text stringlengths 565 8.03k | label int64 0 9 |
|---|---|
Banni ba Kareng mo Kgaolong ya Nhabe ba kgothaditswe go inaakanya le temo ya ditlhare. Fa a bua ka letsatsi la temo ya ditlhare la kgaolo le le neng le tshwaretswe kwa Kareng bosheng, Rre Kemonna Keapoletswe o tlhalositse fa kgwebo ya temo ya ditlhare a busetsa ka go supegile mo mafatsheng a mangwe. Ka jalo Rre Keapole... | 5 |
Babereki ba lephata la itshireletso ba rotloeditse Batswana go tsiboga fa masika kgotsa ditsala di sa bonale ka jaana go utswiwa ga batho go ile magoletsa lefatshe ka bophara. E rile ba tsibosa makhanselara a Kweneng bosheng kwa Molepolole, ba supa fa dikgang tsa go utswiwa ga batho di diragalela Batswana fela jaaka ba... | 1 |
Mongwe wa bagwebi ba ba tumileng mo Kanye, Rre Prince Mosanana o rotloeditse batsadi ba ba nang le batho ba ba nang le bogole go ba ntshetsa mo pontsheng gore ba bone dithuso. O buile jalo ka letsatsi la ba-na-le bogole le tshwaretswe mo Kanye bosheng. O kgothaditse fa ba tshwanetse go thusiwa fa ba tlhaelang teng, a l... | 9 |
Modiredi mo ofising ya tokafatso matshelo a batho kwa Takatokwane, Mme Maureen
Lefifi o tlhalositse fa bodiredi bo tshwentswe thata ke go tlogela sekolo ga
banana ba motse oo ka mabaka a a farologanyeng, go balelwa le boimana. E rile a bua kwa thuto-seka
dipuisanong le banana ba sekolo se sebotlana sa Takatokwane, mme... | 4 |
Banni ba Tutume ba re ba eletsa gore matshego mangwe a a neng a le mo Tebelopele ya 2016 a akarediwe mo go e ntsha ya 2036. Ba buile jalo fa ba ne ba rolela lekoko le le romilweng ke tautona go tsaya megopolo mo setshabeng go baakanyetsa tebelopele ya 2036 kwa Tutume ka Mosupologo. Re Imi Phili a re letshego la Tebelop... | 7 |
Banni ba Serinane mo kgaolong ya Letlhakeng Botlhaba ba supile matshwenyego ka bakgweetsi ba ba dirisang tsela ya Letlhakeng/Molepolole e e ralalang motse wa bone, ka jaana ba kgweetsa ka lebelo le le feteletseng e bile ba sa obamele matshwao a tsela. Banni ba dirile ikuelo eo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa... | 2 |
Modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Tona Mooketsi a re khansele eo e lebaganwe ke dikgwetlho jaaka tlhaelo ya didirisiwa le madi go kgona go isa ditlamelo kwa bathong. E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa Modipane ka Laboraro, Seetebosigo a tlhola gane, a tlhalosa fa maikaelelo a bone e le go rurifatsa gore Bats... | 9 |
Banni ba Dovedale le badiri ba sekole se sebotlana sa motse oo ba ne ba ipelela dingwaga tse di masome a mane sekole seo se ntse se le teng bosheng. Mogokgo wa ntlha wa sekole seo, Rre Malebogo Sefhemo a re ke maiteko a matona ka ba simolotse ba na le dikgwetlho tse ditona ka batsadi ba ne ba sa tlhaloganye mosola wa t... | 4 |
E tla re kgwedi eno e le masome a mabedi le borataro mokgatlho wa vision support group o abele mo-na-le –bogole setilo sa maotwana se se tla mothusang go tsamaya. Fa a bua mo potsolotsong le ba BOPA bosheng, m oeteledipele wa mokgatlho Rre Ontlametse Rampoo o supile fa e ne yare ka dingwaga tsa 2011 le 2012 bane ba ngo... | 6 |
Morutabana wa sekole se sebotlana sa Mpiti kwa Matobo mo kgaolong potlana ya Tutume, Mme Polite Hulela, a re sekole seo se dira botoka thata mo maduong a lekwalo la bosupa fa e sale dingwaga tse tharo tse di fetileng. Mme Hulela o buile jalo kwa moletlong wa go ipelela phenyo ya maduo a lekwalo la bosupa kwa sekole seo... | 4 |
Monna wa dingwaga tse di masome a mane o fitlhetswe a akgega mo setlhareng maitseboa a Mosupologo kwa Dekar mo Kgaolong ya Ghanzi bokone. Mogolwane wa mapodisi kwa Ghanzi, Assistant Superintendent Modiro Lekone a re monna yoo o bonwe ke mofeti ka tsela mme a begela ba bangwe mo motseng. A re moswi o tlholega kwa Verda.... | 2 |
Modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Bobonong, Rre Kganya Poloko, o akgoletse banana ba mokgatlho wa Legae mowa wa bopelotlhomogi. Fa a bua kwa moletlong wa go gokelela Mme Elizabeth Maemo pompo ya metsi le go tsenya ntlo ya gagwe digalase tsa diokomela bagwe, Rre Poloko o ne a supa fa Batswana ba tshwaragane e b... | 9 |
