text stringlengths 565 8.03k | label int64 0 9 |
|---|---|
Kgosi Tsaxlae Xao wa Grootlagte a re, go lebega Batswana ba le bantsi ba ise ba tlhaloganye gore tekatekanyo ya bong go tewa eng. Kgosi Xao o buile se bosheng kwa Charleshill mo segopotsong sa letsatsi la bomme. O tlhaloseditse morafe o o neng o tsene segopotso gore, tekatekanyo ya bong go tewa go fa borre le bomme seb... | 9 |
Modulasetilo wa khansele potlana ya Letlhakeng o kopile banni ba Letlhakeng go reetsa ditaelo tsa lephata la botsogo le go tsaya boikarabelo jwa go thibela kanano ya mogare wa corona. Rre Meshack Tshenyego a re Batswana ba tshwanetse go itse fa mogare oo o le borai ebile o anama ka bonako jaaka go setse go itshupile mo... | 6 |
Ramapodisi wa kgaolwana yasepodise ya lesome le boraro, Rre Counsel Moyo, o kopile lephata la meepo, kgotetsole metsi go baakanya molawana o o itebagantseng le go epiwa gametlhaba ka o ba ketefaletsa tiro. Rre Moyo o buile seo mo phuthegong ya kgotla e e neng e biditsweke molaodi wa kgaolo-potlana ya Thamaga-Mogoditsha... | 1 |
Mothusa mokwaledi wa khansele ya Kweneng, Mme Baipelelang Photloko, a re lenaneo la thuto gae golelwe le botlhokwa. E rile a bua kwa pulong semmuso ya beke ya baithuti ba lenaneo leo, Mme Photloko a tlhalosa fa lenaneo le le le botlhokwa fela thata ka le ruta ditiro tse di farologaneng tsa diatla, e seng go bala le go ... | 4 |
Barui ba meraka ya Maope kwa kgaolong ya legare ba simolodisetse lekgotla la barui le le bidiwang Phirimotho. Fa a tlhalosa ka lekgotla gore le tsile jang, modulasetilo Mme Oganeditse Tumotumo a re ba ne ba sa robadiwe ke magodu bone le maepodisi a Serule. A re seo se ne sa ba ruta go lala paeng ba disitse dikgomo tsa ... | 9 |
Mme Mmandu Odirile, yo e leng motlhoka-pono, o kgothaditse ba-na-le-bogole go ikamogela le go ikemela ka dinao gore ba kgone go fenya dikgwetlho tse di ba aparetseng. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Odirile yo e leng mongwe wa bagwebi ba ba botlana ba mekgwatlha kwa Palapye a re ba-na-le-bogole ba feletsa ba amiw... | 3 |
Dikereke di supile seabe se setona mo tlhabololong ya lefatshe e bile ke tsone di dirileng gore go rene kagiso le thokgamo mo Botswana. Modulasetilo wa khansele potlana ya Tutume, Rre Ishmael Mokgethi o buile se kwa tshupong semmuso ya komiti ya diphuthego tsa dikereke (Ministers Fraternal) kwa Tutume bosheng. A re dik... | 8 |
Modiri wa pele wa lephata la dikitsiso, Mme Lesego Kelediyakgotla, yo a neng a direla kwa Serowe o tlogetse tiro ka bogodi kgwedi e fetileng e ya bokhutlong. Mme Kelediyakgotla yo bakaulengwe ba gagwe ba neng ba mmitsa Lesh, o thapilwe mo lephateng la dikitsiso le seromamowa ka 1985 ele mophephafatsi kwa ofising ya Lob... | 9 |
Mogokaganyi wa mokgatlho wa bomme wa Christian Women Fellowship, Mme Agnes Ncaagae, a re go botlhokwa gore batsadi ba amogele bana ka lerato. Mme Ncaagae o buile jalo kwa phuthegong ya dikereke e e neng e tshwaretswe kwa Mahalapye bosheng. O ne a supa fa ba bone go le botlhokwa go kokoana go tla go rutana le go tlhalos... | 4 |
Mapodise a Kanye a re a tshwere monna yo e rileng bosheng a tshuba ntlo ya mongwe wa losika ba sena go tlhoka kutlwano. Mogolwane wa mapodisi a Kanye, Superintendent Kealositswe Konyana a re, monna yo, o ne a tshuba ntlo e kwa Goora-Seno a bo a inaya naga. Supt Konyana a re, monna yo, o mo diatleng tsa mapodisi mme o t... | 1 |
Mmaboipelego wa kgaolwana ya Madiba kwa Palapye, Mme Godiramang Kgano, a re batho ba ba tshwanetsweng ke go tlhophiwa mo makgotleng a ditlhabololo tsa metse ke ba e leng Batswana ka letso e bile ba itse go bala le go kwala gape ba le dingwaga tse di lesome le boferabobedi go ya kwa godimo. Mme Kgano o buile mafoko a kw... | 7 |
Lephata le le tlhatlhelelang ka tsa tsamaiso ya kgwebo la LEA e ne ya re ka Labotlhano la segofatsa Mme Gakesenewe Keiletswe wa Letlhakeng ka go mo gokelela pompo ya metsi. E rile a amogela baeng kwa modirong oo, Kgosi Tumelo Puleng o ne a tlhalosa fa maiteko a LEA mo kgaolong ya bone e le tiro e ntle thata, mme a ba k... | 9 |
Mopalamente wa Molepolole Borwa, Rre Daniel Kwelagobe a re ba-na-le bogole ba tshwanetse go thusiwa pele ga mongwe le mongwe. Mopalamente a re lenaneo le ke le le ntshitsweng ke puso e bile moono wa lone ke go neela motho yo o tlhaelwang ke ditlamelo go gaisa yo o kgonang. Ke ka moo a neng a supa gore ba na le bogole k... | 7 |
