"Mo go Baheberone, Hašabia le bomonnawe, batho ba ba bopelokgale, ba le 1 700, e le balebedi ba Baiseraele kwa moseja ga Joretane ntlheng ya bophirimatsatsi; mo tirong yotlhe ya ga Jehofa, le mo tirelong ya kgosi."
"Ke rata go totobatsa tshegetso ya rona mo ntšhwafatsong e e tsweletseng ya boatlhodi . "
"A lebale fa lonao lo ka tla lwa a thuba, kgotsa fa sebatana se ka a gataka."
"Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya maakafalo, a monna mongwe le mongwe a nne le mosadi wa gagwe, le mosadi mongwe le mongwe a nne le monna wa gagwe."
"Go tla nna le diabe tse di tlhalositsweng sentle go ralala matlhakore a metshameko . "
"Fa legodu le ka tshwarwa le phunya kgoro, mme la itewa la a swa, go tlaa bo go se na molato o motho o ka o bolaelwang."
"Mme Tshepo Kgare jaaka CEO wa Bolaodi ba Pabalesego ya Diporo."
"Fa di tla bo di setse di konoseditswe, e tla bo e le polante ya bone(4) ka bogolo e e fetlhang motlakase ka malatlha le go nna seteišene sa maatla a motlakase se segolo go gaisa se se tsidifatswang go omile mo lefatsheng ka bophara."
"Mo Botong ya Transnet SOC (Bakaedi ba e seng ba Khuduthamaga):a) Mme Linda Carol Mabaso (Modulasetilo)b) Rre Stanley David Shanec) Rre Mogokare Richard Seleked) Ngaka Gideon Mahlalelae) Mme Potso Elizabeth Bridgette Mathekgaf) Mme Zainul Abedeen Nagdeeg) Rre Vusi Matthew Nkonyaneh) Rre Peter George Williamsi) Rre Bret...
"13h00 Mapodisi a bolaile mmelaelwa ka go mo thuntsa ka nako ya phuruphutso kwa Kew, kwa Bokone ba Jhb."
"O boletse fa dipego tse ba di amogelang, e abo ele tsa go kgothoswa ga batho megala ya letheka tota le dikgwama."
"Ditlhogo tsa Lephata la Bolaodi jwa Dipatlisiso tsa Bosenyi jo bo Masisi kwa Diporofenseng:."
"Ba ja ba nwa fa pele ga Jehofa ka tsatsi leo ka boitumelo jo bogolo. Ba dira Solomone morwa Dafite kgosi lwa bobedi, ba ba ba mo tloletsa Jehofa, gore a nne kgosana, le Satoke gore a nne moperesiti."
"Wa bomorwa Shekania; wa bomorwa Paroše, Sekaria; mme ga balelwa nae ka losika banna ba le 150."
"Gape e gapeletsa gore mafapha otlhe a puso a rebole tekanyetsokabo ya mananeo a ona a ditlhaeletsano mmogo le badiredi badiredi botlhe ba ba thapetsweng mananeo ano."
"Jaana e rile ba utlwa ba tlhabega mo pelong, ba raya Petere le baaposetole ba bangwe ba re: “Bakaulengwe, re tlaa dirang?”"
"O kwale teko ya go ruta . "
"Gape e amogela tokafalo e e dirilweng ke dimmasepala di le 21 tseo maloba di amogetseng tshwaelo e sa siamang kgotsa ya ngongorego mo ngwageng o o fetileng."
"Molaodi wa mophato yo o emeng foo a lebaganye nae, ya re a bona fa a neetse mowa jalo, a re: “Ruri monna yo, e ne e le Morwa Modimo.”"
"Ka fa letlhakoreng le lengwe, Thato o ne a le bodutu."
"Ngwaga le ngwaga, ka la bo 17 Motsheganong go tshwaiwa segopotso sa go saeniwa ga Mokwalo wa Thelekeramo ya Boditšhabatšhaba mmogo le go tlhomiwa ga Mokgatlho wa Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano wa Boditšhabatšhaba."
"Tlhogo ya gago mo go wena e ntse jaaka Karemele, le moriri wa tlhogo ya gago o ntse jaaka bohibidu jo bo mokgona; kgosi e golegilwe ke dikgaro tsa one."
"Go le gantsi batlhokofatsi ba a itsagale mo ngwaneng . "
"“Ka ga lona, lona ba ntlo ya Iseraele, Morena Modimo o bua jaana a re: Tsamayang, mongwe le mongwe a ye a direle medimo ya gagwe ya disetwa, le gone mo lobakeng lo lo tlang, fa lo gana go ntheetsa; mme leina la me le le itshepileng ga lo ketla lo tlhola lo le tlhapatsa ka dineo tsa lona, le ka medimo ya lona ya disetw...