Mogolwane wa lekalana la thuto-ga-e-golelwe kwa kgaolong ya Borwa, Mme Gagotheko Maruping a re puso e lemogile fa go tlhabolola lefatshe go tsamaelana le go ruta setshaba. A re ke ka moo thuto e leng dingwe tse puso e neng ya di baya kwa setlhoeng mo ditlhabololong, gore go seka ga nna le ope yo o santseng a sa itse go... | 7 |
Fa o tla o tswa kwa Mahalapye o tsamaela kwa botlhabatsatsi, o tsamaya dikhilomithara di le masome a supa o bo o feta ka Machaneng. Go tswa mo Machaneng o tsamaya sekgelenyana fela se e seng sa sepe se mokgweetsi a ka tsayang metsotso e e sa feteng masome a mararo a bo a feta ka Sefhare. Ka tota bontsi jwa metse ya kga... | 9 |
Mothusa kgosi ya Shoshong, Kgosi Sejabosigo Ntsaga a re Batswana ba tshwanetse go sireletsa puo ya bone gore e seka ya nyelela. Kgosi Ntsaga o buile se kwa moletlong wa ngwao wa Bollapela kwa masimong a Mahutagane kwa Shoshong ka mafelo a beke. A re puo ke bontlhabongwe jwa ngwao mme e tshwanete go tsosiwa, ya rotloedi... | 0 |
Bazezuru ba Mandunyane ba kgotla ya Maseka ba boletse fa ba itumetse e bile ba akgola puso go bo e dirile thulaganyo ya gore ba fiwe dikarata tsa Omang. Mo potsolotsong bosheng, mogolwane wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mandunyane, Rre Samuel Moturiti o supile fa bontsi jwa Bazezuru ba sa bolo go tla mo lefatshe... | 7 |
Mma-Kgosi wa Batawana, Mme Moremi o kopile Batawana go bua dikgang tsa bogosi ka kelotlhoko ka jaana di le masisi. A re fa dikgang tsa bogosi di ka tlontlolola morafe fa batho ba sa di ele tlhoko ka di ka tsala ditsheko. O buile jalo kwa kgotleng kgolo jaaka morafe o ne o tsile go tla go rolelwa ke ba bogosi ka kgang y... | 9 |
Mothusa mmatoropo wa Lobatse, Rre Francis Mokwena a re maitlamo, boitshoko, bopelotelele, tshwaragano ya komiti ya batsadi le barutabana le boitsholo jo bontle jwa baithuti ke konokono mo go ntsheng maduo a a kgatlhisang mo dikoleng. Rre Mokwena, yo o simolotseng tiro ya gagwe e le morutabana, o buile mafoko ao bosheng... | 4 |
Banni ba Kokotsha kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba galaleditse dikgaisano tsa mabelo a dipitse tse di tshwarwang ngwaga le ngwaga ba re di ka tokofatsa matshelo a bone . Mothusa modulasetilo wa komiti e e tsamaisang dikgaisano, Rre David Titus, o tlhalositse mo potsolotsong fa mabelo ao a simologile ka 1984, e le tse... | 6 |
Go bolelwa fa thuto e le sedirisiwa se se botlhokwa thata mo botshelong ka e ka betlela motho botshelo jo bo siameng. E rile a bua kwa moletlong wa kabo dimpho wa sekole se se botlana sa motse wa Letsholathebe kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, mothusa mookamela mapodisi a Masunga, Assistant Superintendent Boitshepo Kais... | 4 |
E re ka gotwe phokoje go tshela yo o dithetsenyana, monana mongwe kwa Tlokweng o itshetsa ka kgwebo ya dijo. Rre Moses Thokwane, yo o tlwaelesegileng ka leina la Jabu, o dira kgwebo e e bidiwang Jabu’s Food Express. Fa a bua mo potsolosong le BOPA, Rre Thokwane o tlhalositse fa a simolotse kgwebo ya gagwe ngogola morag... | 3 |
Mme Tebelelo Leburu, 82, wa kgotla ya Kgosing kwa Sehithwa o kaile fa bogodi bo sa itse ope go iphataphatela. E rile mo potsolotsong le BOPA bosheng, Mme Leburu a tlhalosa fa a itshetsa ka dithupana tsa morogo wa rape mme e bile ba lelapa la gagwe ba ka seke ba lala ka tlala. “Ke fiwa dithupana tsa morogo ke ngwanake y... | 3 |
Mokwaledi mo lephateng la dipalamo le ditlhaeletsano, Mme Goitsemang Morekisi, a re nako e fitlhile ya gore Batswana ba tsosolose mowa wa bo ja mmogo. Mme Morekisi o buile sebosheng fa lephata la gagwe le ne le abela Rre Quararea Xao ntlo kwa D'Kar mo kgaolong ya Ghanzi. A re Batswana ke batho ba le bogologolo ba neng ... | 9 |
Bomme ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba kgothaditswe go tswelela ba tshwere ka thata mo dikgwebong tsa bone ka jaana malwapa a le mantsi mo Botswana a eteletswe pele ke bone. Seo se builwe ke mogolwane wa lekalana la merero ya tsa bong, mo lephateng la pereko le selegae, Mme Poloko Sethono kwa thutothutanong e e neng e r... | 3 |
Ammaaruri Motswana o iteile kgomo lonaka fa a re kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa. Se se dirwa ke Rre Morgan Kgetsi wa dingwaga tse di masome a mane le bone wa Mochudi mo kgaolong ya Kgatleng, yo o nang le kgwebo ya madirelo a moriri yo o ithaopetseng go beola bana ba ba tshelang ka bogole ba sekole se sego... | 3 |
