text
stringlengths
0
40.2k
Seno se tla netefatsa gore ditokafatso mo seemong sa ditšhelete sa porofense le tlamelo ya ditirelo mo ditirelong tsa loago le mo maphateng a mangwe di tswelela pele.
Kabinete e rebotse Ditlhotlhomiso tsa Phemelo ya Aforika Borwa ya 2014, mme ya laela gore e tlhagisiwe mo Palamenteng.
Ditlhotlhomiso di tlamela ka pholisi ya phemelo ya pakatelele mmogo le tsela ya togamaano ya Phemelo e e tla latelwang ke naga mo dipakeng tse di latelang di le nne tsa Letlhomeso la Togamaano la Pakagare.
Lekwalo leno le tla abelanwa le setšhaba gonne se nnile le seabe mo dipatlomaikutlong tsa botlhe tse di neng di tshwerwe go ralala naga mo ngwageng o o fetileng.6 Kabinete e rebotse gore Pegelo ya Komiti ya Tona e e ka ga Pholisi ya Dipuo e phasaladiwe mo Kaseteng ya Puso gore setšhaba se tshwaele.
Pegelo e sekaseka tsamaiso ya thuto le katiso ya morago ga sekolo go lebeletswe bokao jwa ikonomi ya loago.
E tlamela Tona ya Thuto le Katiso e Kgolwane ka dikatlenegiso tsa gore go ka tloswa jang dikgoreletsi tse di sa tlhokegeng tse di thibelang tswelelopele ya baithuti.
Pholisi ya Dipuo e kaya kgokaganyo e e rulaganeng ya ditheo tsa thuto, mananeo le borutegi gore baithuti ba kgone go tswelela mo ditseleng tse ba di itlhophetseng tsa thuto ka tsela e e bokgoni.
Kabinete e rebotse gore Pegelo go tswa kwa Setlhopheng sa Tiro sa Tona se se ka ga Mananeo a Motheo a Dipalo le Saense, e phasaladiwe mo Kaseteng ya Puso gore setšhaba se tshwaele.
Setlhopha sa Tiro sa Tona se romilwe go tlhama Lenaane la Motheo la Dipalo le Saense la Thuto le Katiso ya Tiro ya Setegeniki kwa Kholetšheng.
Seno se tla thusa go oketsa palo ya baithuti ba ba tsenang kwa yunibesithi ba Saense le Dipalo le go tokafatsa bokgoni jwa boitlhamedi jaaka go tlhagisitswe mo Leanong la Bosetšhaba la Tlhabololo.
Lenaane le totile ba ba eletsang go tsena mo lephataneng la Thuto le Katiso ya Tiro ya Setegeniki, ba ba setseng ba le kwa dikholetšeng tsa thuto le katiso ya tiro ya setegeniki mme ba eletsa go tswelela pele le go ikwadisa kwa diyunibesithi, mmogo le barutwana ba Mophato wa 12 ba ba eletsang go ikwadisa kwa diyunibesi...
Kabinete e rebotse gore diphitlhelelo tsa patlisiso ya 2012/13 ya kabo ya matlole a setšhaba malebana le ditiro tsa saense le thekenoloji di phasaladiwe.
Mafapha a Bosetšhaba a beeleditse madi a a fopholediwang go R.5 bilione mo ditirong tsa saense le thekenoloji ka 2012/13, mme seo se emetse 3% ya kabelo ya tekanyetsokabo yotlhe ya puso ya bosetšhaba.
Seno ke tokafalo go tswa kwa palogareng ya dingwaga tse nne ya 2.9% magareng ga 2008/09 go ya go 2011/12.Gape go totobetse gore puso e tlamela ka matlole bontsi jwa dipatlisiso tsa saense tse di diragalang mo Aforika Borwa, le gore bogolo jwa go tsenngwa tirisong ga tsona bo kwa ntle ga mafapha a bosetšhaba, go tewa kw...