Ke tlwaelo gore fa ngwaga o ya bokhutlong, Batswana bangwe ba iphutlhe metlhala ka go kgaoganya dilwana, madi le go tswa ka megopolo tebang le maikaelelo a go tokafatsa mekgatlho ya bone. E rile bosheng setlhopha sa bomme ba le lesome le bobedi se se bidiwang Re mmogo-Mosadi Thari mo Maun sa bo se le sengwe sa tse di g... | 9 |
Mapodisi a Takatokwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba ne ba diretse bagolo le batlhoki ba Maboane dijo tsa motshegare. E rile a amogela baeng, Kgosi Kaisara Phuthego wa Maboane, a galaletsa mapodisi ka tiro e ntle e ba e dirileng, a supa fa tiro e e ba gwetlha e le morafe wa Maboane gore le bone ba ithute mo go s... | 1 |
Modulasetilo wa Botswana Democratic Party (BDP), Rre Slumber Tsogwane, o kgothaditse maloko a phathi eo go tshwaraganela ipapatso ya ditlhopho tse di tlang. O buile se kwa Toromoja Phukwi a tlhola malatsi a le masome mabedi le bosupa kwa phuthegong ya go supa ntlhopheng wa bokhanselara jwa kgaolo ya Toromoja/Tsienyane ... | 7 |
Ke boammaaruri gore metlhala ya khumo e mentsi. Rre Lentsenye Tshireletso o ka rurifatsa seo, mme ene o itlhophetse go latela metlhala ya khumo ka go dira ka tshipi le senke go tshetsa ba lelwapa la gagwe. Rre Tshireletso wa dingwaga tse di masome a matlhano le boraro wa kgotla ya Mathuba kwa Machaneng, o boletse mo po... | 3 |
Balemi ba Etsha 8 ba itumeletse go tsenyetswa terata ya masimo ka lenaneo la ISPAAD. Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, mongwe wa maloko a mokgatlho wa Tshwaragano Rre Johnson Nashwena o supile fa ba le mo boitumelong jo bogolo thata ebile ba solohetse go bona thobo e e kgolo mono ngwaga. A re e le balemi ba Etsha ba il... | 5 |
Mokhanselara wa Peleng Legare, Rre Monabana Mokganedi a re banni ba Lobatse ga ba tshabe diphetogo, mme ba eletsa go akarediwa mo mererong ya ditsamaiso tse di ba amang. Rre Mokganedi o boletse jaana mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mogokaganyi wa motshine wa ditlhopo, Rre Gabriel Seeletso mo Lobatse ka Mo... | 7 |
Mapodisi a Thamaga a mo patlong ya batho bangwe ba ba tlhorontshang banni ba masimo a Mogononong gaufi le Kumakwane kwa kgaolong ya Kweneng. Mogolwane wa Mapodisi a Thamaga, Superintendent Moses Kwarare, a re sebe sa phiri ke tlhaelo ya bodiredi le ditsompelo jaaka dikoloi. Le fa go ntse jalo, a re ba beile seemo leitl... | 1 |
Kgosi wa Molapabojang mo kgaolong ya borwa o lela sa khuranyo ya meno ka ntlha ya letlhoko le le ntsi la metsi mo motseng wa gagwe. Kgosi Michael Ratsoma o buile seo mo potsolotsong, a tlhalosa fa ba bone metsi la bofelo kgwedi eno e tlhola gabedi. A re seemo seo se ba baya ka fa mosing, a tlhalosa fa bangwe ba baberek... | 5 |
Mothusa Tautona Slumber Tsogwane a re le fa mo nakong eno go se ope yo o tshwerweng ka mogare wa COVID-19, go botlhokwa go monela marulana pele. Fa a buisa maloko a Ntlo ya Dikgosi kwa dikagong tsa Palamente ka Labobedi, Rre Tsogwane o ne a re puso, e eteletswe pele ke baitseanape ba lephata la botsogo le boitekanelo e... | 6 |
Go tlaa agwa dikole tse dipotlana di le tharo mo kgaolong ya Palapye. Go buile jalo Mopalamente Moiseraele Goya yo o neng a buisa phuthego bosheng, o ne a araba ngongora go tswa banning ya gore maduo a bana ba dikole tse dipotlana ga a jese diwelang. Ba re se se dirwa ke gore ba tsaya mesepele e meleele go ya sekoleng.... | 6 |
Banana ba Nata ba tlhoganya sentle puo e e reng phokoje yo o kwa morago dintsa di a bo di mmone. Ka jalo eme ka dinao go dirisa diatla tsa bone go tlola melatswana ya letlhoko la ditirole lehuma. Mongwe wa bana bao, Mme Oaitse Andrise, yo o dingwaga dimasome a mararo le bobedi o tlhalositse fa a akola maduo a kgwebo ya... | 3 |
Mogolwane go tswa kwa lekalaneng la CEDA Rre Andrew Madeswi o kopile batsadi go nna kelotlhoko mo go se bana ba bone ba se ithutang. A re ntswa go na le tsa maranyane tse gantsi baithuti ba di dirisang kwa malwapeng di tshwana le Internet tse di ba thusang mo dithutong, ga go a tshwanela go leselediwa fela. Rre Madeswi... | 4 |
Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Frans van der Westhuizen, o kgothaditse badiri ba khansele ya Bokone Bophirima go atolosa dithuso tse ba di neelang ba ba tlhokileng lesego. O buile se kwa Maun ka Mosupologo fa khansele e ne e abela lelwapa la ga Mme Diana Lemponye dikgetsi tsa samente. Mpho e, e tla morago ga... | 9 |
Lekawana lengwe la dingwaga tse di masome mabedi le boferabongwe la kgotla ya Borakanelo mo Tsabong le ikaleditse. Se se tlhomamisitswe ke mookamela mapodise a Tsabong Superintendent Howard Modo mo puisanong le ba lekalana la dikgang la BOPA bosheng. Superintendent Modo o ne a tlhalosa fa lekawana leo le le neng le ber... | 2 |
Mopalamente wa Moshupa, Rre Mokgweetsi Masisi o tlhaloseditse banni ba kgotla ya Dibotong ba ba agileng kwa Tshwaane gore puso e tsere tshwetso ya gore ba seka ba thubelwa matlo a bone ke ba kabo ditsha jaaka gone go tlhalositswe pele. Mopalamente Masisi yo o ebileng gape ele tona wa Ofisi ya ga Tautona le Bodirela Pus... | 7 |
Batswana ba kopilwe go tsena diphuthego tsa kgotla ka jaana go le botlhokwa go rerisana ka dikgang tse di amang motse le go utlwa ka mananeo a puso. Kgosi ya Mokatse kwa kgaolong ya Kgatleng, Rre Mmileng o boletse fa a tshwenngwa ke gore Batswana ba ntse moriti o tsididi fa go tla mo go tseneng diphuthego tsa kgotla mm... | 9 |
Monana mongwe kwa Makaleng, yo o itshetsang ka go dira dilwana tsa ntlo tse di akaretsang ditafole le mabeelo a diaparo, o rotloeditse banana go inaakanya le dikolo tsa ithutelo ditiro tsa diatla. A re seno ke ka gore kamoso ba bo ba kgona go itshetsa ka go itirela ka diatla tsa bone go na le go sokola ba tshelela mo l... | 3 |
E re le ntswa koporase ya metsi ya Water Utilities (WUC) e tshwaragane le namane e tona ya tiro ya go siela setshaba metsi, fela go a itumedisa go bo e santse e ngaparetse mowa wa yone wa go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. Koporasi eo, e rurifaditse seo kgwedi eno e le lesome le boferabongwe jaaka ba lekal... | 9 |
Mapodise a Palapye a tlhotlhomisa tiragalo emo go yone Kgosi Daniel Mosarwe wa Mogome mo kgaolong ya Legare a neng a tlhokafala morago ga go thulwa ke koloi kwa Radisele. A re moswi o diragaletswe ke kotsi eo gaufi le madirelo a Tshephang fa ane atswa go reka leokwane la koloi kwa Palapye ka nako ya bosupa mo maitseboe... | 1 |
Mothusa tona wa thuto le tlhabololo dikitso, Rre Moiseraele Goya, o ikuetse mo Batswaneng gore ba tswelele ka go neela ba bangwe seriti ka go ba neela tse ba di tlhokang gore le bone ba ikutlwe e le bontlha bongwe jwa setshaba. Mothusa tona o buile jalo fa a ne a bula semmuso ntlo ya di kamore tse tlhano kwa kgotleng y... | 9 |
Kgosikgolo ya Batlokwa, Kgosi Puso, a re o ipeetse seelo sa go tshwara diphuthego mo dikgotlaneng di le nne ngwaga le ngwaga, go lekodisa morafe wa gagwe ka seemo sa ditlhabololo, le go gakololana ka tse di ka dirwang. Kgosi o buile se, fa a ne a lekola morafe wa gagwe mo kgotleng ya Thethe kwa Tlokweng, ka Matlhatso, ... | 7 |
Banni ba Tobane le Tshokwe mo kgaolong ya Mmadinare ba lela ka bogodu jwa leruo jo bo tsereng phekelo e sele. Se se builwe ke Kgosi Nametsegang Motlhasedi kwa Kgotleng ya Tobane beke e e fitileng fa a ne a amogela mopalamente wa kgaolo ya Mmadinare, Rre Kefentse Mzwinila. A re motse wa Tobane o gola ka bofefo mme ga o ... | 1 |
lick to see more pictures Morago ga go bala polelo ka sethunya sa mmadihôlo mo pampiring ya Dikgang ya DailyNews, bakanoki ba tsa temo thuo ba ne ba tsibogela go dira dipatlisiso ka sethunya seo se barui ba bolelang fa sena le dikotla mo leruong. Fa a bua mo potsolotsong ka Matlhatso, Mogolwane wa dipatlisiso tsa temo ... | 9 |
Mothusa mogokgo wa sekolo se segolwane sa Linchwe II, Mme Oteng Phatshwane o kopile batsadi go nna ba iponatsa mo sekolong go lekola gore bana ba dira jang mo dithutong tsa bone. Mme Phatshwane o buile seo kwa phuthegong ya batsadi, barutabana le bana ba ba dirang mophato wa boraro gone kwa sekolong seo bosheng. Mothus... | 4 |
Ba kgaolwana ya SELEBO mo Selebi Phikwe ba ne ba abela dikole tsa Joseph Anderson, St Peters go tswa Mmadinare le sa Lepokole dimpho di akaretsa didirisiwa tsa go roka,go tlhapa le tsa thuto. Go ya ka Mme Evelyn Thomas, ba ne ba bona go le botlhokwa go abela dikolo tseo ka di na le bana ba ba nang le bogole ka go supaf... | 4 |