Kgosi wa motse wa Artesia mo kgaolong ya Kgatleng o lebogile ba sepodise sa Botswana mo kgaolong ya Borwa Legare, morago ga gore ba rekele ofisi ya gagwe sebalamakgolo. Fa a amogela mpho eo, Kgosi George Thwane o ne a supa fa e le mpho ya botlhokwa fela thata, a tlatsa ka gore e tsile ka nako e e siameng, e mo go yone... | 7 |
Bodiredi ja kgaolo ya Kweneng, komiti e e lebaganeng le nyeletso lehuma le bana-le-bogole bo kopaneng mono Palapye go tla go itshekatsheka ka fa ba tlang ba gata ka teng mo dikgannyeng tsa nyeletso lehuma. Erile a buwa ka dikgang tsa nyeletso lehuma se eleng sone modi wa kgang, molaodi wa kgaolo ya kweneng Dr Themba Mm... | 3 |
Setlhopha sa Mahalapye Cultural Art se se thamilweng ngogola se boletse fa maikaelelo a bone ele go gapa sekgele mo mminong wa phathisi kwa dikgaisanong tsa ga tautona tse di tla tshwarelwang kwa Gaborone ka kgwedi ya Phukwi. Moananisa mafoko wa setlhopha seo, Rre Diane Mosogo a re ere ka ba kgonne go gapa sekgele sa n... | 0 |
Leruo le le sailing mo motseng kwa Palapye le tla gapiwa ka fa molaong. Fa a buisa banni ba kgotla ya Thomadithotse mo Palapye bosheng, Mme Boitlhamako Motlhokakgotla wa lephata la badiragatsi ba melawana ya khansele, o tlhalositse fa molao wa taolo ya leruo wa 2006 o tlhalosa fa dikgomo tse di sasankegang mo motseng d... | 7 |
E ne ya yare ka Tshipi, Tlhakole a tlhola masome mabedi le boraro morafe wa Bangwato wa bo o phuthaganetse kwa kgotleng kgolo ya Bangwato, kwa Serowe, le dikereke ka go farologana go lebogela pula. E rile a bua kwa moletlong oo, motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato, Kgosi Sediegeng Kgamane, a leboga morafe wa gagwe go... | 8 |
Mapodisi a Letlhakeng ba re ba bonye marapo le diaparo tse ba belaelang e le tsa monna yo ba neng ba mmatla kwa dipolaseng tsa Magagarape. E rile a lekodisa BOPA, mogolwane wa mapodisi a Letlhakeng, Superintendent Daniel Katse a supa fa ba belaela fa rre yoo a bolailwe ke serame ka a ne a le bokoa mo mmeleng. Superinte... | 1 |
Ba kgaolo ya Monarch kwa Francistown ba semeletse go baakanyetsa boipuso jwa dingwaga tse di masome matlhano le bobedi, jo bo setseng ka beke tse pedi gore bo ketekwe. Modulasetilo wa komiti ya dithabololo tsa kgaolo ya Monarch, Mme Chiko Mogotsi o boleletse A re keletso ya bone ke gore go jewe go nowe mo letsatsing l... | 0 |
Mopalamente wa Mahalapye Bophirima Rre Joseph Molefhe, o akgoletse Batswana ba diphathi tse di farologaneng tsa sepolotiki go itshwara ka maitseo a siamaneg le go tlhopha ka dipalo tse dintsi mo ditlhophong tsa Setshaba tse di neng di tshwerwe ka kgwedi ya Phalane ngogola. Rre Molefhe yo o tsweletseng le go buisa diphu... | 7 |
Mothusa tona wa peeletso, papadi le madirelo, Rre Biggie Butale a re lephata la gagwe le simolodisitse lenaneo la Operation Metlhala ya Khumo go rotloetsa Batswana go itirela dikgwebo. Rre Butale o buile jaana ka letsatsi la go rekisa moono oo kwa Masunga ka Labotlhano. A re ka lenaneo leo maphata otlhe a a fa tlase ga... | 3 |
Makhanselara a Kgalagadi a ngongorega ka tlhaelo ya dikoloi le bodiredi mo kgaolong ya bone. Ba buile se bosheng mo phuthegong ya khansele e e tsweletseng ya malatsi a le mararo. Bontsi jwa makhanselara a nea supa fa tlhaelo ya dikoloi mo maphateng a puso bogolo jang mo lephateng lamakgotla a Setswana le tlhaelo ya bod... | 9 |
Baithuti le babereki ba sekole sa ithutelo ditiro tsa diatla sa Boteti Brigade ba kgothaditswe go tsaya boikarabelo jwa botshelo le botsogo jwa bone. Kgothatso e e dirilwe ke morutabana wa sekole se segolwane sa Orapa, Rre Brets Motlogelwa, kwa moletlong wa botsogo wa sekole seo bosheng. A re go tlhoka go ja sentle le ... | 6 |
Tona wa le lephata la Banana, Metshameko le Ngwato, Rre Thapelo Olopeng o mo thulaganyong ya go godisa lephata la gagwe ka go kopa tona ya ofisi ya ga Tautona le Bodirela Puso go simolodisa lenaneo la itloso bodutu la tsa banana (Youth Entertainment Channel) mo Botswana Television. O buile seo mo letsatsing le le neng ... | 0 |