Kabinete e tlhaloseditswe ka tekanyetso e e dirilweng ke Lefapha la Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro ka ga 'Ditlamorago tsa go Itsesewe ga Mophato wa R mo Dipoelothutong'.Dipeeletso tsa go sale gale mo kgolong le tlhabololo ya bana ba bannye di ka fokotsa go tlhoka tekatekano le go godisa tlhagiso, bogolo segolo mo banen...
Kabinete e amogela diphitlhelelo tse di bonalang mo katolosong e e boitshegang ya Mophato wa R o go tlhokegang gore o godise bokgoni jwa ona gore o nne le dipoelo tse di botoka mo tiragatsong ya thuto.
Kabinete e itsesitswe ka diphitlhelelo tsa Lenaane la Tekolo ya Tlamelo ya Ditirelo tse di kwa Mantlheng mo ngwageng wa 2013.Kabinete e akgola e bile e rotloediwa ke tokafalo go tswa mo mafapheng a bosetšhaba a a maikarabelo, ka botsamaisi jwa togamaano le bookamedi jwa tiragatso ya kwa ditlamelong.
Diphitlhelelo tsa ditlamelo di le 186 (tse dilekolwang lwa ntlha) go ralala diporofense tsotlhe ka 2013 di supile gore palogare ya tekanyetso ya tlhokomelo e e seriti, lefelo le phitlhelelo mmogo le dinako tsa go bula le go tswala di lekanyeditswe bontle ke baagi le baelatlhoko.
Dikarolo tsa tiragatso tse di tlhokang tsereganyo ke tsamaiso ya dingongorego, ponagalo le matshwao, tsamaiso ya mela mmogo le nako ya go leta le pabalesego.
Diphitlhelelo go tswa kwa ditlamelong di le 77 tse di etsweng tlhoko gape go lekanyetsa ditokafalo le tsona di bontshitse ditekanyetso tse di tokafetseng mme seo se bontsha matshwao a a siameng go lebeletswe go tsamaisa tiragatso ya kwa ditlamelong jaaka setlapele sa togamaano.
Kabinete e rebotse go amogelwa ga Kopano e e Kgethegileng ya Mokgatlho wa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika (SADC) ya Ditona tse di ikarabelang mo go tsa ICT, Tlhaeletsano le Ditirelo tsa Poso go tloga ka la bo 23 go fitlha ka la bo 25 Mopitlwe 2014, kwa Johannesburg.
Go thapiwaKabinete e rebotse go thapiwa ga ba ba latelang:.
Mme Elaine Alexander mo phatlhatirong ya Motlatsamokaedikakaretso: Tlhabololo ya Ikonomi, Kgwebisano le Papatso kwa Lefapheng la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi.
Mme Nkidi Dinah Mohoboko mo phatlhatirong ya Motlatsamokaedikakaretso: Akatemi ya go Ithuta kwa Lefapheng la Merero ya Selegae.
Rre Sam Themba Mtshisa mo phatlhatirong ya Motlatsamokaedikakaretso: Ditirelo tsa Setheo kwa Lefapheng la Ditiro tsa Puso.
Mme Malijeng Theresa Ngqaleni mo phatlhatirong ya Motlatsamokaedikakaretso: Dikamano tsa mo gare ga Mafapha kwa Lefapheng la Matlole a Bosetšhaba.
Rre Michael Sass mo phatlhatirong ya Ramatlotlokakaretso kwa Lefapheng la Matlole a Bosetšhaba.
Rre Mlungisi Justice Mathonsi jaaka Motlhankedimogolo wa Ditiro kwa Kantorong ya Poso ya Aforika Borwa.
Ditokololo tse e seng tsa khuduthamaga kwa Setheong sa Dipalangwa tsa mo Tseleng tsa go Ralala Melelwane:a) Mme Pam Edith Pokane (Modulasetilo)b) Rre Reuben Abel Dlaminic) Rre Gordon Noahd) Rre Moses Cyril Tiel Scotte) Rre Wayne Smithf) Mme Maleho Margaret Nkomo (o thapilwe gape jaaka Motlatsamodulasetilo) leg) Mme Nal...
Rre Mahesh Fakir jaaka Mokhuduthamagamogolo wa Molaodi wa Maemelakepe.
