text
stringlengths
0
40.2k
"Borakanelo ba Tshedimosetso ba Lefapha la Tshedimosetso bo tla itsise mokopi/ lekoko la boraro ka dipoelo tsa boikuelo ba ka fa gare . "
"Kabelo ya taolelo ya nna ya ba ba setseng ba bana ba ga Manase ka fa ditshikeng tsa bone; ya bana ba ga Abiesere, le ya bana ba ga Heleke, le ya bana ba ga Asieriele, le ya bana ba ga Shekeme, le ya bana ba ga Hefere, le ya bana ba ga Shemita; bao e ne e le bana ba basimane ba ga Manase morwa Josefe, ka fa ditshikeng ...
"Tshireletsego ya gago e okediwa ke di CCTV, dibatlelara tsa dialamo le dialamo tsa molelo tse re dirang le go di baakanya."
"Kopano ya ntlha ya Mekgatlho ya Dinaga e tla bidiwa ke Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba tse di Kopaneng mo ngwageng o le mongwe morago ga tseno mo tirisong ya Tumalano e . "
"A re: “A go hutsege Kanana. O tlaa nna motlhanka wa batlhanka mo go bomorwa rraagwe.”"
"Gape , go botlhokwa go tsweletsa boineelo jwa bathapiwa ba setšhaba mo ditirong tsa bona - tiro e e leng ya boeteledipele , badiredi ba setšhaba ka bobona le mekgatlo ya diyunione tsa badiri . "
"Ke phologolo ya bobedi e kgolokgolo ya mo lefatsheng morago ga tlou . "
"Gonne dintša di mpharafere; phuthego ya badiri ba bosula e ntiteetse mo teng; ba tlhabile diatla tsa me, le dinao tsa me."
"Ka ngwaga wa 1996 mantlo a masha a ne a agiwa mo lefelong la Joe Slovo mme ka go nna jalo sekolo se ne sa atlolosetswa teng go nale barutabana ba le Lesome le Borataro. Moragonyana ga ditumalano tse di tsereng sebakanyana sekolo se ne sa felela se tlhapmiwa go nna sa setšhaba ka ngwaga wa 200. Elda Mahlentle Primary ...
"Se se tlhoka gore a dire mo nakong ya gagwe ya go nwa teye , ya go ja dijo tsa motshegare le morago ga diura tsa tiro , kgotsa a kope badirimmogo gore ba mo thuse fa e le gore tiro eo e ka se kgonwe ke motho a le nosi mo nakong e e beilweng . "
"Bolwetse jwa kwa tirong ke bolwetse jo bo tshwaeditseng mo lefelong la tiro ka ntlha ya tlhagelelo ya modiri kwa didirisong tse di rileng kana maemo a a fitlhelwang mo tikologong ya tiro . "
"Kabinete e amogetse Dikabo tsa Lefatshe tsa go Tsaya Maeto tsa 2018 tseo di nopotseng Aforika Borwa jaaka e nngwe ya dinaga tse di di gogang kwa pele."
"Moikanisi ga a letlelelwa go tsamaisa maikano kgotsa tlhomamiso e e amanang le ntlha e a nang le kgatlhego mo go yona . "
"a tshwetso ya yona, e tshwanetse go bolelela bothati jo bo e rometseng molao"
"Molaotlhomo o ikaeletse go sireletsa, go rotloetsa le go laola ka fao dikaro tsa setso di diriwang ka gone."
"Tshwetso e e kwadilweng ya Tonakgolo e tshwanetse go saeniwa sa bobedi ke"
"Gonne mo lo a itse ka tlhomamo, fa go se seaka, le fa e le motho yo o maswe, le fa e le moiphetlhi, yo e leng moobamedi wa medimo ya disetwa, yo o ka nnang le boswa bope mo bogosing jwa ga Keresete le Modimo."