Go lemosegile fa dikgwebo tse dipotlana ele mokwatla wa itsholelo ya setshaba, ke gone ka mooo ba lekalana la Local Enterprise Authority (LEA) ba itlamileng ebile ba ikemiseditse go dira ka gotlhe go bona kgolo mo dikgwebong tse dipotlana. Se se builwe ke mookamela lekalana la LEA mo kgaolong ya legare, Mme Kgomotso Ma... | 3 |
Fa ba lemoga gore ba faraferwe ke dikgwetlho ka ntlha ya letlhoko la ditiro, borre Kenny Semang le Tefo Thipane ba ne ba inaakanya le go itirela ka diatla. Rre Semang yo o dingwaga tse 34 go tswa kwa Mabule le Rre Thipane yo o dingwaga di 20 wa Kanye ba ne ba ikopanya ngwaga o simologa go lwantsha letlhoko la ditiro le... | 3 |
Bagodi ba Mosweu, Mokokwana le Seolwane ba supile fa ba itumeletse tsamaiso e e dirilweng ke ba lephata la diposo e ka yone ba amogelelang mo dikgotleng tsa bone ka go farologana. Bagodi ba metse e ba supile boitumelo fa ba ne ba buisana le BOPA mo potsolotsong bosheng. Ba tlhalosistse fa tlhabololo e e ba kgaoletse mo... | 7 |
Bogosi bo gakolotswe go diragatsa dithata tsa jone tsa go laola thekiso ya bojalwa jwa setso le gone go bona gore melawana e e laolang thekisoe e salwa morago. Kgakololo e e dirilwe ke mogolwane go tswa kwa ofising ya tiragatso molao kwa Serowe, Rre Gofaone Toteng ka Labone fa dikgosana tsa Serowe di etetse malwapa a a... | 9 |
Bangwe Batswana ba iteka fela thata go itshetsa ka diatla ba sa ikaega fela ka puso le mananeo a yone. Mme Thandie Moruakgomo ke mongwe wa bao ba ba sa batleng go direlwa jaaka nama e le batho mo motseng wa Middlepits mo Kgalagadi. Kwa ntleng ga go itshetsa o ntse o dira tiro e ntle ya go phepafatsa tikologo ya gagwe l... | 3 |
Batsadi ba kopilwe go tlhoka go loba dikgang tsa tlhakanelo dikobo le petelelo mo baneng ba dingwaga tse di kwa tlase. Mogolwane go tswa kwa ofising ya boipelego mo khanseleng ya Kgalagadi, Mme Abotseng Ramabele o boletse mo puisanong le ba lekalana la dikgang la BOPA bosheng, gore batsadi bangwe ba gataka ditshwanelo ... | 1 |
Ditlhabololo ke dingwe tsa dilo tsa botlhokwa mo lefatsheng le no ka jaana di tlisa dilo di dira ditiro. Se se tlhalositswe ke modulasitilo wa khansele ya Kweneng, Rre Motlhophi Leo kwa pulo semmuso ya maemelo a dipalamo tsa setshaba kwa Molepolole bosheng. Rre Leo o ne a tlhalosa gore lentswa ditlhabololo di le botlho... | 9 |
E rile morago ga go fetsa mophato wa botlhano kwa Lotsane ka 1996, Mme Oiketile Gobonwang a fudugela kwa toropo kgolo Gaborone ka tsholofelo ya gore o tlaa feta a bona tiro gore le ene a kgone go oba letsogo. Mme Gobonwang a re o ne a seka a ipona tsapa, moso le moso a kubuga a tsena mo madirelong ka go farologana a ba... | 1 |
Modulasetilo wa khansele ya Legare, Rre Lesego Raditanka a re banni ba metse e e kgakala le ditlamelo ba reketswe diruiwa mo ngwageng wa madi wa 2013/14. O buile se mo pegong ya gagwe fa a ne a simolodisa phuthego ya khansele ya Legare ka Mosupologo, Mopitlo a tlhola malatsi a le lesome. A re go ntshitswe madi a a feta... | 9 |
Mapodisi a Sejelo mo Kanye a sa tswa go rotloetsa ngwao ya Sengwaketse ka go supa kapari, dijo, poko le metshameko. Motswarelela kgosikgolo ya Gangwaketse, Kgosi Kwelagobe Mookodi, o galaleditse mapodisi a Kanye, a bolela fa ba dira sentle ka go supa ngwao mo tirong, go nna sekao mo badirelapusong ba bangwe fa ngwao e ... | 0 |
Mogolwane wa lekgotla la ikwadisetso ditlhopho la IEC kwa kgatleng, Rre Boemo Mpolokeng a re setshaba se ikwadisetsa ditlhopho tsa tlaleletso ka boutsana. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Mpolokeng a re ba lemogile fa tshologelo e e kwa tlase e e se fela mo kgaolong ya Kgatleng mme e le selo se se anameng le lefat... | 7 |
Kereke ya St John ya kgaolwana ya Palapye e simolodisitse moopelo wa sedumedi kwa Palapye, ka banana ba yone ba khwaere ya Bana ba Lesedi o o bidiwang Clap and Tap Extravaganza. Meopelo o o neng o ngokile dikhwaere tse dingwe tsa kereke eo go tswa Maung le mafelo a mangwe, le dikhwaere tsa dikereke tse di neng di laled... | 8 |
Letsatsi la mafatshefatshe la mono ngwaga la segopotso sa bolwetse jwa AIDS le tlaa bo le tshwaretswe kwa Bobonong. Modulasetilo wa khansele-potlana ya Bobirwa, Rre Sylvester Masweu a re sebui segolo e tlaa bo e le Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama. O tlhalositse ka Mosupologo fa a lekodisa ka ditiro tsa khans... | 4 |