Batswana ba le 444 ba latlhegetswe ke matshelo ka ngwaga wa 2017 ntateng ya dikotsi tsa tsela. Mopalamente wa Lentsweletau/Mmopane Rre Vincent Seretse o buile jaana bosheng kwa thapedisong ya tsela ya Kopong/ Metsimotlhabe kwa Kopong, a tlhalosa fa tsela eo e tlhokana le thapediso. “Mo lokwalong lwa ga Timony go kwadil... | 2 |
Mogolwane kwa lephateng la National Food Technology Research Centre (NFTRC), Mme Boitumelo Motswagole o rotloeditse batho go itshidila mmele ka go le botlhokwa go hema malwetse a a sa tshelanweng. Fa a buisa bagolo kwa DML Wellness Centre kwa Kanye bosheng, a re malwetse a a sa tshelanweng a diphatsa ka fa a tsena moth... | 6 |
Go tlhoka mokwaledi (Court clerk) kwa kgotleng ya motse Mabuo mo kgaolong ya Serowe go beile banni ka fa mosing. Matshwenyego a a supilwe ke modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse o, Rre Golathwamang Orakanye mo puthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Tona wa merero le tirisanyo ya mafatshe a sele, Dr Pelon... | 9 |
Mapodisi a Takatokwane ga a jesiwe di welang ke go runya ga dikgang tsa dipolaano tse go belaelwang ele tsa marato tse mo go tsone go bolailweng basadi ba le babedi ga gobala bale babedi magareng ga malatsi a keresemose le ngwaga o mosha. Mogolwane wa mapodisi a Takatokwane Superintendent Ocean Maraganyane a re mosadi ... | 2 |
Mopalamente wa Palapye, Rre Moiseraela Goya o kopile batsadi ba Palapye go emela thuto ya bana ba bone ka dinao. A re ke yone e ka thusang lefatshe leno go goroga kwa phadisanong ya mafatshe. O buile jaana mo phuthegong e a neng a e bileditse batsadi go ya go bua ka maduo a dikole tsa Palapye kwa kgotleng ya Palapye. A... | 4 |
Mokwaledi mogolo wa ga Tautona, Rre Carter Morupisi a re go a itumedisa go bona Batswana ba tsibogela mowa wa go aba le wa boithaopo. Rre Morupisi, yo e leng morotloetsi wa sekole se sebotlana sa Moroka kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, o buile jalo a rolela morafe wa Moroka didirisiwa tsa kago le dithuso tse dingwe ka ... | 9 |
Banni ba Ramotlabaki ba ne ba tshwere moletlo wa go ipelela peo ya kgosi ya bone. Fa a bua kwa moletlong wa go ipelela peo ya kgosi ya motse oo bosheng, Kgosi Michael Balebetse wa Mmathubudukwane o ne a supa fa go bereka ba le seopo sengwe e le morafe e le gone fela go ka tlhabololang motse wa bone. Kgosi Balebetse o n... | 9 |
Banni ba motse wa Khwee ba rotloeditswe go nwa moro mananeo a puso le thuso epe fela e tswang mo dikomponeng le batho ka bongwe ka bongwe, ka go somarela se ba se abetsweng. Kgakololo e e ntshitswe ke mothusa tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Matshelo a Batho Ba Ba Mo Mafelong a Kgakala le Ditlamelo, Mme Botlogile Tshirel... | 9 |
Makhanselara a kgaolo potlana ya Boteti ba lela ka tlhaelo le go tsisiwa ga dijo mo dikolong tse di potlana le tse dikgolwane, seemo se ba reng se dira gore bana ba ba nnang mo dikoleng ba ngwege. Ba ntshitse selelo se sa bone kwa phuthegong ya dipuisano tsa khansele potlana ya Boteti bosheng kwa Letlhakane ,ba supa fa... | 4 |
Mafatshe a Botswana le Zimbabwe a dumalane gore kgoro ya molelwane ya Mabolwe/Mlambaphele e simolole go agwa e bo e bulwe ka bofefo. Se, se dumelwane ke botona ba selegae ba mafatshe oo mabedi fa ba ne ba etetse lefelo le kgoro ya molelwane e tlaa agiwang teng. Mookamela lephata la dipasa le mesepele wa lefatshe la Zim... | 7 |
Mopalamente wa Kanye Borwa, Rre Abram Kesupile, o sa tswa go dumalana gore banana ba ba ntseng ba tlhakaladitse ba tlhorontsha batho ka go ba gobatsa le go ba utswela mo Kanye ba ipitsa Matsayakankane ba lelelwe ke moretlwa. O buile jalo fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa kgotleng ya Mongala mo Kanye ka Labone. O d... | 1 |
Barui ba kgaolo ya Ramotlabaki le Phalakampa ba lela sa ga ragele ka leruo la bone le le tseneng ka gare itse la ba la nyelelela mo dipolaseng tse di mabapi le bone. E rile barui ba kgaolo eo ba bua mo phuthegong ya barui kwa Ramotlabaki ka Labone, ba supa fa leruo la bone le tlolela kwa kgaolong ya Legare fa lengwe le... | 9 |