"PUO , SETAELE LE GO TSELEGANYA -Setlhangwa se se tlhamegileng ka manontlhotlho , le ka tirisopuo e e nepagetseng . -Tlotlofoko e maleba -Setlhangwa se tlhamegile sentle e bile se nepagetse . -Tlotlofoko e maleba thata le maitlhomo , bareetsi le tiriso . -Setlhangwa se tlhamegile e bile se buisega bonolo . -Tlotlofoko ...
"•"
"wa lekoko le le tsayang karolo, le morago ga go rerisana le moeteledipele wa lekoko"
"Morago ga go reetsa bosupi jotlhe le ditlhagiso tsa mongwe le mongwe yo o leng gona , Kgosi , ka thuso ya Balekgotla ba gagwe , o tsaya tshwetso go ya ka molao wa setso le tlhaloganyo ya gagwe . "
"09H00 Mokwaledi kakaretso wa SACP Blade Nzimande a re lekoko la gaabo le kgatlhanong le go tlhatlhosiwa ga lekgeto la thekiso VAT, gonne go ikaeletswe go fitlhelela diranta di le diBilione, tse di utswitsweng le go romelwa kwa Dubai."
"Ka bomadimabe , seno se oketsa thata kelo e e kwa godimo ya dintsho mmogo le batswasetlhabelo mo ditseleng tsa rona . "
-1
"Mohumi o ipona botlhale, mme mohumanegi yo o nang le tlhaloganyo a mo kheleise."
"Se se sa tlhalosegeng sentle ke gore a o dirisa dipheko tsa go bolaya kgotsa tsa go iphemela kgotsa tsa go itshedisa . "
"Molao wa Bosetšhaba wa Metsi o dira tlamelo ya go tlhamiwa ga Lekgotla la Metsi gore le reetse boikuelo kgatlhanong le ditshwetso dingwe gongwe ditaelo tse di rebotsweng ke bothati jo bo rweleng maikarabelo gongwe ditheo tsa tsamaiso ya metsi , go tshwana le Ditheo tsa Tsamaiso ya Bodutiso . "
"Fa o ba ruta ka ga kgotlhang batlisisa mo go bona gore a ba itse gore kgotlhang ke eng , ba e bona fa kae , a ba kile ba nna nna le kgotlhang le mongwe , go ne go diragetse eng mme ba feleditse ba e rarabolotse jang . "
"Abetone, Sikeri, le Hanane,"
"Lephata la maemo a kwa godimo le le dirang ditshwetso la Kokoanyo ya Abidjan ke COP, kopano ya morago ga dingwaga di le pedi e e kopanyang Ditona tsa Tikologo le baitseanape ba setegeniki ba Makoko a Tumelano, le dinaga tsa balebeledi, ditheo tse dingwe tsa Dinagakopano le mekgatlho e eseng ya puso."
"O tlhalositse gape fa ba na le setlhopha sa motshameko wa bodiragatsi mme le sone ga se tswelele pele ka ntlha ya go tlhoka yo mogolwane."
"MAMETLELELO 6: DITHULAGANYO TSA KGABAGANYO"
"“Tirisobotlhaswa ya madi e tlhobaetsa fela jaaka sekolo to se se ganang go fela. Go botoka go tila go dirisa madi botlhaswa mo Keresemoseng eno, go nne fa o sa dire jalo o ka iphitlhela o gosometse mo thagarageng ya dikoloto mo nakong e tlang,” go bua motsamaisi wa dipapatso le disolo wa DebtSafe Matthys Potgieter.
Maikutlo ale a a nama tshang a go reka kafa le kafa mo kgweding ya Ngwania tsele le ya Sedimonthole ke a nakonyana e e khutshwane mme bareki ba tla itemogela matsapa kwa bokhutlhong jwa Ferikgong 2019. “Se dirise madi a o senang one,” Potgieter a tlaleletsa jalo.
Mellony Ramalho wa Afri can Bank a re badiri ba du elwa go sale gale ka Sedi monthole mme seo se dira gore ba lete sebaka pele ba ka bona letseno le lengwe gape ka kgwedi ya Ferikgong.