Kgosi John Seabe wa Botshabelo kwa Selebi Phikwe a re boineelo le bopelotelele jwa ga Rre Nonofo Molefhi ke tsone tse di mo kgontshitseng go etelela morafe wa Selebi Phikwe Botlhaba pele. O buile jaana jaaka banni ba kgaolo ya Botshabelo le Ikageleng ba ne ba laela mopalamente wa bone bosheng kwa Selebi-Phikwe. Rre Mol... | 7 |
Go tswa goo-lowe, diphiri di ntse di thusa mo dintshong go epa mabitla ntleng le dituelo dipe, se e le go supa lorato le kutwelobotlhoko mo go ba ba tlhokafaletsweng. Mo segompienong, tsamaiso ya diphiri e fetogile ka bonya ka bonya seabe sa diphiri se simolola go nyelela jaaka muuwane tsatsi le thaba. Mongwe wa bagolo... | 9 |
Banka ya Botswana Building Society (BBS) e abetse Bobonong Home Based Care dikete tsa dipula di le lesome. Fa a bua kwa kabong eo, mogolwane wa banka eo kwa Selebi Phikwe, Rre Shatani Tafila o tlhalositse fa madi ao a a tlaa dirisiwang mo kagong e e tsweletseng ya bana ba dikhutsana le banalebogole. Rre Tafila o tlhalo... | 9 |
Kgosi Basadi Seipone wa Kang a re o tshwenngwa ke batlhoki ba ba sa tshwareng dijo tsa mophako sentle. Mo potsolotsong bosheng, Kgosi Seipone o buile a sa kgwe mathe gore go tlhabisa ditlhong gore bangwe batlhoki ba rekisa dijo tsa mophako ka maikaelelo a go reka dinotagi. A re batlhoki ba go nna jalo go le gantsi ba n... | 9 |
Banni ba kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami ba kopiwa go nna ba ikgolaganya le komiti ya bogakolodi jwa tsa botsogo fa ba na le matshwanyego mabapi le tsa botsogo. Mo potsolotsong, modulasetilo wa komiti eo kwa kokelong ya Sefhare, Rre Tshupo Noge, a re komiti ya bone ga e kgotsofalele ka fa morafe o e dirisang ka teng le n... | 6 |
Baithuti ba le masome mabedi le botlhano ba alogile morago ga gore ba tsene dithuto tsa thuto ya ngwana go tswa kwa moding ka thuso ya khansele ya Selebi Phikwe. E rile a amogela dialogane le baeteledipele ba toropo ya Selebi Phikwe ba ba neng ba tsene moletlo wa go aloga ga baithuti kwa Anne Adams Park, mothusa mokwal... | 4 |
Mothusa mookamedi wa lephata la papadi le merero ya baji-bareki, Mme Kemmonye Keitsile a re go tlhokega gore baji bareki ba rutwe ditshwanelo tsa bone. Fa a bua mono Gaborone kwa thutopuisanyong ya letsatsi la mafatshe la ditshwanelo tsa baji-bareki, Mme Keitsile o boletse fa baji-bareki ba tlhoka go tlhabololwa ka ba ... | 3 |
Lephata le le tsamaisang ditlhopho la Independent Electoral Commission (IEC) le kopile makhanselara a Palapye go le thusa ka megopolo mabapi le go sekaseka mafelo a ikwadiso le matlhophelo Mogolwane wa ofisi e e tlhophisang mo Palapye, Rre Molatlhegi Baloi a re ofisi ya gagwe e sekaseka mafelo mangwe a botlhophelo go b... | 7 |
Mopalamente wa Moshupa, Rre Mokgweetsi Masisi a re seemo sa go tlhoka go abelwa lefatshe kwa Manyana ga se itumedise. O buile jalo kwa phuthegong ya kgotla kwa Manyana bosheng kwa banni ba ngongoregileng thata ka sebaka se se leele ba sa abelwe ditsha ka gore go santse go dirwa ditlhotlhomiso kwa motseng oo mabapi le g... | 7 |
Mokgatlho wa Red Cross o akgoletswe thuso ya potlako ka nako ya dibetso tsa tlholego kwa Zoroga. Modulasetilo wa komiti ya motse ya Red Cross kwa Zoroga, Rre Kesetselemang Thanke o supile fa lekalana le, le tswa kgakala le ba thusa fa ba wetswe ke seru, a supa gore bosheng ba amogetse dithuso tsa didirisiwa tsa mo lwap... | 6 |
Monna wa dingwaga tse di fa gare ga masome mararo le botlhano le masome mane o tlhokafetse morago ga koloi e a nneng a tsamaya ka yone e pitikologe mo tseleng ya Ghanzi le D’kar ka Matlhatso ka nako ya bongwe motshegare. Mo potsolosong le BOPA, Superitedent Modiro Lekone a re monna yoo o ne a tswa kwa D’kar a ya Ghanzi... | 2 |
E ne ya re bosheng maloko a kereke ya Galalea go tswa mo mafelong a a farologaneng a lefatshe leno ba bo ba kgobakanetse kwa Tshidilamolomo go abela bana ba le lesome le boferabobedi ba masiela le ba bangwe ba ba tlhokileng lesego mo botshelong jaaka ba ba tshelang ka bogole gammogo le bagodi dikobo, melora le dijo. Fa... | 8 |
Barui ba Kang mo kgaolong ya Kgalagadi Bokone ba lela sa ga Ragele ka magodu a dikgomo a tsentse lesukuru, ba tswala masaka a bone ka matlhaku. Seo se builwe ke Kgosi Basadi Seipone mo potsolotsong le BOPA, jaaka a ne a tlhalosa fa ba tshwentswe ke go gola ga dipalo tsa bogodu jwa leruo, segolo bogolo dikgomo.. “Magodu... | 1 |