Banana kwa Lentsweletau mo kgaolong ya Kweneng ba kaile fa go na le tlhaelo ya didirisiwa kwa ofising ya bone. Ba ntshitse matshwenyego ao kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke motshwarelela tona mo ofising ya banana, metshameko le ngwao, Rre Vincent Seretse kwa motseng oo bosheng. Mongwe wa banana, Rre Thebeyame Molefe... | 9 |
Makhanselara a kgaolwana-potlana ya East mo Ghanzi ba ngongoregile ka tiego ya ditlhabololo tse di tshwanetseng go dirwa ka lenaneo la madi a dikgaolwana tsa botlhophi. Makhanselara a ntshitse ngongorego eo fa ba ne ba akgela mo pegong ya komiti ya ditlhabololo tsa kgaolo mo phuthegong ya khansele potlana ya East boshe... | 3 |
Mapodise a Mahalapye a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe wa kgotla ya Tshikinyega kwa Mahalapye a fitlhetsweng a tlhokafetse. Monna yoo, go bolelwa a emeletse mo lwapeng kgwedi eno ya Moranang e le lesome le botlhano mo mosong, a kaya fa a ya go batla dilwana tse a di rekisang mo semausung sa gagwe kwa m... | 2 |
Thulaganyo ya go godisa sekole sa Mahupu kwa Takatokwane go nna sengwe sa tse dikgolwane e tsweletse sentle mme go solofetswe gore sekole seo se amogele e le la ntlha baithuti ba mophato wa bone ngwaga o o tlang. Seo se tlhomamisitswe kemogolwane mo ofising ya thuto kwa Letlhakeng, Rre Ndineni Mbuso jaaka a ne alekodis... | 4 |
Kgosi Piet Raditlhong wa Diagane kwa Mogoditshane o lela ka dikgang tsa borukutlhi jwa go kgothosa le go thuba matlo mo go golelang pele. Kgosi Raditlhong o boletse mo potsolotsong fa kgotlana ya gagwe e tsweletse ka go amogela dikgang tsa borukutlhi jwa go kgothosa batho mo mebileng A re batho ba tshabelelwa ke go kgo... | 1 |
Batho ba Matlapana mo kgaolong ya Maun, ba lebogetse leeto la tona wa tsa pereko le selegae Rre Edwin Batsu ba re le ba butse matlho ka dikgang tse a neng a di ba baya pele. Ba buile jalo kwa kgotleng ya motse oo kwa tona a neng a buisa phuthego teng beke eno. Rre Olopeng Dobe a re tona o ba neetse mafoko a mantle that... | 9 |
Mothusa mmatoropo wa Lobatse, Rre Francis Mokwena a re boikarabelo jwa go ruta bana bo na le maduo. Rre Mokwena o buile jalo kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la barutabana kwa Lobatse Seetebosigo a tlhola gangwe. O tlhalositse fa barutabana ba lebanwe ke dikgwetlho jaaka go aga tshaba ya lefatshe le isago ya bana l... | 4 |
Mogolwane wa mapodisi a Orapa Superintendent Kabo Badirwang a re le mororo banni ba kgaolo ya gagwe ba ne ba itshwere sentle ka malatsi a keresemose le ngwaga o mosha mme ba gatisitse melato e mebotlana. Superintendent Badirwang o boletse gore ba gatisitse melato ya batho ba ba nwelang bojalwa mo mekgwatheng ba le leso... | 1 |
Bagodi ba Francistown le mafelo a a gaufi le toropo eo ba ba amogelang madi a tandabala kwa posong ya Francistown, ba opetse ba mokgatlho wa Maranatha Help Centre legofi ka thuso e ba e ba fang, ya go ba isetsa dijo kwa posong. Mongwe wa bagodi bao, Rre Ontiretse Montsho a re o itumela thata ka tiro e ntle e e dirwang ... | 9 |
Badiri ba lephata la dikoloi (Central Transport Organisation) kwa Tutume ba abetse balwetse ba kokelo-potlana ya Tutume merogo. Modulasetilo wa komiti ya botsogo mo lephateng leo, Rre Itireleng Mapondo a re merogo eo ba ne ba e lema gore ba tle ba e je ka ebile ba botsogo ba rotloetsa batho go ja merogo go oketsa dikot... | 6 |
Banni ba Masingwaneng kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ba re ga robatswe ke ditholo tse di uputsang masimo a bone. E rile ba bua kwa phuthegong ya kgotla e neng e buisiwa ke mopalamente wa Tati Bophirima, Rre Biggie Butale bosheng, ba tlhalosa fa ba ne ba lemile mo go kgathisang mme e ne ya re dijwalo di gola ditholo ts... | 9 |
Kgosi Kgabosetso Mosielele wa Moshupa o tlhalositse fa boikokobetso le bopelotelele e le magata mmogo mo bogosing. O buile seo fa go tlhongwa kgosi wa tetlanyo, Rre Diseko Banyatsang, wa kgotla ya Marannye kwa Moshupa bosheng. E rile Kgosi Mosielele a baya Kgosi Banyatsang lefoko pele, a mo rotloetsa go tsamaisa tiro y... | 2 |
Moeteledipele wa kereke ya Keresete Motswedi Catholic, Bishop Valentine Seane o kopile balatedi ba kereke eo mo Kgalagadi Borwa ggo rapela ka thapelo e le yone makgonatshotlhe mo tharabololong ya dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo botshelong. Bishop Seane o buile se mo pulong semmuso ya lefelo la Grotto le tlhomami... | 8 |