“Ferikgong ke kgwedi e e boima mo bathong ba le bantsi, mme ba bangwe ba feletsa ba dirisa dikarata tsa sekoloto kgotsa ba adima madi. Go botlhokwa go ikela tlhoko ka fao o dirisang madi a gago ka teng. Go botoka go rulaganya lenane la ka fao o tla dirisang madi ka teng go tila tirisobotlhaswa ya madi” go bua Ramalho.
Potgieter o eletsa bareki go simolola go reka dilo tsa Keresemose go sa le gale le go netefatsa gore mafelo ao go bolokiwang dijo mo go one, ditsidifatsi le digatse tsi di tletse thi! ka dijo tse di nnag lobako lo lo leele di sa senyege, mme seno se tla dira gore ba tile tshenyo ya madi le go reka dilo tse di boturu ka...
Ka fao Potgieter a eletsang bareki go disa madi a bona: • Tlasa setsidifatsi sa gago le diraka ka dijo tse di tsayang nako go senyega.
• Dirisang sejanaga se le esi. Fa le dirisa sejanaga se le esi go tla le kgontsha go sonaga madi le go dirisa leokwane le le nnye.
• Se dirise ditselafefo tse di duelelwang.
• Boemong jwa go reka di mpho bua le bana ba gago gore go ka nna jang fa le ka ibakela dimonamone tse di tla jewang ke ba ka fa lapeng mme e nne bona ba di kgabisang.
• Simolola nako e santse e le teng go reka dilwana tsa Keresemose.
Monongwa setlhopha sa DebtSafe se rotloetsa bareki go dirisa pampiri e e phitshwa e e tlwaelegileng go phuthela dimpho gonne ga e turi e bile e mosola mo tikologong."
"Beke yotlhe e ne ya fela a sa ye tirong a nnetse selelo jaaka e kete Ntope o ne a mo nyetse . "
"A re o itemogetse gore, banana ga ba somarela matshelo a bone, ka ba inaakantse le dilo dile dintsi tse di maswe, jaaka go tlhakanelo dikobo, bogolojang ba sa itshireletsa, go dirisa nnotagi le diritibatsi."
"Go ikgatholosiwa : Go se tlamele kgotsa go ba tima tlhokomelo le ditlhokego tsa botlhokwa tsa boitekanolo mo mmeleng le mo tlhaloganyong . "
"Ba mo naya madi a selefera a le 70, ba a tsaya mo ntlong ya ga Baale-berithe, mme Abimeleke a thapa ka yone banna ba ba difafalele le ba ba dieleele, ba ba tlogileng ba mo sala morago."
"Aroganya le molaodi wa koroporasi le modiri wa disilo gore o dumela gore korong e rekisiwe ka tlhotlhwa ya teko kgotsa o batla gore e bolokiwe . "
"Mme jaana e tlaa re fa ba nyalwa ke bomorwa ditso tse dingwe tsa bana ba Iseraele, foo boswa jwa bone bo tlaa tlosiwa mo bosweng jwa borraetsho, bo tlhakanngwe le boswa jwa lotso lo ba tseetsweng mo go lone; jalo bo tlosiwe mo taolelong ya boswa jwa rona."
"(c) fa tsereganyo e ntse e tswelelapele Khansele e tshwanetse go sekaseka"
"Gantsi e simolola ka Diphalane go fitlha ka Mopitlwe, mme dielô tse di potlana di tlhagisiwa gape ka Moranang."
"Mme Juta a bololela Bakanana ba ba agileng mo Heberone; (gale leina la Heberone e ne e le Kiriathe-areba); ba kgemetha Shešai le Ahimane le Talemai."
"Ba kile ba nna jaaka ekete ke batho ba ba ekelang sekgwa sa ditlhare dilepe."