Ditokololo tse e seng tsa khuduthamaga mo Botong ya Bakaedi a Koporasi ya Dibetsa ya Aforika Borwa:a) Moatemirale (ret) Refiloe Johannes Mudimu (Modulasetilo)b) Mme Thuthukile Skweyiya (Motlatsamodulasetilo)c) Ngaka Moses Khanyiled) Rre Bethuel Motshwariseng Fantas Mobue) Moatefokate Sesi Baloyif) Mme Mpumi Zikalalag) ...
Merero ya ga Jaanong.
Letsholo la go Tlhaba Moento wa Mogare wa Corona (COVID-19).
Kabinete e itumedisiwa ke gore Kgato ya Bobedi ya letsholo la go tlhabela moento e tsamaile sentle le gore diketekete tsa batho ba ba nang le matshwanedi ba setse ba entilwe.
Mafelo otlhe a go enta a a setseng a butse ka fa nageng a setse a ithulagantse sentle go ka thusa batho botlhe ba ba rometsweng melaetsa ya gore ba tle go enta.
Puso e gakolola batho botlhe ba ba tla yang kwa mafelong a go entela gore ba ikobele ditaolelo tsa boitekanelo ka go tla ba apere dimaseke, ba tsikitletse diatla ka sebolayamegare mmogo le go katogana gore ba sireletsane.
Mafelo a no a go entelwang kwa go ona a ka bonwa mo webesaeteng ya WEBTOKEN Jaaka lefatshe lotlhe le samagane le go enta batho, Kabinete e itumedisiwa ke gore ga jaana batho ba feta dimilione di le pedi ba setse ba ikwadiseditse moento mo Sefalanatshedimosetsong sa Ikwadisetso ya go Tlhaba Moento sa Ileketeroniki (EVDS...
Kabinete e ikuela mo bathong botlhe ba ba nang le dingwaga di le 60 le go feta go ikwadisa mo go EVDBamlelapa le ditsala tsa motho yo a nang le dingwaga di le 60 le go feta ba rotloediwa gore ba rotloetsa batho bano go ikwadisa mmogo le go ba thusa go ikwadisa.
Batho ba ka kgona go ikwadisa le ka Whatsapp ka go romela molaetsa “REGISTER” mo go 0600 123 456 kgotsa ka go romela nomoro ya bona ya lekwaloitshupo ka SMS ka go tobetsa *134*832*ba tsenye nomoro ya lekwaloitshupo morago ba tobetse#.
Ditirelo tseno ke mahala mo ditlamong tsa megala tsa Aforika Borwa.
Batho ba ka ikwadisa gape le ka go letsetsa mogala wa 0800 029 999.
Kabinete e gakolola maAforika Borwa otlhe gape gore lekhubu la boraro le santse le nanaba gare ga rona mme e gateletse gore go botlhokwa jang go thibela go tshelana ka COVID-19 ka go ikobela ditaolelo tse di sa tsenyeletseng tsa go nwa melemo tse di jaaka go apara dimaseke fa re le fa gare ga batho, go katogana ka ka b...
Letsholo la Maditshegetso a go Tlhola Ditiro la Moporesitente.
Kabinete e neseditse pula pegelo ya kgatelopele e e dirilweng mo go tsenyeng tirisong Letsholo la Maditshegetso a go Tlhola Ditiro la Moporesitente, leo maitlhomo a lona e leng go tlhola ditiro tse dintšhwa, go tshegetsa ditsela tse batho ba iphedisang ka tsona mmogo le go ema nokeng ditiro tse di leng teng ga jaana mm...
Pegelo eno e bontsha gore fa kgwedi ya Mopitlwe 2021 e garela, batho ba le 532 180 ba ne ba setse ba thusitswe ke letsholo leno jaaka le tlholetse batho ba le 422 786 ditiro mmogo le go ema nokeng ditsela tsa go iphedisa tsa batho ba le 109 394.