Tona wa botsogo, Mme Dorcas Makgato, a re o tla a leka ka bojotlhe go tokafatsa seemo sa tlhaelo ya dipilisi tsa madi a matona mo dikokelong le dikokelwana. Fa a bua kwa diphuthegong tsa kgotla kwa kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami bosheng, Mme Makgato o boletse fa kgang ya tlhaelo ya dipilisi e tshwenya fela thata mme e... | 6 |
Mokhanselara wa Boyei kwa Maun, Rre Ntlogelang Kebonyekgotla, o ikuetse mo bagwebing ba ba tona go thusa ba ba botlana ka madi gore ba kgone go godisa dikgwebo tsa bone. O buile jalo ka letsatsi la ditshupo tsa bagwebi ba ba botlana kwa Maun. Rre Kebonyekgotla a re go botlhokwa go dira jalo gore ba kgone go intsha mo l... | 3 |
Bomme ba thapelo ba kereke ya Lontone ba gwetlhilwe go fa baeteledipele ba bone tlotla gore baeteledipele le bone ba tle ba ba neele tlotlo eo. Kgakololo eo, e dirilwe ke Moruti Patience Pheko wa Lontone kwa Ranaka bosheng jaaka a ne a rutuntsha bomme ka botlhokwa jwa boeteledipele mo bokopanong jwa kereke eo jwa bomme... | 8 |
Mapodisi a Mochudi a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone maapeelo a Payless Supermakert a neng a sha a bo a lora ka Labotlhano(Phalane a tlhola lesome le borobabongwe). Mo potsolotsong, Assistant Superintendent Wazha Zambezi a re tiragalo e, e digaretse mo mosong Phalane a tlhola lesome le borobabongwe fa babereki ba bu... | 2 |
Moitseanape wa dijo kwa lephateng la botsogo kwa Palapye, Mme Malebogo Ramaano, a re dijo tse di nang le dikotla di botlhokwa thata mo kgolong ya ngwana. Fa a bua mo potsolotsong morago ga thuto seka puisanyo ya go ruta ka tlhokomelo ya ngwana kwa Palapye bosheng, Mme Ramaano o boletse fa go ja dijo tse di nang le diko... | 6 |
E re ka lefatshe la Botswana le agilwe ka go itirela, Batswana bangwe ba sa ntse ba tsweletse ka mowa oo. E rile fa puso e lemoga gore bontsi jwa Batswana ba eletsa go dira mme ga ba na ditsompelo, ya tla ka mananeo a a itebagantseng le go thusa ba ba eletsang go ikapola lehuma le gone go tokafatsa matshelo a bone. Len... | 3 |
Makhanselara a khansele ya Borwa a kopile puso go simolola go dirisa matshwao a a fitlhelwang mo leruong le le timetseng go latedisa beng ba lone ka jaana mong o a bo a ikwadisitse ka fa molaong gore a kgone go fiwa letshwao. Ba buile jalo mo phuthegong ee tsweletseng ya Khansele eo mo Kanye maabane ba akgela mo tekodi... | 1 |
Lekoko le le ithaopileng go tsamaya le ditoropo le metse ka mabaka a go phutha megopolo mo banning ba Maunatlala ba ba direlang mo mafelong a a farologanyeng, le ne le ile go phutha megopolo kwa moepng wa Orapa ka Laboraro (Motsheganong). Lekoko leo le le eteletsweng pele ke mokhanselara wa Maunatlala, Mme Salome Lesol... | 7 |
Kgosi Abdul Letlamma wa Gakuto a re o lebogela ditlhabololo tse di tsweletseng ka go tla mo motseng wa gagwe ga mmogo le mananeo a banana. O buile jaana mo potsolosong le BOPA, a tlhalosa fa mananeo a banana, bogolo jang a go rua dipodi a atlegile thata ka jaana banana bangwe ba simolotse go rekisetsa ba bangwe mme ba ... | 7 |
Molaodi wa kgaolo potlana ya Palapye, Mme Veronica Rabakane o kopile dikgosi kwa Tswapong go ema nokeng moemedi wa bone wa ntlo ya dikgosi yo mosha, Kgosi Galeakanye Modise wa Sefhare. Fa a bua mo potsolotsong, Mme Rabakane o boletse fa go le maleba gore dikgosi ka go farologana di eme yo ba mo tlhophileng nokeng gore ... | 9 |
Mogolwane wa Botswana Agricultural Marketing Board (BAMB), Rre Edson Woto o gwetlhile balemi ba kgaolo potlana ya Tutume go rekisa thobo ya bone kwa BAMB. Rre Woto o buile jalo mo thuto-puisanyong le balemi kwa Tutume ka Labone. O ne a tlhalosa fa marekisetso a BAMB a diretswe bone morago ga go lemoga fa ba sena kwa ba... | 3 |
Banni ba Tsabong ba boleletswe gore go tlaa agiwa matlhabelo a kgaolo ya Kgalagadi mo motseng wa bone. E rile a bua mo phuthegong ya kgotla ka Laboraro , mogolwane go tswa kwa lephateng la matlhoko a leruo, Rre Samuel Ditiragalo a bolela fa matlhabelo ao a tla a dirisiwa ke banni ba kgaolo ya Kgalagadi ka bophara ka go... | 3 |