Banni ba motse wa Kedia mo kgaolong potlana ya Boteti ba lebogela mananeo a puso, a a karetsa Ipelegeng, matlo a batlhoki ale matlhano, matlwana a boitiketso mo kgotleng a le mabedi le mananeo a mangwe a a tsweletseng a dirwa. Ba buile jalo kwa phuthegong ya kgotla ee neng e buisiwa ke Tona wa Dikgaolo Le Tlhabololo Ma... | 9 |
Mothusa tona wa pele, Rre Pelokgale Seloma o bolokilwe kwa Pilikwe ka Tshipi. Rre Seloma e ne gape a kile a nna mopalamente wa Tswapong Borwa le go nna moemedi wa lefatshe leno kwa mafatsheng a mangwe. Bo tautona ba pele, Rre Festus Mogae le Sir Ketumile Masire, motsamaisa dipuisano tsa palamente wa pele, Rre Ray Molom... | 9 |
Mopalamente wa Molepolole Borwa, Dr Tlamelo Mmatli, a re lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP le diretswe go tswakanya itsholelo le go tlhabolola matshelo a Batswana. Rre Mmatli, yo a neng a bua mo phuthegong ya kgotla kwa kgaolwaneng ya Lephaleng kwa Molepolole, a re batho ba tshwanetse ba tsaya lenaneo leo ka tlhwaa... | 9 |
Lekalana la thuto ga e golelwe mo Ghanzi le akgoletswe go fa Batswana thuto ka botswerere le bonokopila. Se, se builwe ke moemedi wa lekalana la LEA mo Ghanzi Rre Mogotsi Morewanare ka Laboraro kwa moletlong wa go ipelela beke ya go bala le go kwala. Rre Morewanare o ne a gakolola baithuti gore e re fa ba ipelela beke ... | 4 |
Banni ba kgotla ya Magapatona kwa Tutume ba kopilwe go kwadisa bana ba bone go nna le Omang fa dingwaga tsa bone di setse di letla gore ba ka tsaya Omang. Fa a buisa phuthego kwa kgotleng, Kgosi Mpelo Magapatona o tlhalositse fa batsadi ka bontsi ba santse ba saletse kwa morago mo go kwadisetseng bana go tsaya Omang. O... | 1 |
Mothusa kgosi wa motse wa Letlhakeng, Kgosi Tumelo Puleng, o kopile dikgosi tsa kgaolo ya Letlhakeng go lwantsha kgokgontsho ya bong e e kekelang mo kgaolong ya bone. O buile jaana kwa thuto- puisanyong ya kgokgontsho ya bomme le bana kwa Letlhakeng ka Labobedi, e e neng e rulagantswe ke ba ofisi ya Bong. Kgosi Puleng ... | 1 |
Motlhokomedi wa polase e e tshwaraganetsweng ke puso le morafe wa Inalegolo le Phuduhudu, Rre Tsatsa Disane a re ba dirile maiteko a a tsepameng go tlhabolola polase eo. Fa a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng, Rre Disane a re polase e e tswa kgakala e tshegeditse matshelo a banni ba metse e ka bobedi, ka jalo a re ba... | 9 |
Banana ba Mmadinare, Sefhophe, Tobane, Robelela, Damochojenaa le Tshokwe kwa kgaolong ya Mmadinare ba kopilwe go tswa ka megopolo e ba bonang e ka tokafatsa mananeo a ba a neelwang. Mopalamente wa Mmadinare e bile e le mothusa tona wa lephata la banana le ngwao, Rre Kefentse Mzwinila o buile jaana kwa moletlong o o nen... | 9 |
Mapodisi a Tutume a tlhotlhomisa kotsi e mo go yone monna mongwe a neng a bona dikgobalo tse di masisi kwa Makuta mo tseleng ya Tutume/Francistown bosheng. Mogolwane wa mapodisi a pharakano kwa Tutume, Assistant Superintendent Amos Kurusa, o boletse fa monna yoo, wa dingwaga tse di masome mararo le bosupa a ne a latlhe... | 7 |
E re le ntswa mo nakong ya gompieno ngwao e setse e nyelela ka bonya ka bonya, mabutswapele mangwe one a santse a e tshegeditse. Rre Tuelo Mmereki yo o dingwaga di masome marataro le botlhano ke mongwe wa mabutswapele ba ba santseng ba tshwere ngwao ya go suga le go sega matlalo. Rre Mmereki o tlhalositse mo potsolotso... | 0 |
Banni ba Ditshegwane mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng ba ngongoregetse go kgaolwa ga metsi ke koporase ya metsi ya Water Utilities Corporation ntle le therisano. E rile fa ba bua mo potsolotsong bosheng morago ga gore motse oo o tlhoke metsi letsatsi lotlhe, mongwe wa ba ba kgaoletsweng metsi, Mme Ditebatso Kopore a t... | 9 |
Morui wa Tati Siding, Rre Parkie Pius a re go jesa loruo ke nngwe ntlha ya botlhokwa go le tlhokomela. Mo potsolotsong, morui yoo, yo e leng mongwe wa barui ba popota, o tlhalositse fa go jesa loruo go thusa thata gore ka dinako tsa leuba loruo le bo le le mo seemong sa go ka kgona go itepatepanya le manokonoko a leuba... | 3 |