Go santse go samaganwe gape le ditšhono tse dingwe di le 161 972 tsa ditiro go nna karolo ya Kgato ya Ntlha yaletsholo leno la go tlhola ditiro, mme seno se tla oketsa palo ya ditšhono tsotlhe gore e nne tse di kankana 694 Samiti e e Tshwaretsweng kwa Motseteropong wa Paris e e Mabapi le Tlamelo ka Matlole ya Ikonomi y...
Kabinete e tshegeditse boikuelo jo bo dirilweng ke baeteledipele kwa Samiting eno e e Mabapi le Tlamelo ka Matlole ya Ikonomi ya Dinaga tsa Aforika e e neng e Tshwaretsweng kwa Motseteropong wa Paris, kwa nageng ya Fora ka Labobedi, 18 Motsheganong 2021, jo bo reng dinaga tsa Aforika di tshwanetse go neelwa tetla ya go...
Go neelwa madi ano go tla thusa tsosoloso ya ikonomi ya dinaga tsa Aforika tse leroborobo la COVID-19 le di amileng bobe gore khumo ya tsona e nne e e gagametseng le e e tla nnelang ruri mmogo le go dira gore ditheo tsa lefatshe tsa kadimo ya matlole di nne le dithoto tse di boleng.
Mo samiting eno go totobaditswe ntlha e e itsegeng thata ya gore dinaga tsotlhe di tshwanetse go neelwa meento, bogolosegolo dinaga tsa Aforika le tseo di santseng di iketetsa, ka ntlha ya maikano a a dirilweng a lefatshe a gore meento e tshwanetse go nna mo diatleng tsa mebuso mo lefatsheng ka bophara.
Mo samiting eno gape go ne ga sekasekiwa ntlha ya go okediwa ga meento ya COVID-19 e e leng mo diatleng tsa mebuso go ralala le lefatshe.
Go ne ga ikanwa gore Aforika e tla tshegediwa gore e kgone go iponela meento e e babalesegileng e e sa turisiweng, mmogo le ditirelo tsa tlhatlhobo le kalafi ka go thusiwa ke Mokgatlho wa Merero ya Boitekanelo wa Lefatshe (WHO) ka Letsholo la bona la Potlakiso ya Tlamelo ka Meento ya COVID-19 (ACT-A) mmogo le ka Thulag...
Kabinete gape e gateletse boikuelo jwa ga Moporesitente Ramaphosa jwa gore dinaga tsotlhe tse di tsenetseng samiti eno di tshwanetse go ema ka lefoko le le leng le le reng Mokgatlong wa Dikgwebo tsa Lefatshe (WTO) o tshwanetse go sekega nakwana ditlha tse di amanang le ditshwanelo tsa dithoto le dithata tsa dikgwebo (T...
Tsereganyo eno e tla dira gore seelo sa tlhagiso ya meento se oketsege mmogo le sa didirisiwa tsa thekenoloji ya teng gore re kgone go samagana le leroborobo leno ka tshwanelo.
Baagi ba kwa Tafelkop ba Abelwa Makwalobopaki jwa Madulo.
Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go abela balemirui ba bathobantsho ba le 30 ba kwa Tafelkop kwa tikologong ya Groblersdal kwa porofenseng ya Limpopo.
diheketara di le 189 tsa lefatshe.
Eno ke karolo ya thulaganyo ya letsholo la pusetso ya dinaga go beng e bile gape ke karolo ya tiro e e tsweletseng ya Komiti ya Ditona tsa Naga (IMC) e e jarileng maikarabelo mo mererong ya Pusetso ya Dinaga go ka leka go potlakisa dikgato tsa pusetso ya dinaga.
Balemirui bano ba na le sebaka sa dingwaga di le 25 ba ntse ba lema dijalo tse di farologaneng mo lefatsheng leno e bile ba di rekisetsa mabentlele a dijo, dikema tsa phepo ya dijo kwa dikolong mmogo le mebaraka ya maungo le merogo kwa Pretoria le kwa Johannesburg.
Dipuo tsa Thebolotekanyetsokabo.
Kabinete e neseditse pula dipuo tsa thebolotekanyetsokabo tse di sa tswang go simolola sešweng jaana tse ka tsona mafapha a tlhalosang ka botlalo maano a ona le dintlha tse di kwa setlhoeng tse a batlang go di diragatsa mo ngwageng oo.