Kgosana Motswaodi Diau wa Makwate mo kgaolong-potlana ya Mahalapye o kgothaditse banni ba motse wa gagwe go tsaya botsogo jwa bone ka tlhwaafalo. O ba rotloeditse go nwa dipilisi sentle jaaka ba laetswe ke ba bongaka. Kgosi Diau o buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke ba botsogo bosheng. O ne a ngongo... | 6 |
Ba lephata la thuto ba rotloeditswe go anamisa lenaneo la tiriso ya metsi a a leswe la Grey Water mo dikoleng ka le ka ba thusa go somarela metsi. Mothusa mokwaledi wa lephata la meepo, kgotetso le metsi, Rre Macheng Macheng o buile jaana fa a ne a rolela ba lephata la thuto mmogo le sekole sa Motsumi JSS lenaneo la Gr... | 4 |
E rile bosheng dikereke tsa Sabata kwa Mahalapye tsa kopanela kwa kerekeng e tona ya Mahalapye Central go ipela le go amogela maloko a masha. Fa a amogela batho ba ba neng ba kolobediwa, Moruti Phillimon Aramando, o tlhalositse fa tshwetso e ba e tsereng ya go neela Modimo matshelo a bone e le botlhokwa mme e bile e it... | 8 |
Mookamedi wa mapodisi a Maun o boletse fa bogodu jwa leruo bo sa ba jese di welang mo kgaolong ya gagwe. Superintendent Kenanao Badumetse o tlhalositse mo potsolotsong fa ba sa jesiwe di welang ke dikgang tse beng ba diruiwa ba di tshololang, fa babelaelwa ba sena go tshwarwa. A re ba tsholola dikgang ka mabaka a gore ... | 1 |
Banni ba Lentsweletau mo kgaolong ya Kweneng ba lebogetse puso ka go dira ditlhabololo kwa motseng wa bone ga mmogo le go tokafatsa itsholelo ya bone. Fa a bua mo potsolotsong le Kgosi Motswakhumo a re ditlhabololo tseo di tsile ka nako e e siamemg ka motse o ntse o lebaganwe ke letlhoko la matlo a bodiredi. O tlhalos... | 7 |
Banni ba Nata ba boletse fa ba sa itumedisiwe ke seemo sa kokelwana ya bone ba tlhalosa fa se se dira gore ba seka ba bona dithuso tse di maleba le go thusiwa ka nako.
Fa a tlhalosa moono wa letsatsi la Botsogo Pitso le le neng le tshwaretswe kwa motseng wa Nata bosheng, mothusa mogolwane kwa kokelong ya Gweta, Rre Is... | 6 |
Ditsetlana dingwe tse di ntseng di kgoreletsa bagwebi ba mafatshe a sele mo Botswana di tlaa ntshiwa gore ba wele dibete fa ba le mono. Se se builwe ke tona wa merero ya setshaba, mesepele le bong, Mme Dorcas Makgato kwa diphuthegong tsa kgotla kwa kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami bosheng. A re bagwebi ba nna le letshog... | 3 |
Mapodise a Tati-town a tshegeditse mosadi mongwe wa dingwaga tse di masome mane le borobabongwe mabapi le go rekisa bojalwa mo koloing a se na teseletso. Mo potsolotsong , mookamela mapodise ao, Superintendent Cyprian Magalela a re ba ne ba tshwara mme mongwe ka go rekisa a se na teseletso. Supt Magalela a re fa ba nts... | 1 |
Mopalamente wa Tati Bophirima, Rre Biggie Butale o tlhaloseditse banni ba Sechele fa tsela e e gokaganyang Hubona le Letsholathebe e sa akarediwa mo lenaneong la ditlogamaano tsa ditlhabololo la NDP 11. Rre Butale, yo gape e leng mothusa tona ya botsogo le boitekanelo, o kopile banni ba Sechele go thulanya ditlhogo go ... | 7 |
Banni ba Mmathethe ba sa tswa go amogela ka mogolokwane le bongwe fela ja pelo go busediwa mo setilong ga kgosana ya kgotla ya Goo-Rratebogo kwa motseng oo, Rre Reuben Mosala. Rre Mosala o ne a seegetswe fa thoko mo tirong dingwaga tse nne ke puso ka molato wa go belaesega mo bogodung jwa leruo. E rile a ba rolela kgos... | 7 |
Ratoropo wa Selebi Phikwe, Rre Molosiwa Molosiwa o akgotse tiro e ntle ya sekole se segolwane sa Meepong le ntswa toropo eo e lebanwe ke dikgwetlho. Fa a bua kwa moletlong wa phenyo wa maduo a JC a 2017 a sekole seo kwa Selebi Phikwe gompieno, o boletse gore sekole seo, se dirile go feta jaaka mongwe le mongwe a ne a s... | 4 |
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Mokatse mo kgaolong ya Kgatleng, Mme Itumeleng Phesudi a re komiti eo e gatetse pele mo go tlhabololeng motse wa bone gonne e sale ba tlhophiwa go simolola tiro ngwaga o o fetileng ka Phatwe ga ba ise ba lebe kwa morago bogolo jang ka ba fitlhetse tema e segilwe ke komiti e e ... | 7 |
Bagolo ba ba tlogetseng tiro ka bogodi ba kgaolwana ya Mahalapye Bophirima, mme ba ise ba amogele madi a bagolo ba kopile puso gore le bone ba batla mananeo a puso a ba ka itshetsang ka one. Bagolo ba, ba buile se mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya bone Rre Joseph Molefe ka Labobedi ( Motsheg... | 9 |