"Ditlhogo tsa batho botlhe, e bong tsa ditso tsotlhe tsa Iseraele, tsa iponatsa mo phuthegong ya batho ba Modimo, ba le 400 000, e le batho ba dinao ba ba tshotseng ditšhaka."
"Anaanela maitemogelo a gago go tswa mo bareetsing ba ba farologaneng . "
"Sa botlhokwa ke go rotloetsa barutwana go anaanela poko le go leka go ikwalela maboko a bona a a supa maikutlo a bona ka ga selo se se rileng . "
"O ne a mmolelela gore a ka tloga a mo jela madi mme a sala a iphotlhere a se na sepe mme lapa la gagwe la bolawa ke tlala . "
"Tiragalogadi e le nngwe le ditiragalo-tlaleletso di se kae . "
"Ke selo se se molemo go ntshetsa Jehofa malebogo, le go opelela leina la gago dipako, wena Mogodimodimo;"
"Molao o o baakantsweng o tshegetsa phetogo, ditirelo tse di siameng tsa bodiredi mmogo le go sireletsa kgatlhanong le go kgethololwa go go seng mo molaong."
"Ka go lebelela tsela e puo e dirisitsweng ka teng mo pokong , go tshwanolola le go farologanya poko mo ditlhangweng tse dingwe , balebapopego ba lebelela poko mo dikgatong tse tharo e leng kgato ya medumo , kgato ya tiriso ya mafoko , le kgokagano ya ona le kgato ya dipolelo . "
"Molaotlhomo o tla thusa ditheo tseo di leng gone ga jaanong tsa Operation Phakisa."
"A ba a thapa ka tuelo banna ba ba diganka mo Iseraele ba le 100 000 ka dipapetla tsa selefera di le lekgolo."
"Golaganya setshwantsho le sedirisiwa se se siameng . "
"Le fa go ntse jalo batho ba tswa le Gotrick ( 1984:14 ) ba sedifatsa ka go re terama e ka nna ya kwalwa kgotsa ya se ka ya kwalwa . "
"Dipontsho tsa Bašwa tsa Tlhabololo ya Borutegi ke karolo ya puso ya go tokafatsa bašwa, segolo ka seabe sa bona mo ikonoming gore ba kgone go tsaya maemo a bona mo setšhabeng."
"“Ngwanaka o tswe o tlhapile diatla o ise o kgopakgopane le ope, o tswe fela ka tse di ntle,” ga gatelela Kgosi Batshabile."
"E khutla fa ya gompieno tsala. Kopana gape lenna Keadimilwe Moalusi kamoso. Sala sentle."
"Samiti e tla tota thuto le katiso, basadi le bašwa, mmogo le kelelo ya bafudugedi ba ba mo molaong le ba ba seng mo molaong magareng ga dikontinente ka bobedi.8 Ka la bo 24 Mopitlwe 2014 e tla bo e le segopotso sa ngwaga le ngwaga sa Letsatsi la Lefatshe la Lehuba (TB).
Kabinete e rata go rotloetsa maAforika Borwa go dira mmogo le Puso go lwantsha leroborobo leno.
Leroborobo la TB ga le a etegela fela mo Aforika Borwa, fela le mo Kgaolong yotlhe ya Sub-Sahara.
Dikgato tsa puso tsa go tsenya tirisong lenaneo le legolo la kalafi le thibelo ya HIV le AIDs mo lefatsheng le nopotse lekhubu la TB.
Mananeo a puso a go lwantsha TB a akareditse gape go batla dikgetse le go sala morago ba ba amaneng le tshwaetso, tiriso ya thekenoloji ya GeneXpert go akofisa go phekolwa ga TRe ipela ka gore Aforika Borwa ke moeteledipele wa Lefatshe ka go anamisa thekenoloji ya GeneXpert kwa ditlamelong tsa boitekanelo.
Kabinete e amogela Simposiamo se se tlang sa Ditona se se ka ga Tepatepanyo ya Ditsibogo tsa Kgaolo malebana le TB mo Lephateng la Meepo mo Borwa jwa Aforika.
Simposiamo se se tla tshwarelwang kwa Sandton Convention Centre ka la bo 25 Mopitlwe 2014, mme se tla kopanya bannileseabe mo dipusong tsa kgaolo, Lephata la Meepo la Aforika Borwa, Bodiri jo bo rulaganeng, Balekane ba Tlhabololo mmogo le Baagi.9 Kabinete e akgotse botlhe ba ba fitlheletseng makgaolakgang le ba ba amog...