"Tiriso dikgoka e e masisi / ditlhobolo kana dithekeneki tsa go falola tse di ka isang kwa ' losong kana kgobatso ya mmele e e masisi ( kgobalo e e masisi ) ' . "
"Gantsi e latela ke kaonafalo ya dijo mme e tlhagelela ka bonako."
"Thuto ya OBE e rera gore baithuti ba dire mo thutong mme go nne le ditswathutong . "
"Fa e le ka tshegofatso, ga e tlhole e le ga ditiro; gonne jalo tshegofatso e tlaa bo e sa tlhole e le tshegofatso."
"Aa di bonala di tlhoba mafofa?"
"Gompieno re tlaa nne re tswelele re bue ka ’go jela…."
"Mokwadi mo tlhamong e , o tlhalosa sengwe ka mokgwa o mmuisi a tla itemogelang se se tlhalosiwang jaaka go batlega . "
"Tlotlo , tlhokomelo le kamego ke mengwe ya melawana e e kayang batho ba Aforikaborwa . "
"Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tsa pholisi eno di samagana le dikgwetlho tse di tlhageletseng mo tsamaong ya dingwaga tse di fetileng mo maphateng a dijanaga, diterene, dikepe le difofane."
"Tlhaolo e e seng ka tlhamalalo e kaya dipholisi le ditiro tse di sa tseyeng letlhakore , tse e leng gore ga di farologanye batho ka tlhamalalo go ya ka lepe la mabaka a a mo lenaaneng ( le mabaka a mangwe a a ka nnang gona fela a se mo lenaaneng mo Molaong ) fela di ama ditlhopha gongwe batho bangwe ka tsela e e tlhao...
"Fa morago ga gagwe go thunye lorole . "
"Meduduetsane ya agela mosako mafoko a ga Kgosi, jaaka a ne a ribolola leina la mophato go nna Madibelakgosi."
"Ka jalo pele o fetela kwa setlhogong se sengwe o dire gore o be o arabile dithutiso tseno . "
"O tlaa kaelwa mo tsamaong ya dithuto tiro yotlhe e e tlaa tsayang karolo mo maduong a gago a go falola . "
"Ke gone Bajuta ba mo fetola ba re: “O re supetsa sesupo sefe ka e le fa o dira dilo tse?”"
"BoTori ba ne ba tlile go boloka tsala ya bona."
"Ka TGG , di tsewa e le tsa kago ya polelo seno se raya gore ga ba farologane thata le ba bolebapopego . "
"Kgang kgolo e le go buisana ka setempe se podi ya tsela e bolelang fa go na le matshosetsi a gore ba tlaa se amogiwa."
"Dipalopalo tsa bosenyi di dirisiwa gape letsatsi lengwe le lengwe go laola maano tiragatso a Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS).Kabinete e akgola matlhagatlhaga a SAPS le mekgatlho yotlhe e e golagantsweng le mekgatlho ya baagi e e ipopileng ngatana e le ngwe le puso go lwantsha bosenyi."
"Dilo tse ke a di lo laolela, gore lo ratane."
"O tlhola a ebela le naga o kare ga se motsetse."
"Madirimatlhaedi ke leina le ile boreelelong . "
"Mme fa molebedi a bona tšhaka e tla, mme a sa letse lonaka, mme batho ba sa tlhagisiwe, mme tšhaka e tla, e tlosa motho mongwe mo go bone; o tlosiwa mo boikepong jwa gagwe, mme madi a gagwe ke tlaa a batla mo seatleng sa molebedi."
"Ka jalo, tatediso-motlhala ke kgokaganyô magareng ga phologolo le itekanelo ya motho, mmogo le kgokaganyô ya pabalesego ya dijo le boleng jwa dijo."
"Ga twe fa a le koo, Kgosi o ne a lela ka batsadi ba bana ba bone ba tsenang sekole kwa Makgadikgadi kwa motseng wa Mosu."