Kwa Palamenteng, jaaka e le yona e e emetseng setšhaba, go tshwarwa dingangisano tse di gagametseng mabapi le madi a mafapha a a kopang gore madi a puso a tswele baagi mosola.
Dipuo tsa Thebolotekanyetsokabo di diragatsa maikano a a farologaneng a a dirilweng ke Motlotlegi Moporesitente Cyril Ramaphosa mo Puong ya gagwe ya Maemo a Setšhaba (SoNA) ka Tlhakole 2021.
Di diragatsa gape le Ponelopele ya 2030 ya Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP) mmogo le Letlhomeso la Togamaano ya Pakagare (MTSF) la 2019-2024.
Monongwaga puso e tsepamisitse mogopolo mo go tsosoloseng ikonomi ya rona, go e ema nokeng gore e gole le go tlhola ditiro tse re di tlhokang.
Re tla samagana le dintha di le nne tse di botlhokwa tse di nopotsweng mo go SoNA e leng:
Go phutlhamisa leroborobo la COVID-19
go potlakisa itharabologelo ya ikonomi
go diragatsa dikgato tsa go fetola batsholateu mo ikonoming gore re kgone go tlhola ditiro tse di tla nnelang ruri le go dira gore re nne le kgolo ya ikonomi e e tswelang botlhe mosola, mmogo le
Go lwantshana le bonweenwee gore re kgone go matlafatsa puso.
Go Lwantsha Bosenyi.
Kabinete e eme ka lefoko le le lengwe le Khomišene ya Tekatekano ya Bong mo go nesetseng pula katlholo ya kgotlhatshekelo ya go romela Rre Nowa Makula wa dingwaga di le 32 kwa kgolegelong botshelo jwa gagwe jotlhe makgetlho a le marataro mabapi le polao ya mookapelo wa gagwe e bong Mme Nomzamo Mhlanti, le bana ba gagwe...
O ke molaetsa o o bogale o o lebisitsweng kwa bathong ba ba dirang ditiragalo tseno tse di setlhogo tsa bosenyi gore ba itse gore jaanong ba tla kopana le dinta di fuduga.
Kabinete e kgalema ka mafoko a a bogale dipolao tse di setlhogo tsa kwa Khayelitsha kwa porofenseng ya Kapa Bophirima mmogo le tsa kwa Zandspruit kwa porofenseng ya Gauteng mo batho ba le 21 ba latlhegetsweng ke matshelo a bona.
Kabinete e akgotse mapodisi ka go tsibogela ditiragalo tseno ka bonako le go golega babelaelwa mme e bile gape e ikuela mo baaging go tshwarisana ntlha ya pabalesego le mapodisi gore baagi botlhe ba metse e re nnang mo go yona ba nne mo go babalesegileng.
Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go dirisana ga ditheo tsa go disa kobamelomolao tse di dirileng gore go thopiwe diritibatsi mo dinageng tsa Aforika le tsa Botlhabagare.
Letsholo leno le le neng le gapiwa kwa pele ke Interpol, le ne le ama dinaga di le 41 mme le dirile gore go thopiwa diritibatsi tse di ka dirang bokanaka diyuro di le dimilione di le lekgolo.
Jaaka e le karolo ya letsholo leno, sepodisi mo nageng ya Aforika Borwa se thopile diritibatsi di ka dira diyuro di le dimilione di le 32 mo mokorwaneng wa ditlhapi mme sa tshwara batho ba le Ipaakanyetso ya Letsholo la Mmalabatho.
Lefapha la Dipalopalo la Aforika Borwa (Stats SA) le tla rebola dikgato tsa go ipaakanyetsa letsholo la mmalabatho mo mafelong a a rileng mo go tla diriwang letsholotekelelo go ipaakanyetsa letsholo le legolo la mmalabatho go bona gore a tsotlhe di eme sejaro go ka samagana le letsholo leno.
Dikgato tsa ipaakanyetso ya letsholo la mmalabatho di tla rebolwa go tloga ka la bo 17 Motsheganong go fitlha ka la bo 30 Seetebosigo 2021.