Mookamela mapodisi a Takatokwane mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng Superintendent Ocean Maraganyane o supile fa kgaolo ya Kweneng e le nngwe ya dikgaolo tse di amilweng bobe ke bogodu jwa leruo. E rile a bua mo potsolosong bosheng, Superintendent Maraganyane o supile fa ba tshwentswe ke dipalo tse di golang ngwaga le n... | 1 |
Moemedi wa Ntlo ya Dikgosi wa kgaolo ya Letlhakeng Kgosi Itsoseng Gaoonwe a re Ntlo ya Dikgosi e na le seabe se segolo mo tsamaisong ya merero ya lefatshe le puso ya batho ka batho. A re go ntse jalo ka dikgosi di eteletse merafe pele ka jalo ba itse tsotlhe tse Batswana ba di tlhokang. O buile jaana mo potsolotsong le... | 7 |
Mo maitekong a go itepatepanya le dikgwetlho tsa dikotsi tsa tsela tse di yang magoletsa, ba lephata la Motor Vehicle Accident Fund ba ne ba tshwara ithutuntsho le baagi ba Bobonong go ba itsise ka ditlamelo tse ba di neelang batswa setlhabelo mo dikotsing tsa tsela. Fa a bua kwa ithutuntshong eo bosheng, leloko la khu... | 2 |
Mopalamente wa Mmadinare, Rre Kefentse Mzwinila, o ne a kopane le ditlhogo tsa maphata a puso go buisana ka seemo sa kgaolo. Fa a ntsha pego ya lenaneo la nyeletso lehuma, Rre Gwisani Tubute, yo e leng mogolwane wa tsa ditlhabololo tsa motse a re ba leka go fefosa go sekaseka ba ba lebanweng ke thuso ya lenaneo le mme ... | 7 |
Kgosi Basadi Seipone wa Kang a re fa thuto e tsewa ka tlhwaafalo e ka ntsha maduo a a molemo. Kgosi Seipone o buile se ka Labotlhano (Phalane a supa) kwa kamogelong dietseele tsa bana ba sekole sa tiro ya diatla kwa Kang. Kgosi Seipone a re fa moithuti a reetsa ditaelo tsa batlhatlheleladithuto le batsadi ebile a ithut... | 4 |
Bagakolodi ba tsa kgwebo kwa Local Enterprise Authority ( LEA) kwa Masunga ba boloditse letsholo go rutuntsha setshaba ka ditirelo tsa bone,. Maikaelelo a letsholo le ke go thusa go nonotsha dikgwebo. E re ka puso le yone e itlamile go ema bagwebi nokeng ka mananeo a nyeletso lehuma le a banana, LEA e itlamile go bona ... | 3 |
Modulasetilo wa khansele ya Ghanzi, Rre Douglas Tlharese a re ngwaga o o fetileng go dirisitswe P220 million go reka merogo kwa mafatsheng a mangwe ka jalo Batswana ba tshwanetse go ema ka dinao go tokafatsa temo ya merogo. Rre Tlharese o buile jalo fa a simolodisa ka fa mokgweng letsatsi la temo ya masingwana a merog... | 3 |
Ga gona selo se se itumedisang se ba se tlatsa pelo ka boitumelo jaaka go amogela mpho go tswa mo mothong yo mongwe e bile o sa e solofela. Bana ba sekolo sa Linchwe ba ba tshelang ka bogole kwa Mochudi ba ne ba segofadiwa ka dimpho tsa dibuka le melora go tswa mo khamphaning ya Spar mo Mochudi. E rile mongwe wa bagolw... | 4 |
Batsadi kwa Letlhakeng mo kgaolong ya Kweneng, ba ngongoregela tsamaiso ya sekole se segolwane sa Matsha, se se kwa motseng wa Kang. Ba ntshitse matshwenyego a bone mo phuthegong ya kgotla e e neng e rulagantswe ke barutabana ba sekole seo ka moono wa go rerisana le batsadi go tlhabolola boleng jwa thuto. Batsadi ba tl... | 4 |
Kgosi Galekganelwe Keikelame wa Mogorosi kwa kgaolong ya Legare o ikuetse mo go beng ba leruo le balemi go nna le tirisano mmogo segolo bogolo ka nako ya temo. Kgosi Keikelame o dirile boikuelo joo bosheng mo potsolotsong. O ne a tlhalosa fa ba tshwenngwa ke dipego tsa tshenyo ya leruo kwa masimong. A re mo nakong eno ... | 3 |
Moanamisa mafoko wa sepodisi sa Botswana, Assistant Commissioner Dipheko Motube, a re mapodisi a tshwenngwa ke dipalo tse di golelang pele tsa batho ba ba kgweetsang ba sena diteseletso tsa go kgweetsa e bile ba itshietse nnotagi. Mo potsolosong bosheng, Rre Motube, o boletse fa seemo sa dikotsi se tshwenya ka malatsi ... | 2 |
E re jaaka motse wa Palapye o tsweletse ka go tlhabologa, dikgang tsa mohiri le mohiriwa le tsone di golela pele. Banni ba Palapye ba supile fa se se sa ba jese diwelang ka Batswana ba jewa ntsoma ntswa dikompone tse di mo motseng oo di duelwa ke puso. Fa ba bua mo phuthegong ya kgotla, e e neng e tshwerwe ke tona wa p... | 9 |
Mokhanselara wa Leralal/Maunatlala, Mme Malebogo Phuthego a re tshwaragano ya setshaba le puso e ka thusa mo ntweng kgatlhanong le bolwetse jwa kgotlholo e tona. Fa a bua mo potsolosong morago ga letsatsi le le neng le rulagantswe ke lekgotla la tsamaiso botsogo mo Palapye (DHMT) le maikaelelo a lone e neng e le go sek... | 4 |