"SETSWANA PUO YA GAE MEPHATO 4-6 ANAWALEM ,olefel :osiup :okofam idoahltam :olelopid eminorekaid ,okan ,osobist a oawhstam EL ,awgkom etapolelop ak ak OUPOGEPOPID ,osiridem al arid arid oawhstel ,ostafawhstuhkid og a og el ,olonoleloP ay isolahltaM ,amaltam ay otelepoM otagK otagK ,oltuhK id abelam est og ASIGAHLT gnes...
"Jošua a boela kwa bothibelelong kwa Gilegale, a na le Baiseraele botlhe."
"Kedirang Oagile a re o rata batho thata e bile a ka bo a nnile morutabana fa a ka bo a sa kgona go tsenela thuto ya boithuta mekgwa ya badiri mo tirong."
"Mothapiwa o tshwanetse go itse gore melawana eo ke efe mme mo mabakeng a a tshwanang le a , a supetse mookamedi wa gagwe ka ga go tlola molao ga kgato ya go nna jalo . "
"Mo thelebišeneng sebaka sa tiragatso se laolwa ke khamera gonne mmogedi o bona fela se se tlhagiswang ke leitlho la khamera , e bile leitlho le kgona go tlhagisa fela ditiragalo tse di le lebileng . "
"Le gale , mapodisi a sa ntse a tla tswelela go batlisisa kgetsi eo le go isa dokete ya sepodisi kwa motšhotšhising wa setšhaba gore a tseye tshwetso . "
"Yo o amang sengwe se o ntseng mo go sone, a a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a tlhape mo metsing, mme a itshekologe go ya maitseboeng."
"Lotso ke ntlha ya botlhokwa tota mo go swetseng ka taolo ya dikgotlatshekelo tsa setso . "
"Letlhomeso le dira gore go nne le maikarabelo le tolamo mo go fitlheleleng dipeelo tsa NYP 2020."
"Moporesitente o tla tsenela Samiti ya bo 4 ya Tshireletsego ya Nyutlilea kwa Washington, Amerika go tloga ka la bo 31 Mopitlwe go fitlha ka la bo 1 Moranang 2016."
"Kabinete e neseditse pula mananeo a mabedi a katiso a a tla kgontshang gore maikano a go nna le badiredi ba ba nang le bokgoni mo pusong a diragadiwa."
"KHOPHI E E KANNWENG YA NNETE YA TOKOMANE YA TSHIMOLOGO . "
"Jehofa a itaya batho ba, ka ba dirile namane e Arone o e dirileng."
"Sekolo seno ke karolo ya tiro ya puso ya go busa seriti mo baithuting le go dira gore dikolo tsa kwa metseselegaeng di nne le mafelotiriso segompieno."
"Baikepi ba tle ba tshabe go sa khukhele ope, mme basiami ba pelokgale jaaka tau."
"Temeko ka jalo e a tlhokega go tlhomamisa gore tsela efe e molao o dirisiwang e tla bontsha tlwaelo ya setso sa motho yo o tlhokafetseng . "
"“Shekele e nne digera di le 20; dišekele di le 20, dišekele di le 25, dišekele di le 15 e nne selekanyo sa lona sa mane."
"Bomorwa Simeone: Jemuele, le Jamine, le Ohate, le Jakine, Sohare, le Shaule, morwa mosadi mongwe wa Mokanana."
"Le gone lo se ka lwa fapoga, gonne foo lo ne lo tlaa ba lo latela dilo tsa lefela fela, tse di sa ka keng tsa thusa le fa e le go golola, gonne di lefela fela."
"le manyenana a ditsebe, le mefitshana, le masirenyana a tlhogo;"
"Ke tlaa raya Modimo ke re, O se ka wa ntshekisa; o nkaele ka fa o ganelang le nna ka gone."
"Ka jalo mefuta ya mekgwa ya go ruta , e a tlhokega , go naya baithuti tšhono ya go supa bokgoni jwa bona ka tshwanelo . "