Dikgele di tsibogela tiragatso ya dikgwebo mo dikarolong tse di farologaneng mme di abilwe kwa tiragalong e e neng e tsenetswe ke Moporesitente Jacob Zuma.
Gareng ga baamogedi ba ba akgotsweng ke Kabinete ke Rre Sam Motsuenyane yo o amogetseng Sekgele se se maleba sa Phitlhelelo ya Botshelo Jotlhe.10 Kabinete e lemogile pegelo ya forensiki e e neng e rebotswe ke Matlole a Bosetšhaba ka ga Khomišene e e Ikemetseng ya Ditlhopho (IEC).
Seno se latetse katlenegiso e e dirilweng mo pegelong ya Mosireletsi wa Setšhaba.
E laetse Tona ya Merero ya Selegae go latedisisa morero oo le go begela Kabinete.11 Kabinete e kgalema ka mantswe a a bogale bosenyi jwa digongwana jo bo tswelelang pele kwa Kapa Bophirima, jo gantsi bo tletseng ditlhaselo tse di maswe le setlhogo mo baaging le, bogolo segolo mo baneng.
Re ka se itshokele seno gonne se tshosetsa diphitlhelelo tse re di fitlhetletseng mo temokerasing ya rona.
Kabinete e lemoga tiro ya Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa mo go lwantsheng bosenyi jwa digongwana mme e ikuela mo baaging ba ba amegang go dirasana le mapodisi go sireletsa baagi ba rona kgatlhanong le bosula jono.12 Kabinete e fetisa boutlwelobotlhoko le matshediso go balelapa le ditsala tsa ga Mme Martha Mahlangu...
Mme Mahlangu o tla bolokwa ka Lamatlhatso, 22 Mopitlwe 2014.
Motsesetoropo wa Tshwane o direla Mme Mahlangu phitlho ya setšhaba mme difolaga di tla folosiwa go fitlha kwa bogareng go mo tlotla.
Dipuisano le ditshweetso tse di botlhokwa tsa Kabinete.
Kabinete e amogetse pegelo ya Mogala wa Boikuelo go Moporesitente wa dingwaga di le nne tse o ntseng o dira mo go tsona.
Tharabololo ya dikgetse le tiragatso e tokafetse ngwaga mongwe le mongwe jaana 64.03% ngwaga wa ntlha 77.79% ngwaga wa bobedi 87.46% ka ngwga wa boraro mme ga jaanong e eme fa go 94.7%.
Mo dingwageng di le nne, palogotlhe ya dingongorego le dipotsiso tse di tsentsweng e oketsegile go tloga go 75 873 mo ngwageng wa ntlha go ya go 183 445 mo ngwageng wa bone.
Kabinete e ikuela mo mafapheng otlhe le diporefense go tswelela go tokafatsa boleng le lebelo la dipatlisiso tsa dingogorego gonne go kgotsofala ga baagi go le botlhokwa mo seriting sa Mogala wa Boikuelo go Moporesitente.
Kabinete e rebotse go tsenngwa tirisong ga Leano la Tiragatso la Pholisi ya Madirelo (IPAP) le le Ipoeletsang Ngwaga le Ngwaga la bo 6 la 2014/15-2016/17.Maikemisetso a magolo a IPAP ke go thibela kwelotlase ya madirelo le go tshegetsa kgolo le go farologanngwa ga ditirelo tsa lephata la tlhagiso la Aforika Borwa.
Tona ya Dikgwebo le Madirelo o tla bua le babegakgang fa IPAP e tlhomiwa mo kgweding e e tlang.
Kabinete e rebotse thulaganyo tebang le go felelwa ke nako ga ditetla tse di reboletsweng batswantle ba maZibambwe ka fa tlase ga porojeke ya Puso e e Kgethegileng (DZP).
Batsholaditetla ba tla tshwanelwa ke go dira dikopo tsa ditetla tsa bona sešwa kwa dinageng tse ba tswang kwa go tsona.
E tla re mo tsamaong ya nako, Tona ya Merero ya Selegae a sedifatse thulaganyo e e tla latelwang le letlha la tshimologo ya seo.
Kabinete e rebotse gore ditsereganyo tsa Karolo ya 100 (1)
kwa Limpopo di tswelele pele, go letla gore go nne le ditlhotlhomiso ka Seetebosigo 2014 morago ga puso e ntšhwa e sena go tsena mo tirong.
Seno se tla netefatsa gore ditsereganyo di tswelela pele sentle go samagana le dikgwetlho tse di saletseng morago.