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mosinki gaufi le Molepolole, Mme Tebalo Nchoko a re banni ba koo ba lebogela go menagane lenaneo la go isetsa bana ba bone ba babotlana thuto. E rile a bua mo potsolotsong le BOPA, Mme Nchoko a supa fa mo lebakeng le leleele bana bangwe ba koo ba ne ba tlhoka go akola... | 7 |
Mme Maipelo Samarabi le ba lelwapa la gagwe ba amogetse keresemose pele ga nako, jaaka maphata a Bajebareki (Consumer Affairs), la Dikitsiso (Information Services) le la Kgaso (Broadcasting Services) ba ne ba ba abela dijo, melora le diaparo, ka Labotlhano Sedimonthole a tlhola malatsi a marataro kwa Selokolela, mo kga... | 9 |
Badiri ba lephata la banana, metshameko le ngwao kwa Tutume ba jwadile ditlhare tsa meriti di le lesome le botlhano kwa kgotleng ya Tutume. E rile a simolodisa tiro eo ya go jwala ditlhare kwa kgotleng eo bosheng, mogolwane go tswa ko lephateng leo Mme Reginah Ntlhe a bolela fa mo mananeong a bone a go direla setshaba ... | 0 |
Mokgatlho oo tlhokomelelang malwetse kwa malwapeng wa Otse Home Based Care o itlamile go lwantsha tiriso botlhaswa ya bojalwa le ditagi tse di tsweletseng ka go tsenya matshelo a banana mo diphatseng. Fa a bua mo potsolotsong, mogolwane wa mokgatlho oo, Rre Alfred Ntshonono, o boletse fa e rile ka a 2015 ba dira tumala... | 6 |
Mopalamente wa Nkange,Rre Edwin Batshu yo o bileng e le tona ya pereko le selegae o abetse baithuti ba ba tlhokang ba le lekgolo le masome matlhano le bongwe ba sekole se segolwane sa Tutume McConnell college dikobo di le lekgolo le masome a matlhano le bongwe. Fa a aba dikobo tseo, mo boemong jwa ga Rre Batshu,mokwale... | 4 |
Khansele ya Kgatleng e ntse e tshwaragane le namane e tona ya tiro ya go tima molelo o o neng wa tlhagoga kwa lefelong la matlakala kwa Pilane. Modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Mpho Morolong, a re ga ba itse se se bakileng molelo oo mme ba ne ba ragoga go ya go o tima. E rile a bua mo potsolosong ka Labone, o ... | 2 |
Banni ba masimo a Mmamojewa mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba batla Ipelegeng kwa masimong a bone. Banni ba buile se mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mokhanselara wa kgaolo ya Mantshwabisi bosheng. Ba supile fa ba tsamaya sekgala se se leele go ya go berekela Ipelegeng kwa Mogonono. Mongwe wa banni ba masimo ao, ... | 7 |
Badiri ba puso ba ba dirang le tsa madi go tswa mo maphateng a a farologanyeng mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba rotloeditswe go tshwara madi a puso ka pabalesego go hema seemo sa go nyeletsa madi le tshenyetso setshaba e lefatshe leno le sa e beyeng sebete. Moeteledipele mo ofising ya madi a puso mo Tsabong, Rre Danie... | 7 |
Monana wa kgotla ya Dilaene kwa Mahalapye o galaleditse lenaneo la banana la YDF le a tlhalositseng fa le ne la mo rotloetsa ka madi a a kanang ka dikete di le masome a robabongwe le borobabongwe a dipula go simolola kgwebo ya gagwe ya bodiragatsi. Rre Patrick Ketshabile wa dingwaga tse di masome a mararo le boraro, ar... | 0 |
Kgokgontsho ya ditonki ke tiragalo e e anameng le le lefatshe leno mme ga go na ope yo o iphesang go tsaya kgato kgatlhanong le bosetlhogo jo. E rile fa a bua mo potsolotsong bosheng, kgosi wa Gumare Diteko Salepito a bolela fa se e le kgang e e diragalang malatsi otlhe. O tlhalositse fa tonki e itewa mo go feteletseng... | 9 |
Moemedi wa lefatshe la France, Rre Pierre Voillery, a re go nnile le koketsego ya Batswana ba ba kgatlhegelang go ithuta Sefora. Fa a bua kwa kalosong ya dialogane tsa DELF Junior mo Gaborone bosheng, Rre Voillery a re ngogola, Alliance Francaise Gaborone e kwadisitse baithuti ba le makgolo a mabedi masome a matlhano l... | 4 |
Mookamela Mapodisi a Maun Superintendent Motlhaba Ramaabya a re ba tlhotlhomisa tiragalo e mogo yone rre wa dingwaga tsedi masome marataro le boraro a latlhegetsweng ke botshelo morago ga gore koloi e ba neng ba tsamaya ka yone e pitikologe. Superintendent Ramaabya o ne a tlhalosa fa kotsi eo e dirafetse kgwedi eno e t... | 2 |
Subsets and Splits
No community queries yet
The top public SQL queries from the community will appear here once available.