Ba malapa le ditheo ba ba batlang go nna le seabe mo dikgatoipaakanyetsong tsa letsholo la mmalabatho ba tla tlatsa dipotso ka mogala mo ba tla letsetswang mogala ke motlhankedi wa Tikwatikwe ya Megala ya Stats SKabinete e rotloetsa ba malapa le ditheo go ikwadisa gore le bona ba tle ba badiwe.
Baagi ba rotloediwa go tsena mo webesaeteng ya WEBTOKEN mme ba ikwadise.
Letlha le Letsholo le Lekgolo la Mmalabatho le tla simololang ka lona le tla tle le itsisiwe mo tsamaong ya nako.
Thuso ya Zimbabwe ka Ditirelo tsa go Phutha Batho.
Kabinete e neseditse pula ditirelo tsa go phutha batho ba kwa Zimbabwe.
Seno se latela boikuelo jo bo dirilweng ke puso ya Zimbabwe ka Mopitlwe 2019 jwa go kopa thuso ka ditirelo tsa go phutha batho morago ga gore naga eo e anngwe ke Sefefo sa Dipula sa Idai se se tlhodileng merwalela e e gogotseng mafaratlhatlha mo nageng eo le go gogola matshelo a batho ba le bantsi.
Naga ya Aforika Borwa, mo Letloleng la Tirisano le Dinaga tsa Boditšhabatšhaba go Tsosolosa Aforika, e ikantse go emana nokeng ditirelo tsa go phutha batho ka madi a le kanaka R50 milione go tshegetsa naga ya Zimbabwe.
Ka ntlha ya go runya ga leroborobo la COVID-19, porojeke eno e ne ya diegisiwa.
Morwalo wa ntlha wa dikgetse di le 450 000 tsa mabupi a dikhilokerema di le 12,5 o rometswe ka Letsatsi la go Keteka Boaforika ka la bo 25 Motsheganong 2021 go fepa malapa a a leng mo tlaleng.
Ditshwetso tsa Kabinete.
Lenaneo la Kgwedi ya Bašwa.
Kabinete e neseditse pula Lenaneo la Kgwedi ya Bašwa la ngwaga wa 2021 ka moono yo o reng: Ngwaga wa go Keteka Segopotso sa Mme Charlotte Mannya Maxeke: Go oketsa ditiro mo bašweng gore setšhaba se nne le seabe mo kgolong ya ikonomi le go tlhabologa."
"Moikepi, o se ka wa lalela boago jwa mosiami, se thope felo ga gagwe ga boikhutso;"
"Ya re ka lotlatlana mokoro wa bo o le fa gare ga lewatle, mme ene a bo a le esi kwa lefatsheng."
"“A tse di senang kwa di rapelang teng di thusiwe ka lefatshe, le tsone di tle dile di thuse go aga banana ba lefatshe leno,” Ndlovu a lopa jalo."
"Bontsha gore o tla dirisa jang ditshwantsho tsa fa go ne go tsewa kgato e e rileng go dira gore go buisa mafoko a go kopanwang le one go nne monate . "
"Distribution Channel Ke tshaba go bolelela mokapelo gore ke nwa diritibatsi Ke rre wa dingwaga tse di masome a mane mme ke mo lenaneong la diritibatsi."
"Mosetsana kgotsa mosimane , mohumi , mohumanegi , motho a bopame kgotsa a akotse , a le moleele kgotsa ale mokhutshwane , nna o ntse o le motlotlo . "
"Isetsa Modimo setlhabelo sa go leboga; o bo o lefele Mogodimodimo maikano a gago."
"O fentse Katharina Kruger wa naga ya Jeremane mo sekamakgaolakgannyeng sa motshameko wa basadi ba thenese ba ba leng mo dituloteting mo motshameki a tshamekang kgatlhanong le motshameki yo mongwe."
"Ba tshwenyegile ka gore a naga ya rona e tshosediwa ke bonokwane jwa go fiswa ga diterena di le thararo kwa Tshwane mo kgweding e e fetileng . "