Mookamedi wa lephata la thuto wa kgaolo ya Borwa, Rre Acro Maseko o kopile setshaba go ba thusa mo letsholong la go batla mosetsana wa dingwaga tse di lesome le boferabobedi wa kgotla yooraTlagae Kwa Kanye yo o saleng a nyelela ka Labobedi (Ngwanatsele a tlhola gangwe). Rre Maseko o buile se mo potsolotsong le ba lekal... | 1 |
Puso e tshwenngwa ke seemo sa tlhaelo ya madi a mmele. Fa a bua morago ga mogwanto o o neng o rulagantswe ke mokgatlho wa First National Bank Foundation ka Tshipi, mogolwane wa sepodisi kwa Serowe, Superintendent Poloko Oteng o ne a tlhalosa fa go le molemo go bona makalana mangwe a tsibogela seemo se. Superintendent O... | 6 |
Baruti ba dikereke ka go farologana kwa Mochudi ba dumalane go ema nokeng maiteko a puso a go fokotsa kanamo ya bolwetse jwa COVID-19. Baruti ba ne ba dira tsholofetso e kwa bokopanong jwa boeteledipele jwa diphuthego tsa dikereke kwa Mochudi bosheng. Bokopano bo ne bo rularantswe ke modulasetilo wa khansele ya Kgatlen... | 8 |
Botlheba ba tsweletseng ka go araba kopo ya ga Tautona ya go thusa ba ba tlhokileng lesego ba tlaa duelwa ke Rraetsho yo o kwa legodimong. Mafoko a, a builwe ke mopalamente wa kgaolo ya Lerala/Maunatlala, Rre Prince Maele jaaka a ne a bula semmuso ntlo yoora Makgolwane kwa Lerala ka Labotlhano (12/09/2014). Rre Maele o... | 9 |
Banni ba kgotla ya Mpaphadzi kwa Serowe ba rotloeditswe go ipelega ka se se ka thusa puso go isa ditlhabololo tsa lefatshe leno kwa pele. Se se builwe ke Dr Kolaatamo Malefho kwa kgotleng ya Mpaphadzi fa a ne a rolela kgotla eo pompo bosheng. Dr Malefho a re le fa puso e leka go tlhabolola matshelo a Batswana, go tlhok... | 9 |
Mookamedi wa lephata la khiro ya badirelapuso, Rre Cater Morupisi a re dipatlisiso di supa fa badirelapuso ba sa dire go lekanye go ntsha maduo le go isa ditlamelo kwa setshabeng. O tlhalositse se fa a buisa badirelapuso ba kgaolo ya Borwa Botlhaba kwa Ramotswa ka Labobedi, Tlhakole a tlhola malatsi a lesome le borobab... | 7 |
Badiredi ba lephata la tsa pereko le selegae ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba kopilwe go tswelela ba dira tiro ya bone ka manontlhotlho. Fa a buisa badiredi ba lephata leo mo bokopanong jo bo neng bo tshwaretswe kwa Masunga bosheng, tona wa lephata leo, Rre Edwin Batshu o ne a akgola badiredi go bo ba dira tiro ya bone ... | 7 |
Go bolelwa fa lenaneo le le thibelang mogare wa HIV go tswa kwa go mmangwana go ya leseeng le tsweletse sentle kwa kgaolong ya Ghanzi. Mo potsolotsong bosheng, mooki yo mogolwane wa kokelo ya Morama kwa Ghanzi, Mme Godiraone Ramaphoi o tlhalositse fa bomme ba ba itsholofetseng kwa kgaolong ya Ghanzi ba tlhaloganya botl... | 4 |
E re ka Setswana se re 'maruping go a boelwa...' Baikopanyi Choirs Association (BCA) ba bone go tshwanela go tsosolosa serodumo sa mmino wa bakgatla wa dikhwaere kana dikopelo ka go dira moletlo wa Kgatleng Cultural Tourism Festival go simologa Labotlhano go tsena Tshipi. Moletlo o o tlaa bo o akaretsa dikgaisanyo maga... | 0 |
Mogolwane wa koporase ya metsi, Water Utilities Corporation (WUC), Rre Innocent Leonard o tlhaloseditse makhanselara ka mananeo a kgokelo ya metsi kwa Boteti Bokone, Boteti Legare le Boteti Borwa, ga mmogo le tokafatso ya maranyane a metsi mo Letlhakane. Mogolwane wa WUC o tlhalositse jalo kwa tshimolodisong ya khuduth... | 9 |
lick to see more pictures Monna mongwe o tlhokafetse morago ga go tsewa ke noka ya Metsimasweu kwa Serowe maabane(Hirikgong 3) . Mookamela mapodisi a kgaolo ya No 2 District, Senior Superintendent Agreement Mapeu , o boletse mo potsolotsong fa rre yoo, a ne a leka go tlola noka, mme a tsewa ke metsi aa neng a elela ka ... | 2 |
Ditlhwatlhwa tse di kwa tlase tse dikoko tsa Setswana di rekwang ka tsone le madi a baagi ba dihoko tsa tsone ba a duelwang, di kgoreletsa lenaneo la nyeletso lehuma. Ke gone ka moo maphata a ofisi ya ga Tautona le bodirela puso le la temo-thuo a kopilweng go sekaseka ditllhwatlhwa tsa dikoko tsa Setswana. Mogolwane mo... | 9 |
Subsets and Splits
No community queries yet
The top public SQL queries from the community will appear here once available.